Jump to content

Mpiima Dorothy Christine

Go tswa ko Wikipedia
Mpiima Dorothy Christine
TsaloPhukwi a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 1959
Ke moUganda
TiroMopolotiki
O itsegi kaPolotiki
SuccessorJudith Babirye
Political partyNational Resistance Movement

Mpiima Dorothy Christine (o o tshotsweng ka Phukwi a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 1959) ke mopalamente wa kwa Uganda o o berekileng mo palamenteng ya borobabongwe ya Uganda.[1] E ne e le moemedi wa phathi ya National Resistance Movement kwa kgaolong ya Buikwe.[1]

Mo palamenteng ya borobabongwe, e ne e le mopalamente wa kgaolo ya Buikwe.[2][3][4] Christine Kasule Mugerwa o ne a pega tsheko kgatlhanong le Mpiima Dorothy a botsolosa ka thuto ya gagwe le go bua maaka ka nako ya letsholo la ditlhopho le go reka batlhophi.[5] Fa Kasule a retelelwa ke go itshupa makgetho a le mararo, tsheko e ne ya tshololwa ke moatlhodi wa nako eo wa pele Justice Monica Mugenyi.[6] Le fa go ntse jalo, tsheko e e tsholotsweng e e ne ya boela kgotlatshekelong gape kwa Jinja.[6]

Ka ngwaga wa 2016, o ne a latlhegelwa ke setilo sa gagwe sa palamente ya lesome kgatlhanong le Judith Babirye.[7] E ne e le morutabana o o nang le thuto ya diploma pele ga a nna mopalamente.[8] Christine o ne a le gareng ga bo ntlhopheng ba National Resistance Movement ba ba neng ba tlhophilwe kwa ditlhophong tsa peo lotlhokwa.[9]

  1. 1 2 "Membership directory". The Uganda Parliamentary Forum on Social Protection. 2019-07-05. Retrieved 2026-05-13
  2. ↑ "Abayimbi ba Ganda Boys batandise kaweefube w'okulinnyisa omutindo gw'emmwaanyi e Buikwe". New Vision. Retrieved 2026-05-13
  3. ↑ "Female faces emerging on the political horizon". Monitor. 2021-01-07. Retrieved 2026-05-13
  4. ↑ "EveryPolitician: Uganda - Parliament - 9th Parliament". EveryPolitician. Retrieved 2026-05-13
  5. ↑ "Court Reinstates Buikwe Woman MP Petition". Uganda Radionetwork. Retrieved 2026-05-13
  6. 1 2 Nambogga, Jackie (20 October 2011). "Uganda: Buikwe District Woman MP Petition Reinstated". AllAfrica. Retrieved 13 May 2026
  7. ↑ TEAM, OBSERVER. "Biggest parliamentary winners, losers revealed". The Observer - Uganda. Retrieved 2026-05-13
  8. ↑ "Hoping to be honourable". The Independent Uganda. 2014-08-03. Retrieved 2026-05-13
  9. ↑ "NRM Electoral Commission has released the list of Nominated Canidates [sic] in 2020 Primaries » Elite News". Elite News. 2020-08-24. Retrieved 2026-05-13