Jump to content

Mpumi Madisa

Go tswa ko Wikipedia

Nompumelelo Thembekile Madisa (o tshotswe ka ngwaga wa 1979), yo o itsegeng jaaka Mpumi Madisa, ke mosadi wa kgwebo wa Aforika Borwa. Ka kgwedi ya Mopitlwe ale boferabobedi(8) ka ngwaga wa 2019, o ne a tlhophiwa go nna CEO wa Bidvest Group, mosadi wa ntlha wa motho montsho le wa mo Aforika go tlhophiwa go nna CEO wa khamphani e e kwa godimo ya Johannesburg Stock Exchange e e mo setlhopheng sa 40,[1][2][3] [4]e bonwang jaaka letshwao la kgatelopele e ntšhwa mo go fetoleng bong mo kgwebong mo Aforika Borwa. [5][6][7]

Botshelo le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Madisa o tsholetswe kwa Mohlakeng, kwa bophirima jwa Gauteng mo Afrika Borwa. O goletse kwa Sebokeng kwa borwa jwa Johannesburg. Ke mongwe wa bana ba le banè. O ne a tsena sekolo sa poraemari le sa sekontari kwa Sancta Maria Junior High le kwa Mondeor High School ka go latelana. O ne a tsweletsa dithuto tsa gagwe kwa Wits University koo a neng a fetola dithuto tsa gagwe go tswa mo go tsa saense go ya go tsa dipalo, dipalopalo le ikonomi. O na le dikirii ya bachelor mo go tsa ikonomi le dipalo, BComm honours degree mo go tsa ikonomi le master's degree mo go tsa madi le dipeeletso, tsotlhe go tswa kwa Wits University.[1][2][8][5][6]

Fela fa a sena go fetsa dithuto tsa gagwe tsa teritiary, o ne a thapiwa ke Hollard Insurance jaaka mothusi wa mmaraka wa moithuti. O ne a dira koo dikgwedi di le lesome le boferabobedi (18) mme morago ga moo a ya go dira kwa Prestige, e leng setlamo se se thusang sa Bidvest se se kgethegileng mo go phepafatseng. Kwa Prestige, o ne a dira jaaka mookamedi wa dikamano le bareki, maemo a a neng a a bopetswe ene le tshimologo ya tiro ya gagwe. Dingwaga di le tharo morago ga moo, o ne a tlogela Prestige go ya go dira mo tirelong ya setšhaba koo a neng a le motsamaisimogolo wa phetogo kwa lefapheng la Gauteng la temothuo le tlhabololo ya metseselegae. Fa a boela kwa Prestige, o ne a direla jaaka motsamaisi wa merero ya khamphane yo o ikarabelelang mo mafapheng a le manè le motsamaisi wa thekiso. Dikgwedi di sekae morago ga moo, o ne a tlhatlosiwa maemo go ya go dira mo setlhopheng mme a tlhomiwa go nna leloko la boto ya Bidvest. Ka kgwedi ya Mopitlwe ale boferabobedi(8) ka ngwaga wa 2019, o ne a nna mosadi wa ntlha go tlhomiwa go nna Motlhankedi-mogolo wa Bidvest Group, maemo a a a tsereng ka botlalo ka kgwedi ya Phukwi ka ngwaga wa 2020.[2][2][5][8][9][10][6]

Dikgele le ditlotla

[fetola | Fetola Motswedi]

Madisa o ne a le mo maemong a bo 94 mo lenaaneng la Fortune la Basadi ba ba Maatla go Gaisa ka ngwaga wa 2023 [2]

Madisa o ne a bidiwa Business Leader of the Year ke Sunday Times ka 2023[11]

Ka ngwaga wa 2023, o ne a le mo maemong a bo 88 mo lenaaneng la Forbes la "Basadi ba le 100 ba ba maatla go gaisa mo lefatsheng"[12]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Madisa o nyetse mme o na le ngwana a le mongwe.[13]

  1. 1 2 "Mpumi Madisa officially appointed as Bidvest's first female CEO". The South African. 8 March 2019. Retrieved 6 November 2019.
  2. 1 2 3 4 5
  3. "Bidvest says Mpumi Madisa will be its next CEO". BusinessLIVE. Retrieved 6 November 2019.
  4. Africa, CNBC (16 May 2019). "How Mpumi Madisa scored top job at Bidvest". CNBC Africa. Retrieved 6 November 2019
  5. 1 2 3 Africa, Forbes. "'I Don't Do Suave'". Retrieved 6 November 2019
  6. 1 2 3 "President congratulates incoming Bidvest's CEO Mpumi Madisa". South Africa Government. 8 March 2019. Retrieved 6 November 2019
  7. "Executive Directors". Bidvest. Retrieved 6 November 2019
  8. 1 2 "Mpumi Madisa – Business Leadership South Africa". Retrieved 6 November 2019
  9. "The logic behind Bidvest". Fin24. 29 July 2019. Retrieved 6 November 2019
  10. "Mpumi Madisa « Africa Strategy Execution Conference". Retrieved 6 November 2019
  11. Venter, Liesl (23 November 2023). "Business Leader of the Year: Mpumi Madisa: Driving force for growth and transformation". Sunday Times. Retrieved 16 November 2023.
  12. "The World's Most Powerful Women 2023". Forbes.