Jump to content

Mulumba Lukoji

Go tswa ko Wikipedia
Crispin Mulumba Lukoji
Tonakgolo wa Zaire
In office
Moranang a rogwa ngwaga wa 1991  Lwetse a le masome mabedi le borobabongwe ngwaga wa 1991
PresidentMobutu Sese Seko
Pele Ga GagweLunda Bululu
Morago Ga GagweÉtienne Tshisekedi
Ka Ga Ena
O tsetsweMopitlo a le malatsi a matlhano ngwaga wa 1943
Kipushi, Belgian Congo
O TlhokafetseMopitlo a le malatsi a mararo ngwaga wa 1997
Johannesburg Aforika Borwa
MokgatlhoPopular Movement of the Revolution

Crispin Mulumba Lukoji (o o tshotsweng ka Mopitlo a le malatsi a matlhano ngwaga wa 1943 a tlhokafala ka Mopitlo a le malatsi a mararo ngwaga wa 1997) e ne e le mopolotiki wa kwa Congo. Ke morutuntshi ka tiro, o nnile tonakgolo wa Zaire ka Moranang a rogwa ngwaga wa 1991 morago ga go ithola marapo ga ga Lunda Bululu. O ne a sa itsege pele ga a tlhophiwa, mme o ne a galalediwa kitso ya gagwe ya itsholelo.[1] Go thapiwa ga gagwe go bonwe e le tsela ya go baka gore baeteledipele ba kganetso,Étienne Tshisekedi le Jean Nguza Karl-i-Bond ba latlhegelwe ke kemo nokeng. Lukoji o ne a okametse bokopano jwa lefatshe jwa Phatwe 1991, bo bo neng jwa baka go dira puso ya batho ka batho. O ne a kgalelwa go nna gaufi thata le tautona Mobutu Sese Seko ka jalo a latlhegelwa ke kemo nokeng ya kganetso ka bofefo. Lukoji o ne a patelediwa go ithola marapo ka Lwetse a le masome mabedi le borobabongwe ngwaga wa 1991 ka nako ya makubukubu a mo gae. O tlhokafetse ka mopitlo a le malatsi a mararo ngwaga wa 1997 kwa Johannesburg.[2]

  1. Kissel, Veronique Remanient Ministeriel Au Zaire Mulumba Lukoji Designe Comme Formateur Le Soir, 15 March 1991 (in French)
  2. Kisangani, E.F.; Bobb, S.F. (2009). Historical Dictionary of the Democratic Republic of the Congo. Scarecrow Press. p. 363. ISBN 9780810863255.