Musa Dube
Musa W. Dube (yo o tshotsweng Phukwi a le masome mabedi le boferabobedi 1964), yo gape a itsiweng ele Musa Wenkosi Dube Shomanah, ke moithutabodumedi wa basadi wa Botswana le Moporofesara wa Tesetamente e Ntšha kwa Sekolong sa Thutabomodimo sa Candler, kwa Yunibesithing ya Emory. O itsege ka tiro ya gagwe ya go ithuta ka baebele ya morago ga bokolone.
Ka ga gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Dube o ne a ithuta Tesetamente e Ntšha kwa Yunibesithing ya Durham ka 1990, pele ga a wetsa PhD ya gagwe kwa Tesetamenteng e Ntšha kwa Yunibesithing ya Vanderbilt ka 1997, koo a neng a okametswe ka fa tlase ga mokanoki wa baebele wa morago ga bokolone e bong Fernando Segovia.[1] E ne e le Moporofesara wa Tesetamente e Ntšha kwa Yunibesithing ya Botswana.[2] Dube o ikopantse le legoro la Sekolo sa Dikerese sa Thutabomodimo ka Letlhafula la 2021 jaaka Moporofesara wa Tesetamente e Ntšha. O kwadile ditiro tsa barutegi tse di fetang makgolo a mabedi le masome a marataro mo tirong ya gagwe yotlhe ya thuto tse di tlhomang mogopolo mo thutabomodimong ya kgololesego ka pono ya leitho la morago ga bokolone.[3]
Dube o ikemiseditse go atamela mokwalo wa baebele go tswa mo leitlhong la morago ga bokolone la basadi. Jaaka moreri yo o sa rutegang mo kerekeng ya Methodist, Dube o rera thutabomodimo ya kgololesego e e ganang go pega basadi molato ka ntlha ya bosula mme e neela ditlhaloso tse disha tsa dikwalo. Dube o dumela gore dipono tsa Bophirima ka ga dikwalo tsa baebele ke tsa botlhogoethata tse di ganang boammaaruri jwa efangele.
Ka 2011, Dube e ne e le moamogedi wa Sekgele sa Humboldt,[4] Ka 2017 e ne e le mofenyi wa Sekgele sa boditšhabatšhaba sa go Ruta Gutenberg.[5] Ka 2018, o ne a abelwa maemo a Doctorate ya Ditumelo ya honoris causa kwa Yunibesithing ya Stellenbosch, Aforika Borwa.[2]
Patlisiso
[fetola | Fetola Motswedi]Maitemogelo a botshelo a ga Dube a ne a dira gore a nne le kgatlhego ya gagwe ya thuto mo ditlhalosong tsa morago ga bokolone tsa basadi tsa dikwalo tsa tumelo. Mo dikarolong tsa Aforika e e kwa Borwa jwa Sahara, Bokeresete bo itsege jaaka bodumedi jo bo sa tshepegeng jo bo tsisitsweng ke bakolone le se se bakileng go tlhoka tshiamiso go le gontsi mo baaging ba mmala. Dube o tsenya Baebele gape mo leitlhong la morago ga bokolone e e rarabololang kgang ya bokolone ntle le go latola Baebele.[6] O amogela kganetsano ya banna le basadi ba Aforika fa go tla mo go amaneng le bodumedi, dipolotiki le maitsholo a a siameng.
Dibuka tsa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]- Dube, Musa W.; Wafula, R. S., eds. (2017). Postcoloniality, Translation, and the Bible in Africa. Wipf and Stock Publishers. ISBN 9781498295147.
- Dube, Musa W.; Mbuvi, Andrew M.; Mbuwayesango, Dora R., eds. (2013). Postcolonial Perspectives in African Biblical Interpretations. Society of Biblical Literature. ISBN 9781589837867.
- Dube, Musa W. (2012). Postcolonial Feminist Interpretation of the Bible. Chalice Press. ISBN 9780827230576.
- Dube, Musa W. (2008). The HIV & AIDS Bible: Selected Essays. University of Scranton Press. ISBN 9781589661141.
- Dube, Musa W. (2001). Other ways of reading: African women and the Bible. Society of Biblical Literature. ISBN 9782825413401.
- West, Gerald O.; Dube, Musa W., eds. (2000). The Bible in Africa: Transactions, Trajectories, and Trends. Brill. ISBN 9789004106277
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Political Theology as Discernment: Keynote Speakers". theo.kuleuven.be. Retrieved 29 May 2019
- 1 2 "Stellenbosch University honours UB professor". University of Botswana. Retrieved 29 May 2019.
- ↑ Hanna, Laurel (1 May 2020). "Musa Dube to Join Faculty in New Testament". Candler School of Theology
- ↑ "Musa Dube". Theology and Religion in Exeter. 18 July 2016. Retrieved 29 May 2019
- ↑ Dube, Musa. "Candler School of Theology". Emory University: Candler School of Theology. Retrieved 12 February 2022
- ↑ Dube, Musa (200). Postcolonial Feminist Interpretation of the Bible. St. Louis, Missouri: Chalice Press. pp. 3–5.