Jump to content

Mutale Nalumango

Go tswa ko Wikipedia

W.K. Mutale Nalumango (o tshotswe ka kgwedi ya Ferikgong e thola bongwe(1) ka ngwaga wa 1955) ke morutabana le mmadipolotiki wa kwa Zambia. Ga jaana o direla jaaka Motlatsa Tautona wa bo lesome le bone (14) wa Zambia, a tlhophilwe mo maemong ao ka kgwedi ya Phatwe ka ngwaga wa 2021. Nalumango ke mosadi wa bobedi fela go nna mo maemong a, a a tsewang e le nngwe ya ditiro tsa botlhokwa tsa sepolotiki mo nageng.[1]

Mutale, yo o belegweng ka ngwaga wa 1955 kwa Kaputa, ke morutabana. O ne a direla jaaka motlatsa-Tautona wa Sekolo sa Sekontari sa Barutabana sa Zambia [2][3][4] pele a tsena mo dipolotiking ka ngwaga wa 2001 mme a tlhophiwa go nna leloko la palamente mo kgaolong ya Kaputa mo ditlhophong tsa kakaretso tsa ngwaga wa 2001 e le moemedi wa Movement for Multi-Party Democracy. [2][3][4][5]

Ka nako ya ga Levy Mwanawasa jaaka Tautona, Nalumango o ne a dira mo maemong a le mmalwa, go akaretsa le go nna Tona ya Badiri le Tshireletso ya Loago le Tona ya Ditirelo tsa Tshedimosetso le Kgaso.[2][3][4]Jaaka Tona ya Tshedimosetso le Tirelo ya Kgaso, ditiro tsa gagwe di tsositse matshwenyego ka kgololosego ya bobegadikgang kwa Zambia morago ga gore mapodisi a tlhasele Richard Sakala's Omega TV morago ga lekwalo le le neng le kwadilwe ke ramolao wa kakaretso wa nako eo, Sunday Nkonde [de] mo a neng a bolela gore seteishene sa thelebišene se ne se dira ka tsela e e seng ka fa molaong mme se tlhoka go tswalwa. [6]

Morago ga go tlhophiwa gape jaaka leloko la palamente ya Kaputa ka ngwaga wa 2006, o ne a emela motlatsa-sebui wa Kokoano Bosetšhaba ya Zambia mme a fenya a sa ganediwe, a nna mosadi wa ntlha go tshwara maemo ao. Mo ditlhophong tsa ngwaga wa 2011 o ne a latlhegelwa ke setilo sa gagwe sa palamente go Maxas Ng'onga wa Patriotic Front. Morago o ne a swetsa go tsenela United Party for National Development koo a neng a tlhophiwa go nna modulasetilo wa mokgatlho wa bosetšhaba ka ngwaga wa 2013, maemo a a neng a a tshwere go fitlha ka kgwedi ya Tlhakole ka ngwaga wa 2021 fa a ne a nna motlatsa moporesidente wa mokgatlho. [7][2][3][4]

Mo ditlhophong tsa kakaretso tsa ngwaga wa 2021, o ne a nna Motlatsa-Moporesitente wa Zambia morago ga gore UPND e fenye ditlhopho tsa boporesitente, [1]a nna mosadi wa bobedi morago ga yo o tlileng pele ga gagwe (Inonge Wina) go tshwara maemo. [2][3][8]

  1. 1 2 "W.K Mutale Nalumango | National Assembly of Zambia". www.parliament.gov.zm. Retrieved 31 March 2022
  2. 1 2 3 4 5 "Zambia: Vice President Mutale Nalumango's modest upbringing should help break stereotypes and the entrenched cycle of female exclusion". The New African Woman. 15 December 2021. Retrieved 27 July 2025
  3. 1 2 3 4 5 "Profiles In Leadership: Mutale Nalumango". Open Zambia. 19 July 2021. Retrieved 27 July 2025.
  4. 1 2 3 4 "ZAMBIA: Mutale Nalumango is the Country's Second Woman Vice President". www.mewc.org. Retrieved 27 July 2025
  5. Tutu, Arnold (4 December 2024). "Vice President NALUMANGO releases Autobiography - ZNBC-Just for you". ZNBC-Just for you. Archived from the original on 30 May 2025. Retrieved 26 July 2025
  6. "Zambia : Richard Sakala wants his TV back". LusakaTimes.com. 21 September 2010. Retrieved 21 May 2021.
  7. "How educated is your local MP?". Retrieved 21 May 2021.
  8. "Zambia's parliament swears in new lawmakers". www.aa.com.tr. Retrieved 27 July 2025.