Jump to content

Mzee Kaukungwa

Go tswa ko Wikipedia
Kaukungua le Motsipe (ANC) kwa Amsterdam, 1981

Simon Hafeni "Mzee" Kaukungwa (o o tshostweng ka Phalane a le malatsi a marataro ngwaga wa 1919, a tlhokafala ka Lwetse a rogwa ngwaga wa 2014) e ne e le mopolotiki wa kwa Namibia le mogaka wa People's Liberation Army of Namibia (PLAN)[1], le leloko la phathi ya SWAPO e simologa.[2] O tsholetswe kwa motseng wa Ohalushu kwa kgaolong ya Ohangwena, kwa Ovamboland. Ka 2012, SWAPO e ne ya bula ofisi kwa Ohalushu ya e bitsa Kaukungwa.

Kaukungua o tsholetswe kwa motseng wa Ohalushu kwa kgaolong ya Ohangwena. E ne e le morwa moruti Nghishidumbi Nghosi Sam Noah Kaukungwa ka -Shangheta le Hifikepunye Rebecca (Mee Nangolo). E ne e le ngwana wa boraro mo lwapeng lwa bana ba le lesome le bobedi. Batsalwa le ene ke Monica Ningaeendunge, Polly Nghoshi, kgosi o o tlhokafetseng Setson Kamati, Naemi Kauna, Steven Shapua, Meriam Silvia Aishe-Oiwa le Helvi Ndapewoshali Nanghelo. O tsene sekolo se sebotlana sa bodiredi sa Ohalushu ka dingwaga tsa 1923 go tsena 1938, a tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa Ongwediva Training College ka 1939.[3]

Mzee Kaukungwa o tlhokafetse a le dingwaga di le masome a robabongwe le bone kwa kokelwaneng ya Ongwediva MediClinic.[4]

  1. Swapo's Struggle for Namibia, 1960–1991: War by Other Means By Lauren Dobell
  2. "War veteran, Mzee Kaukungwa dies at 95". The Villager. 1 September 2014. Archived from the original on 30 October 2019. Retrieved 24 October 2025.
  3. "allAfrica.com: Namibia: 'Mzee' Simeon Kaukungwa: The Legendary Icon of the Liberation Struggle and Unifying Son of the Soil (1919?)". AllAfrica.com. Retrieved 24 October 2025
  4. "Swapo elder Mzee Kaukungua dies". The Namibian. Archived from the original on 7 September 2014. Retrieved 24 October 2025