Jump to content

Nadia Fettah Alaoui

Go tswa ko Wikipedia
Fettah

Nadia Fettah Alaoui (o belegwe ka 1971) ke rakgwebo le mopolotiki wa kwa Morocco. Go tloga ka Phalane 2021, ke Tona ya Ikonomi le Matlotlo mo Kabineteng ya ga Aziz Akhannouch.

Dithutego le botshelo jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

O belegwe ka 1971 kwa Rabat, Morocco. [1] Morago ga go ithuta kwa motseng wa gaabo le go aloga kwa Lycée Dar Essalam, [2] o ne a tsweletsa dithuto tse di kwa godimo tse di neng tsa mo isa kwa École des Hautes Etudes Commerciales de Paris (HEC Paris), kwa Jouy-en-Josas kwa a alogileng teng ka 1997. [3]

Tiro ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 1997, o ne a simolola tiro ya gagwe ya mogakolodi wa kompone ya tlhatlhobo Arthur Andersen kwa Paris. Ka ngwaga wa 2000, o ne a tlhama le go tsamaisa kompone ya sephiri ya tekatekano e e bidiwang Maroc Invest Finances Group. Ka 2005, o ne a tsenela Groupe Saham [fr],[1] mme a nna mo maemong a go nna Motsamaisi wa Tsamaiso wa karolo ya mergers le acquisitions.O ne a dira mo maemong a a farologaneng mo Saham, [5] mme kwa bofelong a nna Mokaedi-Kakaretso wa yone ka 2017. [5] O ne a rola tiro pele a tsaya tiro ya gagwe jaaka Tona ya Ikonomi le Matlotlo mo pusong ya Morocco.

Tiro ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa e sale ka 2019 o ntse a direla jaaka Tona ya Bojanala, Botaki, Dipalangwa tsa Difofane le Ikonomi ya Loago mo Kabineteng ya ga Saadeddine Othmani . [4] O ne a tlhophiwa mo tirong e ka di 7 Diphalane 2021. [4]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

O nyetse mme o na le bana ba le babedi.[ 6]

2018 CEO of the Year kwa African CEO Forum kwa Abidjan[6]

[1] "La nouvelle ministre du Tourisme Nadia Fettah intègre le bureau politique du RNI". Telquel.ma (in French). Retrieved 2021-10-09.

[2] "Nadia Fettah Alaoui - Qui est la nouvelle ministre de tourisme ?". Newstourisme (in French). 2019-10-09. Retrieved 2021-10-09.[permanent dead link]

[3] "Maroc : qui sont les nouveaux ministres en charge des dossiers économiques – Jeune Afrique". JeuneAfrique.com (in French). Retrieved 2021-10-09.

[4] Attaq, Amal El. "First Time in Morocco's History: 7 Women in Power Positions". www.moroccoworldnews.com. Retrieved 2021-10-09.

[5] "Nadia Fettah, Saham – Jeune Afrique". JeuneAfrique.com (in French). Retrieved 2021-10-09.

[6]Yassine. "Biographie de Mme. La Ministre – Ministère du Tourisme, de l'Artisanat, du Transport Aérien et de l'Economie Sociale" (in French). Archived from the original on 2021-10-09. Retrieved 2021-10-09