Jump to content

Nakato Kyabangi Katusiime

Go tswa ko Wikipedia
Nakato Kyabangi Katusiime
TsaloMorule a le masome mabedi le boraro ngwaga wa 1972
Ke moUganda
TiroMopolotiki
Dingwaga tsa a le mo tirong2011 go tsena 2016
O itsegi kaPolotiki
TitleMopalamente wa kgaolo ya Gomba wa mme

Nakato Kyabangi Katusiime (o o tshotsweng ka Morule a le masome mabedi le boraro ngwaga wa 1972) ke mopolotiki wa kwa Uganda le mopalamente wa pele wa kgaolo ya Gomba. E ne e le leloko la mme la palamente ya borobabongwe ya Uganda, a le mo phathing ya National Resistance Movement (NRM).[1] O ne a le gareng ga mapalamente a a neng a fiwa dietsele tsa dingwaga tse di masome matlhano ka Phalane a robabongwe ngwaga wa 2012.[2]

Tiro ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka nako ya ditlhopho tsa 2011 tsa lefatshe, Mme Nakato Kyabangi o ne a fenya kgaolo ya botlhophi ya Gomba, a le mo phathing ya National Resistance Movement. Ka nako ya ditlhopho tsa peo lotlhokwa tsa NRM, Nakato o ne a latlhegelwa kgatlhanong le Nayebale ka ditalama di le dikete di robabongwe, makgolo a mabedi, masome a robabongwe le bosupa fa Nayebale a ne a iponela di le dikete di le masome mabedi le motso, makgolo a robabobedi, masome a mararo le botlhano.[3]

Dikgogakgogano le dikgang tsa molao

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2014, Nakato Kyabangi Katusiime o ne a lebanwa ke ditlamorago tsa semolao ka sekoloto se a neng a se kolota Kenroy Investments (U) Ltd. Sekoloto se e ne e le sa madi a a kanang ka didikadike di le masome a supa le borobabongwe jwa madi a disheleng tsa Uganda (a lekana le di dolara tsa America di le dikete di le masome mabedi le bobedi ka nako eo.) Le ntswa go nnile le dikatlholo tsa kgotlatshekelo kgatlhanong le ene, o ne a seka a duela. Ka jalo, mohama wa tlolo molao wa kgotlatshekelo o ne wa mo lebisa kotlhao ya go ya kgolegelong.[4][5][6]

  1. "EveryPolitician: Uganda - Parliament - 9th Parliament". EveryPolitician. Archived from the original on 2022-10-06. Retrieved 2026-05-12
  2. OCTOBER 9TH 1962 – OCTOBER 9TH 2012 MEMBERS OF PARLIAMENT TO BE AWARDED GOLDEN JUBILEE MEDALS
  3. Administrator (17 February 2016). "List of elected Members of Parliament In 2016". New Vision. Kampala
  4. "Gomba MP jailed over sh79m debt". New Vision. Retrieved 2026-05-12
  5. Sserunjogi, Eriasa Mukiibi. "Ugandan MPs drown in debt". Al Jazeera. Retrieved 2026-05-12
  6. "Would bringing back Constituency Development Fund save MPs?". Monitor. 2021-01-09. Retrieved 2026-05-12