Jump to content

Naledi Pandor

Go tswa ko Wikipedia

Grace Naledi Mandisa Pandor (o pele a neng a fana ka Matthews; a tshotswe ka Morul

Motlotlegi
Naledi Pandor
Pandor ka 2022
Tona wa mafatshe a sele
In office
Motsheganong a le masome mararo ngwaga wa 2019  Seetebosigo a le masome mararo ngwaga wa 2024
PresidentCyril Ramaphosa
DeputyAlvin Botes Candith Mashego-Dlamini
Pele Ga GagweLindiwe Sisulu
Morago Ga GagweRonald Lamola
Tona wa thuto e kgolwane
In office
Tlhakole a le masome mabedi le bosupa ngwaga wa 2018  Motsheganong a le masome mabedi le borobabongwe ngwaga wa 2019
PresidentCyril Ramaphosa
DeputyButi Manamela
Pele Ga GagweHlengiwe Mkhize
Morago Ga GagweBlade Nzimande
Tona wa maranyane le botegeniki
In office
Motsheganong a le masome mabedi le borataro ngwaga wa 2014  Tlhakole a le masome mabedi le borataro ngwaga wa 2018
PresidentJacob Zuma Cyril Ramaphosa
DeputyZanele kaMagwaza-Msibi
Pele Ga GagweDerek Hanekom
Morago Ga GagweMmamoloko Kubayi-Ngubane
Tona wa tsa selegae
In office
Phalane a le malatsi a mabedi ngwaga wa 2012  Motsheganong a le masome mabedi le botlhano ngwaga wa 2014
PresidentJacob Zuma
DeputyFatima Chohan
Tona wa thuto
In office
Motsheganong a le lesome le bobedi ngwaga wa 2004  Motsheganong a le lesome ngw aga wa 2009
Modulasetilo wa bobedi wa khansele ya dikgaolo
In office
Seetebosigo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 1999  Motsheganong a le malatsi a mane ngwaga wa 2004
Ka Ga Ena
O tsetsweGrace Naledi Mandisa Matthews
Morule a le malatsi a supa ngwaga wa 1953
Durban Union of South Africa
MokgatlhoAfrican National Congress
Mo/BakapeloSharif Pandor
Banabana ba bane
Ba lolapaZ.K Matthews Joe Matthews
ThutoUniversity of Swaziland

University of Botswana University of London Stellenbosch University

University of Pretoria

e a le malatsi a supa ngwaga wa 1953) ke mopolotiki wa kwa Aforika Borwa, morutunsthi le moithuti o o berekileng e le tona wa mafatshe a sele go tswa ka 2019 go tsena 2024. O berekile gape e le mopalamente wa African National Congress (ANC) go tswa ka 1994 go tsena 2024.

O tsholetswe kwa Durban, Pandor o feditse sekolo se segolwane kwa Botswana. O ithutetse go nna morutabana, a ruta mo dikolong di le mmalwa le tsa ithutelo ditiro, fa a tsweletse a ithutela di degree tse di farologaneng go tswa mo dikolong tse dikgolwane tsa ithutelo ditiro.[1] Pandor o nnile mopalamente ka 1994.[1] Morago o ne a nna mothusa motlhokomedi mogolo wa ANC ka 1995. O ne a tlhophiwa go nna mothusa modulasetilo wa khanele ya dikgaolo ka 1998 a nna modulasetilo wa yone ka 1999.[1]

O nnile tona e le lantlha ka 2004, morago ga tautona Thabo Mbeki a sena go mo tlhoma tona wa thuto.[2] O ne a nna mo mannong ao le ka puso ya ga Kgalema Motlanthe. Tautona o mosha Jacob Zuma o ne a mmaya mo maemong a tona wa maranyane le botegeniki ka 2009.[3] O berekile mo mameong ao go fitlhelela a tlhomiwa tona wa tsa magae ka 2012.[4] O ne a boela maemo a tona wa maranyane le botegeniki ka 2014 go fitlhelela ka 2018, fa a nna tona wa thuto e kgolwane mo matonenga ntlha a ga tautona Cyril Ramaphosa.[5][6] Morago ga ditlhopho tsa 2019, Pandor o ne a supiwa fa go na le kgonagalo ya gore a nne ntlhopheng wa mothusa tautona wa Aforika Borwa.[7] mme o ne a tlhomiwa tona wa mafatshe a sele.[8] Pandor o ne a emela ditlhopho gape tsa bopalamente ka 2024 mme a retelelwa ke go iponela tlhopho.[9]

Botshelo jwa a le mmotlana le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Grace Naledi Mandisa Matthews o tshotswe ka Morule a le malatsi a supa ngwaga wa 1953 kwa Durban, Natale, e le ngwana wa ga Regina Thelma (o o tlhokafetseng ka 2002) le Joe Matthews (o o tshotsweng ka 1919 a tlhokafala ka 2010), mopolotiki le molweladitshwanelo kgatlhanong le puso ya tlhaolelel,le morwa morutuntshi Z.K Matthews (o o tshostweng ka 1901 a tlhokafala ka 1968).[10][11] O tsene sekolo se sebotlana le se segolwane kwa Botswana. O ne a aloga ka matrc go tswa kwa Gaborone Secondary School. Ka dingwaga tsa 1973 go tsena 1977, o ne a aloga ka setlanakana sa thuto e e tsweletseng le degree go tswa kwa University of Swaziland le University of Botswana ka tatelano.[1] O ne a ya moseja a ya go dira diploma ya thuto le MA degree go stwa kwa University of London ka 1978 go tsena 1979.[1][12]

Pandor o na le diploma ya thuto e kgolwane, tsamaiso le boteledipele go tswa kwa Byrn Mawr Programme ka 1992, morago a ikwadisa kwa Harvard Kennedy School go dira diploma tsa boeteledipele jwa ditlhabololo ka 1997. O dirile MA degree ya diteme kwa University of Stellenbosch ngwaga one oo.[1] Pandor o dirile PhD ya thuto kwa University of Pretoria ka 2019, ka tshekatsheko e e neng e filwe setlhogo sa "boreo jwa phetogo mo thutong e kgolwane mo pusong ya morago ga ya tlhaolele mo Aforika Borwa."[12][13][14]

Tiro ya Borutabana

[fetola | Fetola Motswedi]

Pandor o nnile morutabana kwa Ernest Bevin School kwa London ka 1980. O ne a thapiwa e le morutabana kwa Gaborone go tswa ka 1981 go tsena 1984, le e le morutuntshi kwa Taung College of Education go tswa ka 1984 go tsena 1986. Pandor o berekile e le morutuntshi mogolo ka Sekgoa kwa University of Bophuthatswana go tswa ka 1986 go tsena 1989, le e le morutuntshi-moithuti mo lenaneong la kemo nokeng ya barutuntshi kwa University of Cape Town ka 1989 go tsena 1994[12].

Fa a le kwa University of Bophuthatswana, Pandor o ne a bereka e le modulasetilo wa lekgotla la babereki ka ngwaga wa 1988 go tsena 1990. O ne a thapiwa e le modulasetilo wa komiti ya Kapa Bophirima la komiti ya lefatshe ya thuto ka 1991, a bereka mo maemong a o go fitlhelela 1993. Ka nako eo gape, e ne e le bontlha jwa komiti ya thuto ya Kapa Bophirima.[12]

Fa godimo ga foo, Pandor e ne e le modulasetilo wa lekalana la ANC la Athlone, fa a bereka e le moeteledipele wa lekgotla la Desomond Tutu le letlole la kago ya sekolo sa Kapa Bophirima.[12]

Go tswa ka 1992 go tsena 1995, o ne a bereka e le mothusa moeteledipele wa letlole la dithuso tsa madi tsa dikolo tse dikgolwane. Morago o ne a nna moeteledipele wa letlole leo. E ne e le mothusa modulasetilo wa lekgotla le le kopaneng la thuto ka 1993 go tsena 2001.[12]

E ne e le mogokgo wa Cape Technikon go tswa ka 2002 go tsena 2004. Ka nako eo gape, e ne e le leloko la khansele e e laolang University of Fort Hare.[12]

  1. 1 2 3 4 5 6 "Ministers". Mail & Guardian. 1 December 2005. Retrieved 28 November 2025
  2. "Meet Mbeki's 'delivery' team". IOL. 29 April 2004. Retrieved 28 November 2025
  3. "Jacob Zuma announces cabinet choices". Politicsweb. 10 May 2009. Retrieved 28 November 2025
  4. "Cabinet reshuffle on cards". IOL. 4 October 2012. Retrieved 28 November 2025
  5. Nicolson, Greg (26 May 2014). "Who's Who of the Zuma's new Cabinet". The Daily Maverick. Retrieved 28 November 2025
  6. Hunter, Qaanitah (26 February 2018). "Ramaphosa swings the axe, cuts 13 from Zuma's Cabinet". TimesLIVE. Retrieved 28 November 2025
  7. "Calls mount for SA to appoint female deputy president". eNCA. 23 May 2019. Archived from the original on 10 November 2019. Retrieved 28 November 2025
  8. Du Plessis, Carien (31 May 2019). "Diplomats hail Naledi Pandor's new International Relations job". The Daily Maverick. Retrieved 28 November 2025
  9. Patel, Faizel (7 June 2024). "Several ANC members, including Cele and Pandor, not on parly list". The Citizen.
  10. "Former deputy minister Joe Matthews dies". Mail & Guardian. 19 August 2010.
  11. "Minister Naledi Pandor's father, Joe Matthews, dies". South African Government. Retrieved 28 November 2025
  12. 1 2 3 4 5 6 7 "Higher education's Naledi Pandor caps string of qualifications with doctorate". TimesLIVE. 16 April 2019. Retrieved 28 November 2025
  13. Petersen, Tammy (16 April 2019). "Minister Pandor walks the walk, graduating with PhD in Education". News24. Retrieved 28 November 2025
  14. "LOOK: 'She continues to inspire us': Naledi Pandor awarded PhD". IOL. Pretoria, Gauteng. 16 April 2019. Retrieved 28 November 2025