Jump to content

Nambitha Mpumlwana

Go tswa ko Wikipedia

Nambitha Mpumlwana (o tshotswe ka Tlhakole a le lesome le bobedi ka 1967[1]) ke modiragatsi wa Aforika Borwa, mogasi, motlhagisi le setlogolo sa ga Loyiso Mpumlwana.[1] O itsege ka seabe sa gagwe sa go nna Mawande Memela mo motshamekong wa SABC 1, Generations.[2] O ne gape a latlhelwa mo motshamekong ya e.tv ya Ashes to Ashes jaaka Mandlakazi[3] mme gape e ne e le modiragatsi Mo Filiming ya Aforika Borwa ya Tsotsi. Gape o itsege ka seabe sa gagwe sa go nna Josephine mo motseletseleng o o bidiwang The Kingdom. O ne a tlhagelela mo Magenta Coal e le Matilda. Morago ga gore a nyelele [tlhaloso e e tlhokegang] ka lobakanyana o ne a boela kwa motseletseleng wa ntlha wa showmax/telenovela e leng SOFT LIFE e le moatlhodi Iris Makaza.

Botshelo jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

O tsholetswe kwa Kapa Botlhaba kwa Mtata.[4]

Tiro ya ga Mpumlwana e simolotse e le mogasi wa tsweletso mo SABC pele ga a tsenelela pontsho ya diphologolo tsa naga ya SABC2 50/50 jaaka mogasi. O ne gape a tlhagisa dipontsho tsa SABC2 tsa Lebone le Botsadi jo bo Mosola, mmogo le pontsho ya SABC3 ya Madi. O tlhageletse mo difiliming di le mmalwa jaaka Tsotsi, Red Dust mmogo le Country Of My Skull. O ne a bona temogo fa a ne a tsenelela soapie e e tumileng ya SABC1, “Generations” ka 2011, a tshameka karolo ya ”Mawande Memela” yo e leng mme wa bana ba babedi le mosadi wa kgwebo yo o fetang mo dikgannyeng tsa lelapa mme morago ga go gogagogana le morwadie, o ne a jesiwa botlhole ke morwadie mme a latlhegelwa ke tlhaloganyo. Drama e ne ya nna ya tswelela.[5] Gape o ne a na le seabe mo 7de laan.[6]

Dietsele le ditlhopho

[fetola | Fetola Motswedi]

O fentse Sekgele sa Lenaka la Gauta ka ntlha ya seabe sa gagwe sa Pearl Lusipho mo motseletseleng wa drama ya The Lab.[1]

Bodiragatsi

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Setlhogo Karolo Dinopolo
1993 Tama Ba? Tama Na!
2003 Beyond Borders
2004 Red Dust
2004 Country of My Skull
2005 Tsotsi
Land of a Thousand Hills
Crazy Joe's Coco

Thelebeshine

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Setlhogo Karolo Dinopolo
2009 7de Laan Zandile
2015 Ashes to Ashes Mandlakazi Namane
Diamond Hunters Dara
Generations Mawande Memela
Interrogation Room Captain Thandiswa
Isidingo Nancy
Out Of The Box Lebo
Shado's Shado
Sokhulu & Partners Thumi Sibisi
The Lab Pearl Lusipho
Yizo Yizo Grace Letsatsi

||2021|| The Kingdom || Josephine|| |- ||2024|| Soft Life ||Iris Makaza||

  1. 1 2 3 Julie Kwach (2 September 2019). "Nambitha Mpumlwana biography: age, son, husband, profile, Instagram, house and net worth". briefly.co.za.
  2. Nandipha Pantsi (5 February 2014). "Excitement as Nambitha returns to Generations". citizen.co.za.
  3. "An end of a short-lived era". news24.com. 15 August 2016.
  4. "Nambitha Mpumlwana". tvsa.co.za.
  5. Bontle Ndlovu (5 November 2017). "Nambitha Mpumlwana". 702.co.za.
  6. Chrizelda Kekana (2 March 2019). "Nambitha Mpumlwana reflects on fighting for black actors on 7de Laan". dispatchlive.co.za.