Jump to content

Namibia Press Agency

Go tswa ko Wikipedia

Namibia Press Agency (NAMPA) ke lekgotla la dikgang la Namibia. Le tlhamilwe ka 1987 mo leineng la Namibia Press Association e le pampiri ya SWAPO,[1] ya tsosolosiwa morago ga boipuso ka leina la yone la gompieno ka 1991.  Go bereka ga yone go laolwa ke molao wa kgatiso wa 1992.[2] Lekgotla le la puso tiro ya lone ke go anamisa dikgang le go isa ditirelo kwa bareking ba mo gae le ba mafatshefatshe.[3] Go fitlha gompieno, lekgotla leo le ntsha ditirelo tsa ditshwantsho le mafoko, go sena ditshwantsho tsa motshikinyego le mantswe. Babegadikgang ba ka nna masomemabedi le babereki ba bangwe ba ka nna masome mararo ba berekela NAMPA. Kwa ntle ga diofisikgolo kwa Windhoek, lekgotla le na le diofisi kwa Swakopmund, Gobabis,Ongwediva/Oshakati,Opuwo le Rundu. Bontsi jwa dikgang tsa Namibia di ikaegile ka ditirelo tsa NAMPA, bogolo jang mo dikgannyeng tsa mafatshefatshe.[2]

Ka Phalane 2002,komiti e e sireletsang babegadikgang e ne ya supa fa NAMPA e tlhotlha dikgang tsa botlhokwa, gape e supa lekgotla leo ka monwana go nna babueledi ba puso.[4]

  1. Mosia, Lebona; Riddle, Charles; Zaffiro, Jim (1994). "From Revolutionary to Regime Radio: Three Decades of Nationalist Broadcasting in Southern Africa" (PDF) Africa Media Review. 8 (1). African Council for Communication Education.
  2. 1 2 Rothe, Andreas (2010): Media System and News Selection in Namibia. p. 70
  3. Shrivastava, KM (2007). News agencies from pigeon to internet. Sterling Publishers Pvt. Ltd. ISBN 978-1-932705-67-6. Retrieved 20 October 2025
  4. Undoing press freedom in Namibia October 2002