Jump to content

Nandi Nyembe

Go tswa ko Wikipedia
Nandi Nyembe
Setshwantsho:Cropped Photo of Nandi Nyembe.jpg
Tsalo(1950-01-19)19 Ferikgong 1950
Leso23 Phatwe 2025(2025-08-23) (aged 75)
South Africa
TiroActress
Dingwaga tsa a le mo tirong1986–2025
Bana1 daughter

Nandi Nyembe (Firikgong a le lesome le boferabongwe 1950 – Phatwe a le masome mabedi le boraro 2025) e ne e le modiragatsi wa Aforika Borwa yo o neng a itsege ka dikarolo tsa gagwe mo drameng ya metshameko ya Zone 14, le Soul City.

Botshelo jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Nyembe o tsholetswe kwa Kliptown, Johannesburg ka Firikgong a le lesome le boferabongwe ka 1950. Gape o ne a nna kwa mafelong a a farologaneng, jaaka Botswana le East London, fa a ne a le monnye.[1][2] Nyembe o abelane ka moo a neng a tlhola a latlhelwa jaaka motlhokomedi wa mo lwapeng mo ditlhatlhobong ka ntlha ya puso ya tlhaolele. Mo potsolotsong le Makasine wa Bona o ne a re:

Difatlhego tsa basadi ba basweu di ne di pentiwa ka bontsho fa pontsho e ne e tlhoka moeteledipele yo montsho. Go sa lekalekane le kgatelelo go ne ga nkgalefisa, mme ke ne ka simolola go nna le seabe mo bobogelong jwa boipelaetso. Mapodise a ne a tle a kgaotse dipontsho tsa rona tsa bobogelo tsa boipelaetso ka gase e e putsaputsisang dikeledi go re tshosa. Bontsi jwa dipontsho e ne e le bosigo mme fa ke le mo tseleng ke ya gae, mapodise a ne a tle a nkope pasa. Gantsi ke ne ke tshaba ka gonne puso e ne e tlhoile se re neng re se dira."[3]

Nyembe o itsege ka go tshameka karolo ya ga Nandi Sibiya go tloga ka 1 go fitlha ka 2012 mo Zone 14. Gape o ne a tshameka karolo ya ga Lily mo terameng ya basha e e tumileng ya SABC 1 ya Yizo Yizo (2001–2004),[4] le moanelwa yo o eteletseng pele mo setoring sa metlae sa SABC 1 sa Izoso Connexion (2006 - 2007). O tshamekile mo difiliming tse di bontshiwang, go akaretsa le Reasonable Man (1999), Saturday Night at the Palace (1987) and Yesterday (2004).[5][6]

Ka 2007, o ne a tlhagelela mo motseletseleng wa drama wa Jacob's Cross, a tshameka karolo ya ga Thembe Makhubu. Mo godimo ga moo, Nyembe o tlhageletse jaaka moeng mo dikarolong tsa motseletsele wa difilimi tse dintsintsi tse di akaretsang Soul Buddyz, Hillside, Erfsondes, 4Play: Sex Tips for Girls le karolo ya moeng mo The No.1 Ladies' Detective Agency[7]

2014-2025

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 2006, o ne a tshameka gape mo kgaolong ya motseletsele wa diterama tsa SABC1 tsa Dithupa le Matlapa, Nyembe gape o nnile leloko la batshameki mo dipontshong di le mmalwa tsa thelebišene, go akaretsa le Isithunzi ya Mzansi Magic, Isibaya le The Road ka dipaka tse pedi.[8][9] Ka 2016, o ne a tsenngwa mo motseletseleng wa drama ya e.tv ya Ashes to Ashes.[10][11] Ka 2017, Nyembe o ne a nna leloko la batshameki ba Isithembiso ya Mzansi Magic e le Dolly.[12]

Ka Lwetse 2021, moanelwa yo a neng a mo tshameka mo motseletseleng wa thelebishene wa House of Zwide o ne a bolawa. Seno se ne sa dira gore go nne le dipego tse dintsi tsa maaka mo maranyaneng tsa gore Nyembe o tlhokafetse mo botshelong jwa mmatota, mme sa dira gore ditsala tsa gagwe di ikgolaganye le ene ba tshogile.[13]

Botshelo jwa gagwe le loso

[fetola | Fetola Motswedi]

Nyembe o ne a na le ngwana wa mosetsana. Nyembe o ne a dira jaaka sangoma (Mmoni), o ne a simolola bosangoma fa a le dingwaga di le lesome le bosupa fela.[14] Pele a itse gore ke sangoma o ne a tsenwa ke bolwetse jo bo masisi, ka ntlha ya go kgona go golagana le mewa ya batho ba ba neng ba tlhokafala mo tseleng. Mo godimo ga moo o ne a bolelela Makasine wa Time Lives ka bolwetse joo.

Ke ne ke lwala mme mme o ile a tlamega go nkisa kokelong ya Chris Hani Baragwanath. Ka nako nngwe, dingaka di ne tsa tshwanelwa ke go tlhatlhoba moroto wa me mme se se gakgamatsang ke gore o ne wa tswa o na le mmu mme go ne go sena sepe se se phoso ka nna.[15]

Morwadia Nyembe le ene o ne a dira jaaka sangoma, le fa a setse a emisitse.[16]

Nandi Nyembe o tlhokafetse ka Phatwe a le masome mabedi le boraro 2025, a le dingwaga di le masome a supa le botlhano.[17] O ne a tlhokafala a sa amogela madi a a neng a a kokoanyeditswe.[18][19]

Bodiragatsi

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Setlhogo Karolo Dinopolo
1987 Saturday Night at the Palace Miriam
1994 A Reasonable Man (1999) Rachel Ndlovu
2004 Yesterday Sangoma

Thelebishine

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Setlhogo Karolo Dikgaolo Dinopolo
1994, 1996,

1997, 1999, 2001, 2003

Soul City Sister Lizzie
2001–2004 Yizo Yizo Lily
2002 Gaz'lam Lerato's Mother
2005–2012 Zone 14 Nandi Sibiya
2006–2007 Izoso Connexion
2007, 2011–2012 Jacob's Cross Thembi Makhubu
2008 Hillside. Ntshebo Maloka
2009 The Coconuts Mrs Hlatshwayo
2014 Sticks and Stones Patience
2011 Soul Buddyz. Gogo
2014 Ses'Top La Guest
2015–2017 Ashes to Ashes. Ma' Mazibuko
2015–2016 The Road Gogo
2016–2017 Is'thunzi. Nolwazi
2013–2019 Isibaya. Gog' Mkhithi
Ngwaga Seetesele Karolo Tiro Maduo
2001 South African Film and Television Awards Best Supporting Actress – TV Soap/Telenovela Ashes to Ashes Nominated
  1. "Things we didn't know about Nandi Nyembe". ZAlebs. Archived from the original on 29 July 2019. Retrieved 28 Phalane 2025.
  2. Tshiqi, Bongiwe (22 August 2017). "Staying Power – Nandi Nyembe". Archived from the original on 20 June 2019. Retrieved 28 Phalane 2025.
  3. Nkwanyana, Fundiswa (22 August 2017). "Staying Power – Nandi Nyembe". Archived from the original on 20 June 2019. Retrieved 28 Phalane 2025.
  4. Notho, Snazo (26 October 2017). "NANDI LANDS INTERNATIONAL ROLE!". DailySun.
  5. "Veteran actress Mama Nandi Nyembe on female scars". 23 December 2018.
  6. "Yesterday - Love has the power to change our tomorrow". www.yesterdaythemovie.co.za.
  7. "Nandi Nyembe - TVSA". www.tvsa.co.za.
  8. Soapie, Doctor (21 July 2017). "6 Things we didn't know about Nandi Nyembe our favourite "Aunt" on tv screens". Archived from the original on 29 July 2019. Retrieved 28 Phalane 2025.
  9. "Solid as a rock". Archived from the original on 29 July 2019. Retrieved 28 Phalane 2025 – via PressReader.
  10. "New faces on Ashes To Ashes". News24. 18 April 2016.
  11. "New actors for Rockville". 14 January 2014.
  12. "Shalima Mkongi launches web series 'In Bed With' - IOL Entertainment". www.iol.co.za.
  13. Mahlangu, Quincy. "Nandi Nyembe: I am alive and kicking!". Daily Sun.
  14. "Nandi's magical touch". News24. 8 May 2016.
  15. "Actress Nandi Nyembe opens up about being a sangoma in real life". TimesLIVE.
  16. "Nandi Nyembe is also a sangoma in real life". ZAlebs. Archived from the original on 29 July 2019. Retrieved 28 Phalane 2025.
  17. "Joint Statement by the Nyembe Family and the National Department of Sport, Arts and Culture on the passing of Nandi Nyembe". DSAC. 23 August 2025. Retrieved 28 Phalane 2025.
  18. Zuma, Mbalenhle (25 August 2025). "Veteran actress Nandi Nyembe died without receiving funds raised for her". Sunday World. Retrieved 28 Phalane 2025.
  19. "Nandi Nyembe's family ask for space after the death of the veteran actress". TimesLIVE. 2025-08-26. Retrieved 28 Phalane 2025.