Nangolo Mbumba
Nangolo Mbumba (o o tshotsweng ka Phatwe a le lesome le botlhano ngwaga wa 1941) ke mopolotiki wa kwa Namibia o e neng e le tautona wa bone wa lefatshe la Namibia go tswa ka 2024 go tsena 2025. O nnile tautona morago ga go tlhokafala ga ga Hage Geingob, o a neng a berekile e le mothusa tautona wa gagwe wa bobedi go tswa ka 2018 go fitlhelela a nna tautona ka 2024.
Ke leloko la South West Africa People's Organization (SWAPO), Mbumba o eteletse pele maphata a puso ya Namibia a le mmalwa: la temothuo, metsi le tlhabololo magae ( go tswa ka 1993 go tsena 1996), lephata la madi (1996 go tsena 2003), lephata la phatlalatso mafoko (2003 go tsena 2005), lephata la thuto (2005 go tsena 2010) le lephata la tshireletso (2010 go tsena 2010). Go tswa ka 2012 go tsena 2017, e ne e le mokwaledi mogolo wa SWAPO.
Mbumba o ne a thapiwa go nna mothusa tautona ka 2018 a tlhatlhama Nickey Iyambo, o o ithotseng marapo ka ntlha ya botsogo. O ne a nna tautona morago ga go tlhokafala ga ga Hage Geingob ka Tlhakole 2024, a itsise fa a sena maikaelelo ape a go emela ditlhopho tsa ngwaga oo.[1]
Thuto le pereko ya pele
[fetola | Fetola Motswedi]A tshotswe ka Phatwe a le lesome le botlhano ngwaga wa 1941 kwa Olukonda, kwa kgaolong ya Oshikoto kwa South West Africa (kwa e leng Namibia gompieno),[2] Mbumba o alogile kwa sekolong sa Southern Connecticut State University kwa United States ka BSc ka ngwaga wa 1971. Ka 1973, o ne a aloga kwa University of Connecticut ka MSc mo Biology.[3]
Morago ga go aloga kwa Connecticut, Mbumba o ne a simolola go ruta kwa Harlem Preparatory School kwa New York. O ne a boela Aforika ka 1978, a nna moeteledipele wa lephata la maranyane la lephata la thuto kwa Namibia kwa Cuanza Sul, kwa Angola. Ka 1980, o ne a tlhatlosiwa mameo go nna mogokgo wa lephata leo. O nnile mo maemong ao go fitlhelela ka 1985.[4]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Nyaungwa, Nyasha (4 February 2024). "Namibia interim president says no plan to run in this year's election". Reuters.
- ↑ "Nangolo Mbumba Profile". www.africa-confidential.com. Africa Confidential. Archived from the original on 25 July 2022. Retrieved 17 October 2025
- ↑ "The Vice President. His Excellecny (sic!) Nangolo Mbumba". Office of the President. Archived from the original on 27 January 2020. Retrieved 17 October 2025.
- ↑ From school principal to Presidency… The rise and rise of Nangolo Mbumba