Nare ya Aforika


Nare ya Aforika ( Syncerus caffer ) ke mofuta o motona wa nare ya nnete e e tlholegang kwa Aforika kwa Borwa jwa Sahara, kwa e fitlhelwang mo mefuteng e le mmalwa e e sa golaganang e e simololang kwa borwabotlhaba jwa Senegal go feta kwa Aforika Bophirima le Bogare go ya kwa Aforikaborwa . Dinaka tsa nare ya Aforika e e godileng ke nngwe ya dipopego tsa yone tse di kgatlhang : di na le fa di kopannang teng a bo di bopa lerapo le le tswelelang la tshireletso, le bidiwa gotwe "boss", go kgabaganya kwa godimo jwa tlhogo. Nare ya Aforika e amana thata le mefuta ya dinare tsa Asia ( Bubalus ) go na le diphologolo tse dingwe tsa lesika jaaka di-bison tsa Amerika kgotsa dikgomo tse di ruiwang mo gae . [1] Mokgwa/Botho jwa yone jo bo sa itsagaleng ka dinako tsotlhe e ka nna karolo ya lebaka la gore nare ya Aforika a bo e ise e ko e ruiwe mo gae gape e sena ditlogolwana tse di ruilweng, go farologana le yak ya naga le nare ya metsi ya naga, tse e leng batlapele ba yak ya selegae le nare ya metsi, ka go latelana. Dibatana tse di jang dinare tse di godileng tsa Aforika di akaretsa ditau, dintša tsa naga tsa Aforika, diphiri tse di maronthontho le dikwena tsa Nile . Jaaka nngwe ya diphologolo tsa diphologolo tse dikgolo tse Tlhano, nare ya Kapa ( Syncerus caffer caffer ), mofutapotlana wa lesika yo o motona go gaisa o o tlholegang kwa botlhaba le borwa jwa Aforika, ke sekgele se se batliwang thata mo letsomong.
Tlhaloso
[fetola | Fetola Motswedi]
Nare ya Aforika ke ya mofuta o o nonofileng thata. Boleele jwa yone jwa magetla bo ka nna kana ka mithara o le mongwe go ya kwa go 1.7 (1.0m-1.7m) mme boleele jwa yone jwa tlhogo le mmele bo ka nna go tswa go dimithara di le 1.7 go ema ka 3.4. Mogatla o ka nna go tswa kwa disenthimithara di le masome a masupa go ema ka di le lekgolo le lesome (70-100cm) ka boleele. [2] Fa e bapisiwa le di-bovid tse dingwe tse ditona, e na le mmele o moleele mme o o bokete (boleele jwa mmele jwa yone bo ka feta jwa nare ya metsi ya naga, e e bokete le e e telele go e feta) le maoto a makhutshwane mme a le makima, se se e dirang khutshwane fa e eme ka dinao. Dinare tsa kwa Kapa di bokete jwa makgolo a mane le masome a mabedi le botlhano go ya kwa makgolong a le boferabobedi le masome a masupa (425-870kg) (tse ditonanyana di feta tse di namagadi ka bokete jo bo ka nang ka lekgolo). Fa go bapisiwa, dinare tsa sekgwa sa Aforika, ka bokete jwa makgolo a mabedi le masome a botlhano go ya kwa go makgolo a mane le masome a matlhano (250-450kg), di sephatlo jwa botona boo fela. Tlhogo ya yone e tsamaya e le kwa tlase; mokwatla wa yone o motona. Ditlhako tsa kwa pele tsa nare di bophara go feta tsa kwa morago, se se amanang le go tlhoka ya go tshegetsa bokete jwa karolo ya mmele o o ka fa pele, o o bokete le maatla go feta ka fa morago.
Dinare tsa mofuta wa Savannah di na le matlalo a mantsho kgotsa tse a a borokwa jo bontsho fa di ntse di gola. Dipoo tse di godileng gantsi di na le meradi e mesweu go dikologa matlho le mo sefatlhegong. Dinamagadi gantsi di nna le matlalo a mahibidu thata. Dinare tsa mofuta wa sekgwa di dinnye ka masome a mararo go a le mane mo lekgolong (30–40%), di mmala o o borokwa jo bohibidu, ka kgolo ya moriri o montsi thata go dikologa ditsebe le dinaka tse di kobegang kwa morago le go ya kwa godimo go se kae. Dinamane tsa mefuta e ka bobedi di na le matlalo a mahibidu.
Ntlha e e tlhaolang dinaka tsa nare e tona ya Aforika e e godileng (dipalopalo tsa borwa le botlhaba) ke gore metheo ya tsone e atamelana thata, di bopa thebe e e bidiwang "boss". Go tswa mo botlaseng, dinaka di fapogela kwa tlase, morago ga moo di konege go ya kwa godimo le kwa ntle mme nako tse dingwe go tsena mo teng kgotsa kwa morago. Mo dipoong tse ditona, sekgala magareng ga dintlha tsa dinaka se ka fitlha kwa godimo ga mmithara o le mongwe (rekoto e le disenthimithara di le lekgolo le masome a marataro le bone). Dinaka di bopega ka botlalo fa phologolo e fitlhelela dingwaga di le tlhano kgotsa thataro, mme fela di-boss ga di nne "thata" go fitlha e fitlha dingwaga di le boferabobedi goya go boferabongwe. Mo dikgomong, dinaka ka palogare, di dinnye ka lesome go ya masomeng a mabedi mo lekgolong (10-20%) , mme ga di na boss gape. Dinaka tsa dinare tsa mofuta wa sekgwa di dinnye go feta tsa dinare tsa mofuta wa savanna tse di tswang kwa Borwa le Botlhaba jwa Aforika, gantsi di ditona jo bo kwa tlase ga disenthimithara di le masome a mane, mme gape ga nke di kopana.
Go farologana le lesika le lengwe la dikgomo tse di tona, dinare tsa Aforika di na le di-chromosome di le masome a matlhano le bobedi (fa go bapisiwa, di-bison tsa Amerika le dikgomo tse di ruiwang mo gae di na le di le masome a marataro). Se se raya gore ga di kgone go ntsha bana ba ba kopantsweng le dikgomo tsa selegae le di-bison.
- ↑ Jirik, Kate. "LibGuides: Forest Buffalo (Syncerus caffer nanus) Fact Sheet: Taxonomy & History". ielc.libguides.com (in Sekgoa). Retrieved 2023-04-30.
- ↑ Huffman, Brent (2010-05-24). "Syncerus caffer – African buffalo". Ultimateungulate.com. Archived from the original on 2012-03-19. Retrieved 2010-10-23.