Jump to content

Nathalie Boltt

Go tswa ko Wikipedia

Nathalie Boltt (o tshotswe ka kgwedi ya Phukwi ele lesome la boferanongwe(19) ka ngwaga wa 1973) ke motshameki wa mo Afrika Borwa, motsamaisi le mokwadi. O simolotse go tshameka mo nageng ya gaabo, Afrika Borwa, jaaka Joey Ortlepp mo terameng ya SABC 3 ya Isidingo go tloga ka ngwaga wa 2001 go fitlha ka ngwaga wa 2004.[1] O itsege thata ka go tshameka karolo ya Penelope Blossom mo the CW's teen drama series Riverdale go tloga ka ngwaga wa 2017 go fitlha ka ngwaga wa 2023.

Botshelo le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

O goletse kwa Johannesburg mo Aforika Borwa ka nako ya tlhaolele mme a aloga ka BA mo go Direng le go Tantsha kwa Yunibesithing ya Rhodes kwa Grahamstown ka ngwaga wa 1995. [2][3][4]

Ka ngwaga wa 2005, o ne a tlhagelela mo The Poseidon Adventure, e e neng e le NBC remake ya filimi ya leina le le tshwanang. [5]

Ka ngwaga wa 2009, o ne a nna le seabe sa go tshegetsa mo filiming ya Neill Blomkamp e e neng e dirilwe mo Afrika Borwa, e e bidiwang District 9.[ Morago ga moo o ne a nna le seabe sa go tshegetsa mo filiming ya thelebišene ya New Zealand, Bloodlines, e e theilweng mo kgannyeng ya nnete ya Colin Bouwer, ngaka ya mo Aforika Borwa kwa New Zealand. O ne a tlhophiwa go nna Best Supporting Actress kwa 2011 Aotearoa Film & Television Awards.[6]

Ka ngwaga wa 2017, o ne a na le seabe mo 24 Hours to Live mmogo le Ethan Hawke.[7]

O ne gape a dira lentswe la baanelwa ba le bantsi, go akaretsa DottyWot mo motseletseleng wa bana wa New Zealand The WotWots.

Ka kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga wa 2024, o ne a simolola go dira filimi ya gagwe ya ntlha ya go nna motsamaisi, Holy Days, kwa New Zealand. Mo filiming eno, Jackie Weaver, Judy Davis le Miriam Margolyes ba tshameka jaaka baitlami ba basadi ba le bararo kwa South Island ya New Zealand.[8][9] Filimi e rulaganyeditswe go bontshiwa bagwebi kwa ngwaga wa 2025 Toronto International Film Festival,[10]le fa letsatsi la go gololwa ga yone le ise le itsisiwe.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

O ne a fuduga go tswa mo Aforika Borwa go ya New Zealand ka ngwaga wa 2006 mme a godisa morwa wa gagwe kwa Wellington le monna wa gagwe, Phil.[11] O ne a fudugela kwa Canada mme jaanong o nna kwa Vancouver.[12]

Year Title Role Notes
2007 Flood Kate Morrison
2007 Route 30 Mandy
2008 Doomsday Jane Harris
2009 District 9 Sarah Livingstone
2010 Kawa Annabelle
2013 The Silk Nurse
2014 The Cure Ruby Wakefield
2014 Route 30 Three! Agent Nat
2015 Food for Thought Merran Short film
2017 24 Hours to Live Dr Helen
2020 Watershed Sam Short film
2021 Demonic Angela
2024 The Ornament Luna Short film
2025 Holy Days Directorial debu
  1. Actor Biography: Nathalie Boltt, South African TV Authority.
  2. Actor biography johnsonlaird.com. Retrieved on 28 November 2024
  3. Riverdale, interview with actress Nathalie Boltt: "Consider yourself enlightened" Daily Bloid. 1 August 2022
  4. Episode 322: Nathalie Boltt YVR Screen Scene. 8 October 2024
  5. Nathalie Boltt NZ On Screen. Retrieved on 28 November 2024
  6. Bloodlines NZ On Screen. Retrieved on 28 November 2024
  7. 24 Hours to Live - Full Cast & Crew TV Guide. Retrieved on 28 November 2024
  8. Judy Davis, Miriam Margolyes, Jacki Weaver to join NZ set of Nat Boltt’s ‘Holy Days’ if.com.au. 5 November 2024
  9. Judy Davis, Miriam Margolyes and Jacki Weaver to Play Quirky Nuns in Nat Boltt’s Comic Adventure ‘Holy Days’ (EXCLUSIVE) Variety. 1 November 2024
  10. Jeremy Kay, "Features from UK, Canada, Nigeria among TIFF Industry Selects line-up". Screen Daily, August 18, 2025
  11. At my place: Riverdale actress Nathalie Boltt Stuff. 15 October 2017
  12. Top Billing catches up with Riverdale stars Nathalie Boltt and Mädchen Amick Top Billing. Retrieved on 28 November 2024