Jump to content

Nawal El Saadawi

Go tswa ko Wikipedia

Nawal El Saadawi (o o tshotsweng ka Phalane a le masome mabedi le bosupa ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a mararo le motso a tlhokafala ka Mopitlo a le masome mabedi le motso ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso) e ne e le mokwadi wa kwa Egypt wa ditshwanelo tsa basadi, ngaka le ngaka ya maikutlo. O kwadile dibuka di le dintsi ka basadi ba tumelo ya Islam, a itebagantse le dikgang tse di amang basadi ba borwa jwa lefatshe, di akaretsa tsa tlhakanelo dikobo, go etelelwa pele ke borre, maemo mo setshabeng, le bokolone.[1]

E ne e le motlhami gape e le tautona wa lekgotla la basadi ba ma Arabea la Arab Women's Soliditary Association.[2][3] O ne gape e le motlhami wa lekgotla la ditshwanelo tsa setho la Arabea (Arab Association for Human Rights.[4]

O atswilwe ka dietsele tsa dithutego go tswa kwa dikolong tse dikgolwane tsa ithutelo ditiro go tswa mo dikgaolong tsa lefatshe di le tharo. Ka ngwaga wa dikete pedi le bone, o ne a atswiwa ka seetsele sa North-South ke khansele ya Yuropa. Ka ngwaga wa dikete pedi le botlhano, o ne a atswiwa ka seetsele sa Inana International Prize go tswa kwa Belgium.[5] Ka ngwaga wa dikete pedi lesome le bobedi, lekgotla la International Peace Bureau le ne la mo atswa ka seetsele sa Sean MacBride Peace Prize.[6]

Botshelo jwa a le mmotlana

[fetola | Fetola Motswedi]

E le ngwana wa bobedi mo go ba robabongwe, Saadawi o tshotswe ka Phalane a le masome mabedi le bosupa ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a mararo le motso kwa motsaneng o mmotlana wa Kafr Tahla kwa Egepeto.[7][8] Saadawi o itemogetse go kgaolwa ga serwe sa bosadi[9] fa a le dingwaga di le thataro,[10] le ntswa rraagwe a ne a dumela gore basetsana le basimane ba tshwanetse go rutuntshiwa. O ne a tlhalosa mmaagwe le rraagwe e le batho ba ba neng ba gololesegile fa a gola.[10]

Rraagwe, o a neng a tswa kwa borwa jwa Egepeto e ne e le tona wa puso mo lephateng la thuto, o a neng a eme kgatlhanong le go gapiwa ga Egepeto ke lefatshe la Britain ka nako ya phetogo ya Egepeto ya ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe lesome le borobabongwe. Ka ntlha ya se, o ne a lelekelwa kwa motsaneng kwa makgobokgobong a Nile, puso e ne ya seka ya mo tlhatlosa maemo dingwaga di le lesome. O ne a na le tswelelopele mme a ruta morwadie go itlotla le go bua se se leng mo tlhaloganyong ya gagwe. O ne a mo rotloetsa gape go ithuta puo ya se Arabea. Le fa go ntse jalo, El Saadawi fa a le dingwaga di le lesome, ba lolwapa lwa gagwe ba ne ba leka go mo nyadisa, mme maagwe o ne a mo ema nokeng mo go ganeng se. Batsadi ba gagwe botlhe ba tlhokafetse a sa nste a le monnye, ba tlogela Saadawi ka maikarrabelo a go tlhokomela lolwapa lwa gaabo lo logolo. Maagwe ebong Zaynab, e ne e le kokomane ya lolwapa lwa bahumi lwa Ottoman; Saadawi o ne a tlhalosa raagwemogolo go tswa mo lotlhakoreng lwa ga raagwe, le nkukuagwe go tswa mo lotlhakoreng lwa ga maagwe e le ba ba tlholegang mo lolwapeng loora Ottoman. Le fa a santse a le ngwana o ne a le kgatlhanong le etelelwa pele ke borre mo go neng go tlwaelesegile mo lotsong lwa gaabo, bana ba basimane ba ne ba bonwa ba le mosola thata go gaisa ba basetsana, a shakgadiwa ke mafoko a nkukuagwe a neng a a bua a gore "mosimane a le mongwe o lekana le basetsana ba ka nna lesome le botlhano...basetsana ke bo nngadule". O ne a itshupa a le motlotlo gore ke mme wa Egepeto wa mmala o montsho fa a santse a le mmotlana.

Tsa pereko

[fetola | Fetola Motswedi]

Saadawi o alogile e le ngaka ya kalafi ka ngwaga wa sekete makgolo a robabaongwe masome a matlhano le botlhano go tswa kwa sekolong sa ithutelo ditiro sa Cairo. Ngwaga o o, o ne a nyalwa ke Ahmed Helmi, o a kopaneng le ene e le baithuti mmogo kwa sekolong sa bongaka. Ba na le ngwana wa mosetsana, Mona Helmi. Lonyalo lwa bone lo ne lwa fela morago ga dingwaga tse pedi. Mo kalafing ya gagwe, o ne a ela tlhoko mathata a bomme a mmele le tlhaloganyo, a a amanya le ngwao e e gatelelang, go gatelelwa ke borre, go gatelelwa go ya ka maemo mo setshabeng. Monna wa gagwe wa bobedi e ne e le mmereki ka ene ebong Rashad Bey.

Fa a bereka e le ngaka kwa a tsholetsweng teng kwa Kafr Tahla, o ne a ela tlhoko dikgwetlho le go tlhoka tekatekano mo go neng go itemogelwa ke bomme ba kwa magaeng. Morago ga go leka go sireletsa mongwe wa balwetsi ba gagwe mo kgokgontshong ya kwa gae, Saadawi o ne a busediwa kwa Cairo. O ne a felela a nna mookamedi wa lephata la botsogo a kopana le monna wa gagwe wa boraro, Sherif Hatata, fa ba tlhakanetse ofisi kwa lephateng la botsogo. Hatata, o le ene e leng ngaka gape e le mokwadi, o ne a nnile legolegwa la sepolotiki dingwaga di le lesome le boraro. Ba nyalane ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a marataro le bone ba nna le ngwana wa mosimane. Saadawi le Hatata ba ne ba nna mmogo sebaka sa dingwaga di le masome a mane le boraro ba kgaogana ka ngwaga wa dikete pedi le lesome.

Saadawi o tsene sekolo se segolwane sa ithutelo ditiro sa Columbia University, a aloga ka master's degree ya botsogo jwa setshaba ka ngwaga wa sekete makgolo a robabaongwe masome a marataro le borataro. Ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le bobedi, o ne a gatisa buka ya Woman and Sex, a itebagantse le dikgoka tse di dirisiwang mo mebeleng ya basadi, di tshwana le go kgaolwa serwe sa bosadi.

  1. ↑ Amireh, Amal (2000). "Framing Nawal El Saadawi: Arab Feminism in a Transnational World". Signs: Journal of Women in Culture and Society. 26 (1): 215–249. doi:10.1086/495572. ISSN 0097-9740. S2CID 143010343.
  2. ↑ "Nawal El Saadawi". Women Inspiring Change. 2 March 2015. Archived from the original on 18 December 2020. Retrieved 16 September 2026
  3. ↑ Hitchcock, Peter; El Saadawi, Nawal; Hatata, Sherif. "Living the Struggle". Transition 61 (1993): 170–179.
  4. ↑ Nawal El Saadawi, "Presentation by Nawal El Saadawi: President's Forum, M/MLA Annual Convention, November 4, 1999", The Journal of the Midwest Modern Language Association 33.3–34.1 (Autumn 2000 – Winter 2001): 34–39.
  5. ↑ "PEN World Voices Arthur Miller Freedom to Write Lecture by Nawal El Saadawi", YouTube. 8 September 2009.
  6. ↑ "International Peace Bureau". www.ipb.org. Archived from the original on 25 September 2015. Retrieved 16 September 2026
  7. ↑ Smith, Sarah A (22 March 2021). "Nawal El Saadawi obituary". The Guardian.
  8. ↑ Elkhatib, Sameh. "Egyptian feminist and author el-Saadawi dies at 89". Reuters. Retrieved 16 September 2026
  9. ↑ Khaleeli, Homa (15 April 2010). "Nawal El Saadawi: Egypt's radical feminist". The Guardian. Retrieved 16 September 2026
  10. 1 2 Sa'dawi, Nawal; Saadawi, Nawal El; Saʻdāwī, Nawāl; Saʿdāwī, Nawāl as- (1999). A Daughter of Isis: The Autobiography of Nawal El Saadawi. Zed Books. pp. 63–87. ISBN 978-1-85649-680-3.