Neale Sechele
| Neale Sechele | |
|---|---|
| Kgosi ya Bakwena | |
| Predecessor | Kgari Sechele II |
| Successor | Bonewamang Padi Sechele |
| Tsalo | 1915 |
| Leso | 1985 |
| Rraagwe | Baruti Kgosidintsi |
| Mmagwe | Phetogo |
Neale Molaodi Sechele(1915 - 1985) e ne e le kgosi ya Bakwena. O tlhomilwe mo maemong a o ke kgotlatshekelo ka ngwaga wa 1963 morago ga go tlhokafala ga ga motsalwa le ene ebong Kgari Sechele II, o ne a patelediwa go ithola marapo ka ngwaga wa 1970. Ka Neale a ne a tlhomilwe e se ka dikeletso tsa batho ebile a ne a sa dire tshwanelo ya gagwe, o ne a sa bonwe ka sepe ke Bakwena.
Botshelo jwa a sale mmotlana
[fetola | Fetola Motswedi]Neale Molaodi Sechele[1] o tshotswe ka ngwaga wa 1915.[2] E ne e le morwa Baruti Kgosidintsi le Phetogo, mosadi wa pele wa ga kgosi Sechele II.[3] Neale o tsene sekolo kwa Tati Training Institution le Tiger Kloof Educational Institute.[2] Neale e ele monnawe Sebele II, kgosi wa Bakwena. Fa Sebele a ne a tlosiwa ke puso ya bokolone ya Britain ka ngwaga wa 1931, mogolowa Neale o mongwe ebong Kgari Sechele II o ne a nna kgosi.
Kgosi ya Bakwena
[fetola | Fetola Motswedi]Neale o nnile kgosi ya Bakwena ka ngwaga wa 1963.[3] Loso lwa ga Kgari lo ne lwa baka dikgoberego tsa neelano ya bogosi ka ngwaga wa 1962, mme kgotlatshekelo e ne ya tshwara dipatlisiso ka Tlhakole ngwaga wa 1963. Neale o ne a tlhophilwe e le go intsha mo diphatseng tsa go tsaya lotlhakore mo makgamung a a neng a eme Bonewamang Padi Sechele nokeng le a a emeng Moruakgomo nokeng. Kgotlatshekelo e ne e sa itse fa Neale a ne e se losika lwa ga rraagwe motsalwa le ene lwa madi. Tshwetso ya go tlhoma Neale e ne e tlhotlheleditswe ke puso ya bokolone.[4]
Neale o ne a seka a amogelwa sentle ke Bakwena. O ne a se mo lenaneong la neelano ya go tlhatlhama, gape ka nako ya fa a tlhomiwa, o ne a sa bereke ka jalo gantsi a itshiela thata. Lolwapa lwa bogosi lo ne lo nyatsa bokgoni jwa gagwe jwa go busa, bontsi jwa batho ba ne ba mmona e le mmereki wa puso. Neale gangwe le gape o ne a ikgatholosa maikarabelo a gagwe a bogosi, a gana go tsenelela bokopano jwa kgotla ebile a gana go nyala kgotsa go tshola bana. Neale o supiwa e ne e le kgosi e e boitseme. Jeff Ramsay o supile fa pus ya ga Neale e ne e palelwa. Mothusa Neale go tswa ka 1964 go tsena 1969, Mack Sechele, gantsi e ne e le ene a eteletseng pele morafe ka ditiro.
Nngwe ya maduo a puso e e lolea mo Bakweneng e ne e le gore morafe o ne o se mo maemong a go lwantsha go simolodisiwa ga puso ya lefatshe ka fa tlase ga Seretse Khama wa Bangwato. Morago ga boipuso jwa lefatshe, Neale o ne a itlhokomolosa maikarabelo a gagwe jaaka leloko ya khansele. Neale o ne a le kgatlhanong le molao wa lefatshe la ngwao, o ne a dira letsholo kgatlhanong le one mo kgaolong. O ne a sa tlhaloganye molao o, mokhanselara wa kgaolo o ne a tsamaya le ene go baakanya mafoko a a seng boammaruri a a neng a a buile.
Go ithola marapo le loso lwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Puso ya Botswana e ne e sa dumalane le maduo a ga Neale a bogosi, mme ga nna le tshusumetso ya gore Neale a fologe setilo ka ngwaga wa 1970. Ka Lwetse a le malatsi a le masome mabedi le motso ngwaga wa 1970, go ne ga bidiwa kgotla gore Neale a balelwe melato. O ne a tlhopha go ithola marapo go tila go sekisiwa le gore a bone madi a gagwe a bogodi. Go na le go tlhoma kgosi e ntšha, puso e ne ya emeletsa Neale ka Bonewamang Padi Sechele ele mogogi wa kgaolo wa ngwao ka Phalane ngwaga wa 1970.[5] Neale o tlhokafetse ka ngwaga wa 1985.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Mbuya, Titus (1999). "Legitimacy and Succession in Tswana States: The Case of BaKwena, 1930-1963". Pula: Botswana Journal of African Studies. 13 (1): 61–76.
- 1 2 Morton, Barry; Ramsay, Jeff (2018). Historical Dictionary of Botswana (5th ed.). Rowman & Littlefield. ISBN 978-1-5381-1133-8.
- 1 2 Ramsay, Jeff (1996). "The Fall and Decline of the Bakwena Monarchy". Botswana Notes and Records. 28: 65–86. JSTOR 40980134.
- ↑ Vengroff, Richard (1977). Botswana, Rural Development in the Shadow of Apartheid. Fairleigh Dickinson University Press. ISBN 978-0-8386-1759-5.
- ↑ Stevens, Richard P. (1975). Historical Dictionary of the Republic of Botswana. The Scarecrow Press Inc. ISBN 0-8108-0857-9