Nefisa Mkhabela
Nefisa Tarisca Mkhabela (o tshotswe ka kgwedi ya Moranang e thola botlhano(5) ka ngwaga wa 2001) ke motshameki wa difilimi wa mo Afrika Borwa. [1]O itsege thata ka go tshameka karolo ya Ona Molapo mo e.tv telenovela House of Zwide le Losing Lerato 2 jaaka Lerato.[2][3] [4]
Botshelo jwa gagwe jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Mkhabela o tshotswe ka kgwedi ya ka Moranang e thola botlhano(5) ka ngwaga wa 2001, kwa Soweto, Johannesburg. O tsene kwa Yunibesithing ya Johannesburg koo a ithutileng Bachelor's of Law morago ga go fetsa matric ya gagwe kwa Greenside High School.[5]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Mkhabela o ne a simolola go tshameka mo thelebišeneng ka go tshameka karolo ya Mbali mo seraleng sa terama sa 1Magic sa Unmarried Wives, a tlhagelela la ntlha mo seraleng sa terama ka ngwaga wa 2018.[6] Ka ngwaga wa 2020, o ne a boeletsa karolo ya gagwe, a supa bokgoni jwa gagwe jaaka motshameki wa sesadi.
Ka ngwaga wa 2021, o ne a tshameka karolo e kgolo mo filiming ya Mzansi Original Movie e e bidiwang Ispaza Sasekhaya. Moragonyana mo ngwageng oo, Nefisa o ne a nna le seabe sa gagwe sa ntlha mo thelebišeneng fa a ne a tshameka jaaka Ona Molapo,[7] motlhami wa feshene yo monnye yo o tsamayang mo lefatsheng la feshene le tsala ya gagwe e kgolo e e tshamekwang ke Shalate Sekhabi, mo thelebišeneng ya House of Zwide.[ Ka ngwaga wa 2024, o ne a tshameka karolo e kgolo jaaka Lerato, mo filiming ya Losing Lerato 2 mme gape a tlhagelela mo soapie Kleva-ish jaaka Mandy.[8]
Tsa Kgaso
[fetola | Fetola Motswedi]| Year | Film | Role | |
|---|---|---|---|
| 2018 | Unmarried | Mbali | Recurring role |
| 2021–present | House of Zwide | Onalerena Molapo | Lead role |
| 2023 | Kleva-ish | Mandy | Main role |
| 2024 | Losing Lerato 2 | Lerato | Lead role, season 2 |
| How to ruin love | Omphile | Starring role |
Dikgele le ditlhopho
[fetola | Fetola Motswedi]| Year | Association | Category | Nominated works | Result | Ref. |
|---|---|---|---|---|---|
| 2024 | Royalty Soapie Awards | Outstanding Newcomer | House of Zwide | Won | |
| National Film and TV Awards | Best New Comer | Nominated |
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Naidoo, Alicia (2021-07-31). "Five things to know about 'House Of Zwide' star Nefisa Mkhabela". The South African. Retrieved 2025-05-31.
- ↑ Katlego (2023-07-04). "Actress Nefisa Mkhabela on buying her mom a house at 21". KAYA 959. Retrieved 2025-01-30
- ↑ Tlhoaele, Kgalalelo. "House of Zwide actress reveals biggest insecurity!". Daily Sun. Retrieved 2025-01-30
- ↑ Mzandisi, Keitumetse Maako and Iviwe. "Emotional rollercoaster: Nefisa Mkhabela and Kagiso Modupe's journey in 'Losing Lerato 2'". Life. Retrieved 2025-01-30
- ↑ admin (2022-02-25). "Nefisa Mkhabela biography known as Ona on House of Zwide". Soapie Celebs. Retrieved 2025-01-30.
- ↑ "Nefisa Mkhabela | TVSA Unmarried". www.tvsa.co.za. Retrieved 2025-05-31
- ↑ Birjalal, Alyssia (2021-07-18). "A-list actors join new e. tv soap 'House of Zwide'". IOL. Retrieved 2025-05-31
- ↑ Seleme, Rae (2023-07-26). "'Kleva-ish' cast". The South African. Retrieved 2025-05-31