Nelisiwe Sibiya
Nelisiwe Sibiya | |
|---|---|
Sibiya in 2022 | |
| Tsalo | Nelisiwe Faith Sibiya 13 September 1992 Johannesburg, South Africa |
| Maina amangwe | Faith |
| Alma mater | Tshwane University of Technology |
| Tiro |
|
| Dingwaga tsa a le mo tirong | 2018–present |
Notable work |
|
Nelisiwe Faith Sibiya (o tshotswe ka Lwetse a le lesome le boraro, 1992) ke modiragatsi wa Aforika Borwa, seopedi le mogasi wa seromamowa.[1] O itsege thata ka seabe sa moeteledipele mo motseletseleng wa thelebišene wa e.tv wa Durban Gen jaaka Ngaka Mbali Mthethwa le pololo ya Mzansi Magic ya Ithonga jaaka Zamahlabo Ntanzi.[2][3] O ne a golola mmino wa setso sa Aforika o o bidiwang "Mama ka Bafana" ka 2016 o o neng wa anama thata mme e nnile pina ya setlhogo sa Lockdown.[4]
Botshelo jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Sibiya o tshotswe ka letsatsi la lesome le boraro la Lwetse 1992, kwa Johannesburg, Aforika Borwa. O gotse le kgaitsadie le mmaagwe. Rraagwe o ne a thuntshiwa fa a le dingwaga di ferabobedi fa pele ga bone.[5] Ba ne ba nna le malome le rakgadi, mme moragonyana ba tswa mo lefelong leo morago ga gore morwadiarraagwe le ene ba sotlwe ka thobalano mme nngwe ya ditshotlakako tseo e ne ya dirwa ke malome wa gagwe.[6][7]
Ka Firikgong 2015, o ne a ikwadisa kwa Yunibesithing ya Thekenoloji ya Tshwane go ya go ithutela Dithuto tsa Mmino.[8] Moragonyana, o ne a bona thuso ya madi ya dingwaga tse pedi tse di setseng. Ka 2016, mmaagwe o ne a tlhokafala pele ga kalogo.[9]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Mmaagwe o ne a tswa mo lelapeng la diopedi. Ka thuso ya ga morrwadiarraagwe, Nelisiwe o ne a simolola tiro ya gagwe ya go opela.[10] Morago ga loso lwa ga morwadiarraagwe, o ne a tsenelela khwaere ya gagwe ya sekolo se segolo. Mo pakeng eo mo khwaereng, o ne a newa katiso ya khwaere le ya tlwaelo.[11] Pina ya gagwe ya ntlha e kgolo ya go tshameka e ne ya tla ka motseletsele wa kgolegelo wa Lockdown ka pina ya setlhogo ya "Mama Ka Bafana" ka 2018.[12] Mme ka 2020, o ne a tshameka karolo e e kwa pele ya ga Ngaka Mbali Mthethwa mo drameng ya kalafi ya e.tv ya Durban Gen.[13][14] Ka ntlha ya seabe sa gagwe, o ne a gapa seetsele sa Modiragatsi yo o Gaisang mo Aforika kwa Dietseleng tsa Zikomo ka 2021.[15]
Ka 2023, o ne a tlhagelela mo motseletseleng wa thelebišene wa Mzansi Magic wa Umkhokha: The Curse jaaka Nompendulo.[16] [17] Ka Ngwanatsele 2024, o ne a tlhagelela la ntlha mo etv Scandal! go tshameka karolo ya ga Sanda mme yo o sa nyalwang yo o nang le ngwana wa mosimane wa mo dingwageng tsabosha e bong Khumo.[18][19] O ne a nna mogasi wa seromamowa kwa Gagasi FM.[20][21] O ne a nna moeteledipele mo filiming e ntšha ya thelebišene ya Ithonga e le Zamahlabo Ntanzi ka 2025.[22][23]
Bodiragatsi
[fetola | Fetola Motswedi]| Ngwaga | Filimi | Karolo |
|---|---|---|
| 2016 | Lockdown | legolegwa |
| 2020 | Durban Gen | Dr Mbali Mthethwa |
| 2023 | Umkhokha:The Curse | Nompendulo |
| 2024 | Scandal! | Sanda |
| 2025 | Ithonga | Zamahlobo Ntanzi |
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Nelisiwe Sibiya hits back at those who have no respect for others". TimesLIVE. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ "Nelisiwe Sibiya Durban Gen". Savanna News. 7 October 2020. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ Keteyi, Oluthando (6 February 2025). "Bonko Khoza, Ayanda Borotho and Nelisiwe Sibiya to star in Mzansi Magic's 'iThonga'". IOL. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ "Getting to know Lockdown's Nelisiwe Sibiya". News24. 7 October 2018. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ "Nelisiwe opens up about childhood trauma: My dad was shot in front of me when I was 8/9". TimesLIVE. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ "Nelisiwe Sibiya on healing after she opened up about being abused". TimesLIVE. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ "Nelisiwe Sibiya on being abused: I remember it so clearly, I know the pain". TimesLIVE. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ "Nelisiwe Sibiya on building a house after matric and being in debt". ZAlebs. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ "Nelisiwe Sibiya Biography". Ubetoo. 5 June 2021. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ Digital, Drum. "A tragic end for Durban Gen as Dr Mbali Mthethwa passes away". News24. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ Legoale, Refiloe. "5 minutes with maskandi hitmaker Nelisiwe Sibiya". News24. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ "Nelisiwe Sibiya detoured on international plans for Lockdown gig". TimesLIVE. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ "Nelisiwe Sibiya talks about hardships she experienced before stardom". TimesLIVE. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ "Nelisiwe Sibiya on Durban Gen role: 'It reminded me of my mother's last days in hospital'". TimesLIVE. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ Nteyi, Zama. "NELISIWE IS A BIG WINNER". Daily Sun. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ Nteyi, Zama. "How AFRO hair got Umkhokha actress the role!". Daily Sun. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ Sekgota, Hilary (6 December 2023). "'Umkhokha: The Curse' Actress Nelisiwe Sibiya's Umemulo Ceremony Turns Heads on TikTok - Briefly.co.za". briefly.co.za. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ Miller, Sergio (6 November 2024). "Neliswe Sibiya secures new role in eTV's Scandal!". Bona Magazine. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ "Nelisiwe Sibiya Biography". Ubetoo. 5 June 2021. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ Village, Youth (30 March 2024). "Nelisiwe Sibiya "Replaces" Penny Ntuli At Gagasi". Youth Village. Retrieved 29 Phalane 2024.
- ↑ Magagula, Nompumelelo. "Actor Nelisiwe Sibiya joins Gagasi FM to co-host Sunday night show". News24. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ Tleane, Lebo (3 March 2025). "Nelisiwe Faith Sibiya Introduces Her Latest Acting Role". Youth Village. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ Langa, Jabulani. "iThonga actress: I'm not evil Zama!". Daily Sun. Retrieved 29 Phalane 2025.