Jump to content

Neshani Andreas

Go tswa ko Wikipedia
Neshani Andreas
Setshwantsho:Neshani Andreas.jpeg
Tsalo1964
LesoMotsheganong 2011
LetsoNamibian
Alma materUniversity of Namibia
TiroMokwadi, Morutabana
Notable work
"The Purple Violet of Oshaantu"

Neshani Andreas (o o tshotsweng ka 1964 a tlhokafala ka Motsheganong 2011) ke mokwadi wa kwa Namibia, o o berekileng e le morutabana, gape a bereketse Peace Corps.[1] O itsege ka buka ya gagwe ya The Purple Violet of Oshaantu, e e neng ya mo dira motho wa ntlha wa Namibia go akarediwa mo motseletseleng wa bakwadi ba Aforika wa Heinemann.[2][3][4] O tlhokafetse a le dingwaga di le masome mane le borataro, ka ntlha ya kankere ya mafatlha ka ngwaga wa 2010.

Botshelo jwa a le mmotlana

[fetola | Fetola Motswedi]

O tsholetswe kwa Walvis Bay, kwa South West Africa (kwa e leng Namibia gompieno), ka 1964, ke ngwana wa bobedi mo baneng ba robabobedi, o berekile pele kwa go dirwang diaparo teng. Batsadi ba gagwe ba ne ba berekela madirelo a ditlhapi. Andreas o sale a batla go nna mokwadi a santse a le monnye.[5] O tsene sekolo kwa sekolong sa borutabana kwa Ongwediva, a rutateng dingwaga di le tlhano. O ne a ya go dira Bachelor of Arts le diploma ya thuto kwa University of Namibia.[6] E ne e le mookamedi wa American peace Corps kwa Namibia dingwaga di le nne.[7][5] O ne a kopana le motho wa ntlha o o mo rotloeditseng go kwala, selo se a reng ke nako e e botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe.[8]

Go kwala le go ruta

[fetola | Fetola Motswedi]

Go tswa ka 1988 go tsena 1992, Andreas o ne a ruta kwa sekolong sa legae kwa bokone jwa Namibia. Ka 2001 o ne a gatisa buka ya gagwe e e neng e rotloeditswe ke maiphitlhelo a gagwe koo.[5] Buka e, e lebelela seemo sa basadi mo Namibia.[9] Fa buka e e gatisiwa e le bontlha jwa motseletsele wa bakwadi ba Aforika ke mogatisi Heinemann; e ne e le mokwadi wa ntlha wa Namibia go akarediwa.[5]

Buka e e ne ya gapa leitlho la mafatshefatshe, e le nngwe ya dibuka tsa ntlha go kwala morago ga boipuso le puso ya Aforika Borwa. O ne a tlhalosa gore ka nako eo, go kwala go ne go sa tlwaelesega kwa Namibia, are ke tiro e e bodutu. Ka nako ya fa a gatisa buka ya gagwe ya ntlha o ne a le dingwaga di le masome mararo le bosupa.[8]

Andreas o ne a bereka e le morulaganyi wa bokopano jwa basadi ba Aforika ka nako ya fa a tlhokafala a le dingwaga di le masome mane le borataro.[7] Lekgotla le le ikaelela go ruta basadi le basetsana. O ne a fitlhelwa a na le kankere ya mafatlha ka 2010.[7]

  1. "Neshani Andreas – Namibian Author for Women's Rights". The Namibian. Retrieved 2025-10-24
  2. "Purple Violet of Oshaantu, The - Weaver Press". weaverpresszimbabwe.com. Retrieved 2025-10-24
  3. Andreas, Neshani (2004). The purple violet of Oshaantu. Avondale, Harare: Weaver Press. ISBN 1-77922-035-9. OCLC 64427146.
  4. "Namibia: Neshani Andreas - A Gallant Local Author (1964-2011)". Retrieved 2025-10-24
  5. 1 2 3 4 Fallon, Helen (2007). "As Honest and Realistic as Possible: the Namibian Writer, Neshani Andreas" (PDF). Africa. 72 (2). Maynooth University: 24–25.
  6. "Neshani Andreas: a passion for writing. - Free Online Library". www.thefreelibrary.com. Retrieved 2025-10-24
  7. 1 2 3 "Local author Neshani Andreas dead". The Namibian. May 17, 2011.
  8. 1 2 von Wietersheim, Erika. "Interview: Neshani Andreas by Erika von Wietersheim". Weaver Press. Retrieved 24 October 2025
  9. Shipahu, Bernard (2021). A critical examination of the literary representation of marriage in Neshani Andreas' The purpule violet of Oshaantu and Valerie Tagwira's The Uncertainty of hope (Thesis thesis). University of Namibia.