Nesrine Malik
Nesrine Malik FRSL ke mmegadikgang yo o tsholetsweng kwa Sudan le mokwadi wa We Need New Stories: Challenging the Toxic Myths Behind Our Age of Discontent (W&N, 2019). Malik o nna kwa London, ke mokwaladikgang wa The Guardian mme o ne a dira jaaka modulasetulo wa lenaneo la dikgang la beke le beke la BBC Dateline London. [1]
Botshelo jwa gagwe jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Malik o belegetswe kwa Khartoum, Sudan, mme o godiseditswe kwa Kenya, Egypt le Saudi Arabia.[2][3]O ne a tsena kwa Yunibesithing ya Amerika kwa Cairo le Yunibesithi ya Khartoum jaaka moithuti pele a fudugela kwa UK ka ngwaga wa 2004 go ya go fetsa dithuto tsa gagwe kwa Yunibesithing ya London. [3]
Ditlotla le dikgele
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2017, Malik o ne a tlhophiwa go nna "Mokwadi/Mokwadi wa Ngwaga" ke Diversity in Media Awards. Mo go one ngwaga oo, o ne a tlotliwa jaaka "Society and Diversity Commentator of the Year" kwa Editorial Intelligence Comment Awards.[4]
Ka ngwaga wa 2019, Orwell Foundation e ne ya tsenya Malik mo lenaaneng la ba ba neng ba tlile go fiwa sekgele sa Orwell Prize ka ntlha ya tiro ya gagwe ya go tlhalosa "bosula jwa loago" jwa kwa Boritane ka go " senola tikologo e e sa siamang"[5]. Ka bobedi jwa 2019 le 2020, Malik o ne a tlhophiwa jaaka "Mokwadi wa Dikakgelo wa Ngwaga" kwa British Journalism Awards.
Ka ka ngwaga wa 2021 Orwell Foundation e ne ya tlhopha Malik gape go nna mo lenaaneng le leleele la Orwell Prize for journalism. Ka 2021, Malik o ne a amogela Robert B. Silvers Prize for Journalism.[ O ne a tlhophiwa go nna leloko la Royal Society of Literature ka ngwaga wa 2023.[6]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Hill, Jane (22 April 2018). "Dateline London". BBC News – via Internet Archive.
- ↑ Heller, Jason (June 9, 2021). "'We Need New Stories' Asks: Why Are People Prone To Believing The Largest Of Lies?". NPR. Retrieved 11 October 2021.
- 1 2 "We need new stories". University of Sydney. Retrieved 25 October 2021.
- ↑ GNM press office (27 November 2017). "Guardian and Observer commentators win six Editorial Intelligence Comment Awards". The Guardian
- ↑ "Nesrine Malik". The Orwell Prize. The Orwell Foundation. Retrieved 2 September 2019
- ↑ Creamer, Ella (2023-07-12). "Royal Society of Literature aims to broaden representation as it announces 62 new fellows". The Guardian. ISSN 0261-3077. Retrieved 2023-07-13