Netumbo Nandi-Ndaitwah
Ndemupelila Netumbo Nandi-Ndaitwah (o tshotswe ka kgwedi ya Phalane e le masome a mabedi le boferabongwe ka ngwaga wa 1952), leina la gagwe la mareto ke NNN, ke lepolotiki la kwa Namibia ebile e le tautona wa botlhano le wa ga jaana wa Namibia fa e sale ka Mopitlo wa 2025 a le malatsi a masome a mabedi le motso.[1] Ke tautona wa ntlha wa mosadi wa lefatshe leo.[2] Pele, o ne a dira jaaka mothusatsutona wa boraro ka fa tlase ga ga Tautona Nangolo Mbumba magareng ga 2024 le 2025. O ne a tshotse maemo a a farologaneng a a kwa godimo a sepolotiki le a botona mmogo le maikarabelo a a farologaneng mo teng ga lekoko la SWAPO le puso ya lone mo pakeng e e sa kgaotseng ya dingwaga di le masome a matlhano le bosupa.[3]
E nnile ntlhopheng wa ntlha wa mosadi wa boporesidente wa SWAPO ( Mokgatlho wa Batho wa Aforikaborwa Bophirima ) ka 2024 . Ka 2017, Nandi-Ndaitwah o ne a tlhophiwa go nna motlatsamopresidente wa SWAPO, mosadi wa ntlha go direla mo maemong ao. Pele ga a tsena mo maemong a a kwa godimo a boeteledipele, Nandi-Ndaitwah o ne a dira jaaka motlatsatonakgolo wa Namibia go tloga ka 2015 go ya go 2024, tona ya Dikamano le Tirisanommogo ya Boditšhabatšhaba go tloga ka Sedimonthole 2012 go ya go 2015, le jaaka tona ya Tikologo le Bojanala go tloga ka Mopitlwe 2010 go ya go Sedimonthole 2012.
Botshelo jwa pele le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Netumbo Nandi o tshotswe ka Phalane a le masome a mabedi le boferabongwe ka ngwaga wa 1952 a tsholelwa Justina Nekoto Shaduka-Nandi le Petrus Nandi kwa Onamutai kwa Borwabophirima jwa Aforika, gompieno gaufi le molelwane wa Kgaolo ya Ohangwena le Kgaolo ya Oshana, kwa Namibia.[4] Rraagwe e ne e le moruti wa Anglican. Ke ngwana wa borobabongwe mo baneng ba le lesome le boraro.[5] Ndaitwah o tsene sekolo kwa Sekolong sa Borongwa sa St. Mary kwa Odibo.[6]
Nandi-Ndaitwah o ne a nna matlhagatlhaga mo dipolotiking fa a ne a le mo dingwageng tsa bonana, a tsena mo setlhopheng sa SWAPO a le dingwaga di le lesome le bone. Go ise go ye kae o ne a nna moeteledipele wa Mokgatlho wa Basha wa SWAPO, a lwantsha go fedisa go gapiwa ga Aforika Borwa. Go ise go ye kae Nandi-Ndaitwah o ne a nna setlhogo sa kganetso, mme seno sa mo pateletsa go iphitlha.[7]
Nandi-Ndaitwah o ne a ya lejwa ka 1973 mme a ikopanya le maloko a SWAPO kwa Zambia . O ne a bereka kwa ntlokgolong ya SWAPO kwa Lusaka go tloga ka 1973 go ya go 1975 mme a tsenelela dithuto kwa Sekolong se se Kwa Godimo sa Lenin kwa Soviet Union go tloga ka 1975 go ya go 1976. O ne a aloga ka diploma ya tiro le go dira ga mokgatlho wa basha wa bokomonisi. Ka 1987, o ne a bona diploma ya morago ga kalogo ya tsamaiso ya setšhaba le botsamaisi kwa Kholetšheng ya Thekenoloji ya Glasgow, kwa United Kingdom, mme ka 1988, o ne a bona diploma e nngwe ya morago ga kalogo ya dikamano tsa boditšhabatšhaba kwa Yunibesithing ya Keele, e le yone e leng kwa UK. Ka 1989, Nandi-Ndaitwah o ne a bona digerata ya masters mo dithutong tsa botsalano ja ditshaba, le yone e le kwa Yunibesithing ya Keele.[8]
Morago ga ditlhopho tsa Ngwanatsele tsa 2024, o ne a newa Digerata ya Bongaka ya tlotlo ya botsalano jwa ditshaba le tiro ya setšhaba ke Yunibesithi ya Dar es Salaam .
Tiro ya sepolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]
Nandi-Ndaitwah o ne a nna mothusamoemedi wa SWAPO kwa Zambia go tloga ka 1976 go fitlha ka 1978 le moemedi yo mogolo kwa Zambia go tloga ka 1978 go fitlha ka 1980. Go tloga ka 1980 go fitlha ka 1986, e ne e le moemedi yo mogolo wa SWAPO kwa Aforika Botlhaba, yo o neng a le kwa Dar es Salaam. O ne a le leloko la komiti kgolo ya SWAPO go tloga ka 1976 go ya go 1986 le tautona wa Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Basadi wa Namibia (NANAWO ) go tloga ka 1991 go ya go 1994.[8]
O ne e le leloko la Kokoano Bosetšhaba ya Namibia fa e sale ka 1990. E ne e le Mothusatsatona wa Dikamano le Tirisanommogo ya Boditšhabatšhaba go tloga ka 1990 go fitlha ka 1996 mme a bona maemo a botona la ntlha ka 1996 jaaka mokaedikakaretso wa Merero ya Basadi mo Kantorong ya ga Tautona, kwa a neng a direla teng la ntlha ka fa tlase ga ga, Sam Nujoma. Mo tirong eno, Nandi-Ndaitwah o ne a dira mo lephateng go gokaganya magareng ga puso, makala a a ikemetseng, le a setšhaba mo go tsweletseng pele mananeo a puso a go ema basadi le bana nokeng.[9] Ka nako e, go ne ga tsenngwa mo tirisong Molawana wa Bosetšhaba wa Bong wa Namibia (1997).[10] Melao e mengwe e e tsibogelang bong jaaka Molao wa Tekatekano ya Batho ba ba Nyalaneng (1996)[11] le Molao wa go Lwantsha Petelelo (2000), [12] e e lemogang petelelo ya lenyalo, e ne ya tsenngwa mo tirisong go tokafatsa tekatekano ya bong le go fokotsa kgokgontsho ya bong. Ka ngwaga wa 2000, o ne a tlhatlhosiwa go nna Tona mme a newa lenaane la Merero ya Basadi le Boitekanelo jwa Bana.[13] Ka 2003, Molao wa Kgokgontsho ya mo Gae (2003) [14] o ne wa fetisiwa ka tshegetso ya gagwe go sireletsa bana le balekane mo tirisodikgokeng e e diragalang mo legaeng. Ka 2022, go ne ga gatisiwa paakanyo ya go atolosa ditshireletso go bana ba ba mo legaeng go feta letsatsi la bone la matsalo la bolesome le boferabobedi.[15]
Go tloga ka 2005 go ya go 2010, e ne e le Tona ya Tshedimosetso le Kgaso mo kabineteng ya Namibia. Morago ga moo o ne a dira jaaka tona ya tikologo le bojanala go fitlha ka phetogo e kgolo ya kabinete ka Sedimonthole 2012, e mo go yone a neng a tlhomiwa go nna tona ya merero ya mafatshe a sele,[16] lenaane le le ileng la fetolwa go nna Dikamano le Tirisanommogo ya Boditšhabatšhaba.
Ka fa tlase ga Tautona Hage Geingob, Nandi-Ndaitwah o ne a tlhomiwa go nna mothusatona-kgolo ka Mopitlo 2015, fa a ntse a dira jaaka tona ya dikamano tsa boditšhabatšhaba le tirisanommogo.[17] Nandi-Ndaitwah o nna mo komitingkgolo ya SWAPO le mo Politburo . Gape ke mokwaledi wa lekoko wa tshedimosetso le go kokoanya batho mme, ka jalo, ke mongwe wa babueledi ba bagolo ba SWAPO.[8] [18]
Botautona
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Mopitlo 2023, Tautona Geingob o ne a bitsa Nandi-Ndaitwah jaaka ntlhopheng wa botautona wa SWAPO mo ditlhophokakaretso tsa 2024 tsa Namibia.[19] Morago ga loso lwa ga Geingob ka Tlhakole 2024, Nandi-Ndaitwah o ne a tlhomiwa go nna mothusatautona, a tlhatlhama Nangolo Mbumba, yo o neng a nna tautona. Ke mosadi wa ntlha go direla mo tirong eo.[20][21]
Ka Sedimonthole a tlhola malatsi a le mararo ka ngwaga wa 2024, o ne a itsisiwe semmuso jaaka tautona yo o tlhophilweng wa Rephaboliki ya Namibia, mme seno sa dira gore e nne mosadi wa ntlha go nna mo maemong ao.[22] Nandi-Ndaitwah o amogetse ditalama di le dikete tse makgolo a marataro masome a ferabobedi le boraro, makgolo a matlhano le masome a marataro, kgotsa 58.7%, a fenya Panduleni Itula le McHenry Venaani.[23] O ne a tlhongwa ka kgwedi ya Mopitlo a le masome a mabedi le motso ka ngwaga wa 2025.[24]
Ka nako ya puo ya gagwe ya go tlhongwa ka 2025, o ne a ikana go tlhoma mogopolo mo go tlhameng ditiro, a lebile ka tlhamalalo "ditiro tse disha di le dikete tse makgolo a matlhano" [25] jaaka konokono ya pholisi, ka tsepamo e kgolo mo madirelong a temothuo, go tshwara ditlhapi, boitlhamedi, le metshameko.
Ka Moranang 2025, Nandi-Ndaitwah o ne a itsise gore puso e tla tlamela ka thuto ya mahala ya thuto e kgolwane mo dikolong tsa puso go simolola ka 2026.[26] Ka kgwedi ya Moranang e le masome a mabedi le bosupa, o ne a leleka Mac-Albert Hengari mo tirong ya gagwe jaaka Tona ya Temothuo, Botshwaraditlhapi, Metsi le Phetolo ya Naga morago ga go tshwarwa ga gagwe ka ditatofatso tsa pipamolomo, morago ga go re a leke go didimatsa motswasetlhabelo wa petelelo.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Netumbo Nandi-Ndaitwah o nyetse Lieutenant General ( yo o rotseng tiro ) Epaphras Denga Ndaitwah, yo e kileng ya bo e le Moeteledipele wa Sesole sa Tshireletso sa Namibia.[8] O kgatlhegela tiro ya bana ya setšhaba le go bala.[18]
O bidiwa thata ka NNN, e leng leina la theto le le dirisiwang thata ke batho ba a dirisanang le bone mo dipolotiking.[27]
Ke mmueledi wa basadi le tekatekano ya bong kwa Namibia . Le fa go dirilwe tiro ya tekatekano ya bong kwa Namibia, bontsi jwa batshwayadiphoso ba gagwe ba tsaya ditumelo tsa gagwe di le kgatlhanong le bomme, ka a na le pono e e tlwaelesegileng thata, e e sa fetogeng. Mo potsolotsong ya 2022 fa gare ga EagleFM le mosekaseki wa dipolotiki Henning Melber, Melber o boletse gore ga a ise a ke a tshegetse ditshwanelo tsa tsalo kgotsa ditshireletso tsa batho ba LGBTQIA+ mo ditsong.[28] Gape ke moganetsi wa go senya mpa.[24]
Dietsele
[fetola | Fetola Motswedi]Netumbo Nandi-Ndaitwah ke moamogedi wa Lokwalo lwa Boeteledipele jwa Aforika (ALM) Moeteledipele wa Sepolotiki wa Aforika wa Ngwaga le Sekgele sa Moeteledipele wa Mosadi wa Aforika wa Ngwaga[29] o ne a abelwa ‘boeteledipele jwa mogopolo’ kwa Dikabong tsa Tlhabololo e e Tswelelang tsa Namibia.[30] Nandi-Ndaitwah o ne a akgolwa ka Kabo ya Boeteledipele jwa Dikokomana tse di Farologaneng kwa Bokopanong jwa Basadi jwa Nala (Nalafem) jwa 2024.[31] Gape o na le Digerata ya Bongaka jwa Tlotlo go tswa kwa Yunibesithing ya Dar es Salaam, kwa Tanzania . [32]
Gape o tlotlilwe ke Tautona wa Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Basadi wa Namibia (NANAWO) ka ntlha ya tiro ya gagwe ya go tokafatsa seabe sa basadi mo dipolotiking.[33]
Ditshwantsho
[fetola | Fetola Motswedi]- Kopano ya Nandi-Ndaitwah le Mokaedikakaretso wa WIPO Daren Tang ka 2022. Bobedi jo bo buisane ka seabe sa IP mo go thuseng go kgweetsa itsholelo, lekalana la mmino wa basha, basadi ba ba tlhamang dilo, le tlhabololo ya loago ka fa tlase ga leano la "Ponelopele ya Namibia 2030".
- Kopano le lephata la mafatshe a sele la Estonia, 2019.
- Nandi-Ndaitwah o kopana le Mosadi wa ga tautona e bong Jill Biden ka 2023, kwa Ntlong ya Puso kwa Windhoek, Namibia .

Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Namibia will have its first female leader after the VP wins presidential election for ruling party". KTALnews.com (in American English). 3 December 2024. Archived from the original on 9 December 2024. Retrieved 3 December 2024.
- ↑ Namene, John-Colin (4 December 2024). "Nandi-Ndaitwah elected as Namibia's first woman president". The Namibian (in British English). Retrieved 4 December 2024.
- ↑ "HOME - OP - Portal Ariel". OP (in American English). Retrieved 2025-08-12.
- ↑ "Nandi-Ndaitwah's moment of truth" (in en-ZA). 14 April 2022. https://www.namibian.com.na/nandi-ndaitwahs-moment-of-truth/.
- ↑ Mongudhi, Tileni (21 April 2023). "Nandi-Ndaitwah's moment of truth". The Namibian (in British English). Archived from the original on 7 October 2024. Retrieved 25 November 2024.
- ↑ Dierks, Klaus. "Biographies of Namibian Personalities, N". klausdierks.com. Archived from the original on 20 September 2023. Retrieved 11 June 2022.
- ↑ Chibelushi, Wedaeli; Frauke Jensen (4 December 2024). "Netumbo Nandi-Ndaitwah: From freedom fighter to Namibia's first female president". www.bbc.com (in British English). Retrieved 2024-12-13.
- 1 2 3 4 Hopwood, Graham. "Who's Who, entry for Netumbo Nandi-Ndaitwah". Namibia Institute for Democracy. Archived from the original on 11 June 2011. Retrieved 8 January 2014.
- ↑ "Netumbo Nandi-Ndaitwah, Minister of Women Affairs and Child Welfare, on gender equality in Namibia" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2025-05-25.
- ↑ "Statement by honourable Netumbo Nandi-Ndaitwah minister of women affairs and child welfare of the Republic of Namibia" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2005-03-07.
- ↑ "Married Persons Equality Act | Gender Justice | US Law | LII / Legal Information Institute". www.law.cornell.edu. Retrieved 2025-08-01.
- ↑ "NATLEX - Namibia - Combating of Rape Act, 2000 (No. 8 of 2000)". natlex.ilo.org. Retrieved 2025-08-01.
- ↑ "Nandi-Ndaitwah Netumbo". Parliament of Namibia. Retrieved 11 June 2022.
- ↑ "PolicyVault.Africa | Combating of Domestic Violence Act, 2003". www.policyvault.africa. Retrieved 2025-08-01.
- ↑ "Combating of domestic violence amendment bill" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2022-02-25.
- ↑ Shipanga, Selma; Immanuel, Shinovene (5 December 2012). "Transition team picked". The Namibian. http://www.namibian.com.na/indexx.php?archive_id=103168&page_type=archive_story_detail&page=525.
- ↑ "Geingob announces Cabinet". https://www.namibian.com.na/index.php?id=134889&page=archive-read.
- 1 2 "Nandi-Ndaitwah Netumbo". Namibian Parliament (in American English). Retrieved 13 February 2023.
- ↑ Ikani, John (13 March 2023). "Namibia: President Geingob Names Nandi-Ndaitwah Woman Successor". The Heritage Times. https://www.theheritagetimes.com/namibia-president-geingob-names-nandi-ndaitwah-woman-successor/.
- ↑ "Nangolo Mbumba Sworn In as Namibia's Interim President". Voice of America. 5 February 2024. https://www.voanews.com/a/nangolao-mbumba-is-namibia-s-interim-president/7471038.html.
- ↑ "Nangolo Mbumba sworn in as Namibia's fourth President". The Star Kenya. 4 February 2024. https://www.the-star.co.ke/news/2024-02-04-nangolo-mbumba-sworn-in-as-namibias-fourth-president/.
- ↑ "Namibia will have its first female leader after VP wins presidential election for the ruling party". Associated Press. 4 December 2024.
- ↑ "2024 Presidential elections". Archived from the original on 2025-04-13. https://web.archive.org/web/20250413110932/https://elections.my.na/.
- 1 2 "Namibia inaugurates its first woman president". France 24 (in British English). 21 March 2025. Retrieved 21 March 2025."Namibia inaugurates its first woman president". France 24. 21 March 2025. Retrieved 21 March 2025.
- ↑ "Historic Moment: Namibia Swears in Netumbo Nandi-Ndaitwah as First Woman President". Archived from the original on 2025-03-21. Retrieved 2025-08-01.
- ↑ "Namibia's new president announces free university education starting in 2026". AP News (in American English). 24 April 2025. Retrieved 24 April 2025.
- ↑ "NNN to launch Trust – New Era". Archived from the original on 2025-02-18. Retrieved 2025-08-01.
- ↑ "Nandi-Ndaitwah Likely To Disappoint Feminists: Analyst – Eagle FM". www.eaglefm.com.na. Retrieved 2025-08-01.
- ↑ "BREAKING: NETUMBO NANDI-NDAITWAH, MANDISA MAYA, OTHER LEADERS NAMED AFRICAN LEADERSHIP MAGAZINE PERSONS OF THE YEAR 2025 - African Leadership Magazine" (in Sekgoa). 2025-12-02. Retrieved 2025-12-03.
- ↑ Mukokobi, Pricilla (21 June 2024). "Namibia: VP Recognised for Environmental Contribution" (in en). https://allafrica.com/stories/202406210399.html.
- ↑ "VP Netumbo Nandi-Ndaitwah receives inter-generational leadership award". nbcnews.na. Archived from the original on 2 July 2024. Retrieved 23 November 2024.
- ↑ "Nandi-Ndaitwah awarded honorary doctorate by University of Dar es Salaam". nbcnews.na. Retrieved 23 November 2024.
- ↑ "Netumbo Nandi-Ndaitwah, Minister of Women Affairs and Child Welfare, on gender equality in Namibia" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2025-05-25.