Jump to content

New Era (Namibia)

Go tswa ko Wikipedia
New Era
Setshwantsho:New Era Namibia front page.jpg
Pampiri ya dingang ya Phalane a le masome mararo le motso ngwaga wa 2016
TypeYa letsatsi le letsatsi
Owner(s)Koporase ya kgatiso ya New Era
EditorFestus Nakatana
Founded1992
HeadquartersWindhoek, namibia
Circulationdi le dikete di robabongwe ka letsatsi, dikete di le lesome le motso ka Labotlhano
Websitehttps://neweralive.na

New Era ke pampiri ya dikgang tsa letsatsi le letsatsi, ya puso ya Namibia.[1] Pampiri e ke nngwe ya tse nne tsa letsatsi le letsatsi mo lefatsheng leo, tse dingwe e le The Namibian (e e kwalwang ka Sekgoa le Oshiwambo), Die Republikein (Afrikaans( le Allgemeine Zeitung (se Jeremane).[2]

Pampiri ya New Era e tlhamilwe ka molao wa kgatiso wa New Era wa 1992.[3] Go ya ka Ullamaija Kivikuru, e ne e tshwantshiwa le The Namibia gore e supe fa ele ya boammaruri. Dipampiri tse pedi tse di santse di tshwana ka go nna le dipolelo tse ditelele di kgabaganya ditsebe di le dintsi.[4]

Pampiri ya New Era e anamisa ga dikete di robabongwe, ka Labotlhano dikete di le lesome le motso.[3] E simolotswe e le pampiri ya beke le beke morago ya gatisiwa gangwe fela mo dibekeng tse pedi. E tlhageletse letsatsi le letsatsi fa e sale ka ngwaga wa 2004.[3] Pampiri e e gatisiwa ka puo ya Sekgoa le dipuo tsa mo gae di le tlhano: Otjiherero, Oshiwambo,Damara/Nama,Silozi le Khwedam.[3]

Pampiri e e gatisiwa ke koporase ya kgatiso ya New Era, e e leng ya puso ya Namibia. Tona wa tsa dikitsiso le ditlhaeletsanyo o na le thata ya go thapa le go ntsha maloko a lekgotla. Basekaseki ba le mmalwa ba bega fa matona a puso a itirile jaaka beng ba pampiri e, ba leketsa lephata la bokwadi ka dikgang tse di ba kgalang.[5][6] Ka ntlha ya se,pampiri e supiwa fa e le mo lotlhakoreng lwa SWAPO, gantsi e kgalelwa go sekamela mo lotlhakoreng lwa puso.[5] Le fa go ntse jalo, patlisiso ya 2006 ka baithuti ba Sweden e supile fa pampiri ya New Era e kgala ebile e gagamaditse go gaisa The Namibia. Le fa go ntse jalo, tshekatsheko e e ne e itebagantse mo dikgangnyeng tse pedi tsa pampiri nngwe le nngwe.[7]

Mokwaledi mogolo wa New Era ke Festus Nakatana.[8]

  1. "About NEPC". NEPC. Archived from the original on 27 July 2014. Retrieved 07 October 2025.
  2. Rothe, Andreas (2010). Media System and News Selections in Namibia. LIT Verlag. p. 15. Retrieved 07 October 2025.
  3. 1 2 3 4 Rothe, Media System and News Selections in Namibia, p. 23.
  4. Kivikuru, Ullamaija (2013). "When The History Turns Stronger than the Rhetoric: The Journalistic Culture Drives over Democracy Ideals in Namibia and Tanzania". New Media Influence on Social and Political Change in Africa. IGI Global. p. 123. Retrieved 07 October 2025.
  5. 1 2 Engelbrecht, Petrus J (2014). Land Reform in Namibia: An Analysis of Media Coverage (PDF). University of Kansas. pp. 12–13.
  6. Rothe, Media System and News Selections in Namibia, p. 24.
  7. Rothe, Media System and News Selections in Namibia, p. 26.
  8. Inambao, Chrispin (16 June 2016). "EXCLUSIVE: India's President talks to New Era". New Era. Retrieved 07 October 2025.