Jump to content

Ngũgĩ wa Thiong'o

Go tswa ko Wikipedia
Ngũgĩ wa Thiong'o
Ngugi ka ngwaga wa 2012
Tsalo
James Ngugi

Firikgong a le malatsi a matlhano ngwaga wa 1938
Kamiriithu, kolone ya Kenya
LesoMotsheganong a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa 2025
Buford, Georgia,US
ThutoMakerere University (BA) University of Leeds
TiroMokwadi
Notable work
Weep Not, Child (1964)

The River Between (1965) A Grain of Wheat (1967) Petals of Blood (1977) Matigari ma Njiruungi (1986)

Murogi wa Kagogo (2006)
MosadiNjeeri
Banaba robabongwe ba akaretsa Mukoma le Wanjiku

Ngũgĩ wa Thiong'o o o tshotsweng ka leina la James Ngugi ka Firikgong a le malatsi a matlhano ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a mararo le borobabobedi a tlhokafala ka Motsheganong a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le botlhano) e ne e le mokwadi wa dibuka gape e le moitseanape wa tsa thuto, o o tlhalositsweng e le mokwadi wa dipadi o o eteletseng pele mo botlhaba jwa Aforika gape e le motho o o botlhokwa mo pading ya sesha ya Aforika.[1][2][3]

Ngũgĩ o ne a kwala thata ka puso ya seesemane pele ga a fetogela kwa go kwaleng ka teme ya Gikuyu a nna mmueledi wa dipadi tse di kwadilweng ka diteme tsa Aforika. Dibuka tsa gaga we di akaretsa dipadi di tshwana le e e ipelelwang thata ya The River Between, metshameko, dipolelwana, dikwalo tsa matshelo a batho, dibuka tsa bana, le mekwalo ya thuto le kgalo. E ne ele motlhami le morulaganyi wa mokwalo wa teme ya Gikuyu wa Mũtĩiri. Polelwana ya gagwe ya ngwaga wa dikete pedi lesome le borataro ya The Upright Evolution: Or Why Humnas Walk Upright e ranoletswe mo ditemeng di feta lekgolo.[4]

Ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le bosupa, Ngugi o ne a bona mokgwa wa bodiragatsi kwa Kenya o o neng o ikaelela go golola tsamaiso ya bodiragatsi go tswa mo tsamaisong ya thuto ya bahumi jaaka a ne a supa, ka go rotloetsa go dirisa methale e e itlelang fela le go tsaya karolo ga balebeledi mo ditiragatsong. Maikaelelo a porojeke ya gagwe e ne e le go tlosa masaitseweng a ditsamaiso tsa bodiragatsi le go tila tsamaiso ya go tlogela ba bangwe kwa ntle mo go dirang batho ba ba matlhagatlhaga le balebeledi, mo go ya ka Ngugi go rotloetsang gore batho ba seka ba nna le kgatlhego. Le nstwa motshameko wa gagwe wa Ngaahika Nedenda (wa ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le bosupa), a o kwadile le Ngũgĩ wa Mirii, o ne wa atlega mo thekisong, o ne wa emisiwa ke puso ya kenya ya nako eo e e neng e gatelela.

Ngugi o ne a tshwara morago ga foo sebaka se se fetang ngwaga. O ne a bulelwa kwa kgolegelong ka lekgotla la Amnesty International le ne le mo eme nokeng mme a tshaba kwa Kenya. O ne a tlhomiwa moporofesa o o tlhomogileng wa padi le seesemane kwa University of California, kwa Irvine. O ne a kile a ruta kwa University of Nairobi, Norhwestern University, Yale University le New York University. Ngugi o ne a nna bonwa e le motho o o ka fiwang seetsele sa Nobel Peace Prize sa padi. O ne a abelwa seetsele sa International Nonino Prize kwa Italy ka ngwaga wa dikete pedi le motso, le Park Kyong-ni Prize ka ngwaga wa dikete pedi lesome le borataro. Mo baneng ba gagwe go na le bakwadi ebong Mukoma wa Ngugi le Wanjikũ wa Ngũgĩ.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Dingwaga tsa a le mmotlana le thuto

Ngugi o tsholetswe kwa Kamiriithu gaufi le Limuru kwa kgaolong ya Kiambu kwa koloneng ya Kenya ya British Empire ka Firikgong a le malatsi a matlhano ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a mararo le borobabobedi. Ke wa morafe wa Kikuyu, morago ga kolobetso o ne a fiwa leina la James Ngugi. Rrragwe ebong Thiong'o wa Ndūcũ, o ne a bna le basadi ba le bane le bana ba le masome mabedi le borobabobedi; Ngugi e ne e le ngwana wa mosadi wa boraro ebong Wanjiku wa Ngugi. Ba lolwapa lwa gagwe e ne e le balemi barui ba lefatshe la bone le neng le buseditswe kwa go bone mo molaong wa ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe lesome le botlhano. Fa Ngugi e santse e le ngwana, ba ne ba amega mo tiragalong ya Botsuolodi jwa Mau Mau jwa ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a matlhano le bobedi go tsena ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a marataro; motsalwa le ene ebong Mmwangi o ne a le matlhagatlhaga mo sesoleng sa kgololesego le lefatshe sa kwa Kenya (kwa a bolailweng teng), motsalwa le ene o mongwe o ne a thuntshiwa ka nako ya seemo sa tshoganyetso, mmaagwe o ne a bogisiwa kwa Kamiriithu.

Ngugi o dule kwa Limuru ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a matlhano le bolthano go ya go tsena sekolo kwa Alliance High School, e le sekolos a puso sa bana ba basimane se le bokgakala jwa dikhilomithara di le masome a mabedi. Morago o tlaa kwala ka matlotla a a fitlhetseng fa a boela gae morago ga setlha se le sengwe a le koo...ba Britain ba ne ba thubagantse motse otlhe. Lefatshe la Kenya le ne le le mo seemong sa tshoganyetso, e le tsela ya go leka go kganela sesole sa Kenya Land and Freedom Army go simolola ntwa kgatlhanong le babusi. Motse wa me o thubakantswe, Alliance High School mo dingwageng tse tlhano e ne ya na lefelo le lesha la boremeleo jwa sesole, ke ne ka leba kwa morago ke leba Limuru, kgaolo e ke tsholetsweng kwa go yone. Ka go latlhegelwa ke legae la me, ke ne ka simolola go lemoga legae le le ntatlhegetseng.

Ngugi o ne a ya go tsena sekolo kwa Makerere University College kwa Kampala, Uganda go tswa ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a matlhano le borobabongwe go tsena ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a marataro le boraro, o n a re ke ka dingwaga tseo a le kwa lefatsheng la ga bone le lesha a neng a simolola go nna mokwadi: "dipadi tsa The River Between le Weep Not, Child ke maduo a go nna ga me kwa lefatsheng le ke neng ke ile sekolong kwa go lone. Lefatshe la Uganda le ne la ntetla go upolola Kenya wa me le go tshela botshelo jwa me sesha kwa motseng. Ke ne ka lemoga lefatshe la me ka go nna kwa ntle ga lone." Fa a le moiithuti, o ne a tsenelela bokopano jwa bakwadi ba Aforika jo bo neng bo tshwaretswe kwa Makerere ka Seetebosigo ngwaga wa sekete makgolo a marataro le bobedi, motshameko wa gagwe wa The Black Herrmit o ne a wa simolola go gasiwa e le bontlha jwa tiragalo kwa The National Theatre. Kwa bokopanong, Ngugi o ne a kopa Chinua Achebe go bala mekwalo ya gagwe ya The River Between le Weep Not, Child tse di neng tsa gatisiwa mo Heinemann African Writers Series morago, tsa tlhomiwa semmuso kwa London ngwaga oo, Achebe e le morulaganyi wa yone wa mogakolodi wa ntlha. Ngugi o alogile ka B.A degree ya seesemane go tswa kwa Makerere University College ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a marataro le boraro.

Dikgatiso tsa ntlha le dithuto kwa England

[fetola | Fetola Motswedi]

Padi ya ntlha ya ga Ngugi ya weep Not, Child, e gatisitswe ka Motsheganong ngwga wa sekete makgolo a robabongwe masome a marataro le bone. E ne e le padi ya ntlha ya seesemane go gatisiwa ke mokwadi wa Aforika go tswa kwa botlhaba jwa Aforika.

Moragonyana ngwaga one oo, a fentse thuso ya madi a go stena sekolo kwa University of Leeds go dira MA, Ngugi o ne a ya England, kwa a neng a le teng fa a fetsa padi ya gagwe ya bobedi ya The River Between, e ne ya tswa ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a marataro le botlhano. The River Between, e e remeletseng mo tsuologong ya Mau Mau gape e supa botsalano jo bo sa iketlang gareng ga BaKeresete le batho ba eseng BaKeresete, e ne e dirisiwa kwa dikolong tsa kwa Kenya pele. O ne a tswa kwa Leeds ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a marataro le bosupa a sa fetsa tshekatsheko thuto ya gagwe ya padi kwa Caribbean, thuto ya gagwe e ne e itebagantse le mokwadi wa kwa Barbados George Lamming, o Ngugi a neng a bua se ka ene mo kgobokanyong ya gagwe ya ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le bobedi ya homecoming: "o ne a gwetlha mo go nna setshwantsho sa tsuologo mo lefatsheng le le okametsweng ke batho basweu. Kgabagare ke ne ka itse gore padi e kgona go direlwa go bua le nna, e ka gwetlha sengwe kwa teng ga me. Lefatshe la gagwe le ne le sa nkgakgamatse jaaka la ga Fielding Defoe, Smollet, Jane Austen, George Eliot, Dickens, D.H Lawrence.

Phetogo ya leina, kakanyo le go ruta

[fetola | Fetola Motswedi]

Padi ya ga Ngugi ya ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a marataro le bosupa ya A Grain of Wheat e ne ya tshwaya go dumalana le tsamaiso ya Marxism. Morago ga foo o ne a emisa go kwala ka teme ya seesemane le go dirisa leina la James Ngugi; ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa o ne a fetotse leina la gagwe go nna Ngugi wa Thing'o, a simolola go kwla ka teme ya ga gabo ya Gikuyu.Ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a marataro le bosupa, Ngugi o ne a simolola go ruta kwa University of Nairobi e le motlhatlhelela dithuto tsa padi ya seesemane. o ne a tswelela ka go ruta kwa sekolong seo dingwaga di le lesome fa a bereka e le moithuti o o rutiwang tiro ya tlhamo mo go kwaleng kwa Makerere University. Ka nako eo, o ne a ruta gape kwa Northwestern university a etile kwa lephateng la seesemane le dithuto tsa Aforika sebaka sa ngwaga.

Fa a ruta kwa university of Nairobi, Ngugi o ne a kgotlhetsa dipuisano tsa go emisa lephata la English. O ne a re morago ga bokolone, go bolthokwa gore sekolo mo Aforika se rute dipadi tsa Aforika, di akaretsa dipadi tsa mafoko, le gore seo se sthwanetse go diriwa go lemogiwa khumo ya diteme tsa Aforika. Ka dingwaga tsa skete makgolo a robabongwe masome a marataro, maiteko a, a ne a baka gore sekolo se emise go ruta padi ya seesemane, mme se e beeletse ka e e bayang padi ya Aforika kwa pele.

Go isiwa kgolegelong

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa sekete makgolo a robaongwe masome a supa le borataro, ngugi o ne a thusa go tlhama lefelo la Kamiriithu Community Education and Cultural Centre le, mo go ste dingwe, le rulagantseng mesthameko ya Aforika mo lefelong leo. Ngwaga o o latelang go ne ga gatisiwa Petals of Blood. Molaetsa wa yone wa polotiki o o mashetla, le wa motshameko wa gagwe wa Ngaahika Ndeenda (ke tlaa nyala fa ke batla), o a o kwadileng le Ngũgĩ wa Mirii wa gatisiwa ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le bosupa, o ne a wa gwetlha mothusa tautona wa lefatshe la Kenya wa nako eo ebong Daniel arap Moi go ntsha taolo ya gore a tshwarwe. Dikgatiso tsa motshameko wa gagwe, dibuka tsa ga Karl Marx, Friedrich Engels le Vladimir Lenin di ne tsa tsewa mo go ene. O ne a romelwa kwa kgolegelong ya Makiti Maximum Security Prison, a bewa koo a sa lekiwa kwa kgotlatshekelong sebaka sa ngwaga.

Ngugi o ne a beilwe mo kamoreng ya kgolegelo e nnye le magolegwa a mangwe a polotiki. Ka nako ya bontlha jwa go tshwarwa ga bone, ba ne ba letlelelwa go aramela letsatsi sebaka sa oura ka letsatsi. ka mafoko a ga Ngugi: "lefelo le pele le ne le dirisediwa magolegwa a a nang le bothata jwa tlhaloganyo pele ga le dirisiwa go tlhatlhela batho ba ba lwalang sepolotiki". O ne a ikgomotsa ka go kwala o n a kwala padi ya gagwe ya ntlha ya sesha ka teme ya Gikuyu, ya Devil on the Cross (Caitaani mutharaba-Ini), mo pampiring ya ntlwana ya boithomelo e ba neng ba e fiwa kwa kgolegelong.

Ka nako ya fa a le kwa kgolegelong, Ngugi o ne a tsaya tshwetso ya go emisa go kwala metshameko ya gagwe le tse dingwe ka teme ya seesemane a simolola go kwala ka teme ya ga bone ya Gikuyu.

Nako e Ngugi a e nnileng kwa kgolegelong e rotloeditse motshameko wa gagwe wa The Trial of Dedan Kimathi (wa ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le borataro.) A o kwadile le Micere Githae Mugo, The Trial of Dedan Kimathi o ne a wa diragadiwa kwa moletlong wa FESTAC 77 kwa Lagos, Nigeria. Motshameko o supa Kimathi mogaka wa tsuologo ya Mau Mau le mopati wa gagwe - molwantwa wa mme. Fa kimathi a le kwa kgolegelong, mosadi o ne a leka go mo falotsa mem o ruta dikokomane go tsweledisa ntwa. Basadi ba Kenya ba le bantsi ba ne ba tsaya karolo mo tsuologong ya Mau Mau.

Morago ga go gololwa ga ga Ngugi ka Morule nwgaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le borobabobedi, o ne a seka a busediwa mo tirong ya gagwe ya go tlhatlhelela dithuto kwa Nairobi University, ba lowlapa lwa gagwe ba tsenngwa dingalo. Ka a ne a kwadile ka tshiamologo ya puso e e gatelelang ka nako eo,Ngugi le ba lolwapa lwa gagwe ba ne ba patelesega go tshaba. Morago ga Daniel Arap Moi, tautona o o ntseng mo setilong sa botautona go feta botautona botlhe kwa Kenya,a sena go ithola tiro ka ngwaga wa dikete pedi le bobedi, go neng ga gololesega gore ba ka boela gae.

Go tshaba

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa a tshabile, Ngugi o ne a bereka le komiti ya kwa London ya kgololesego ya magolegwa kwa Kenya (go tswa ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le bobedi go tsena masome a robabongwe le borobabobedi). Matigaro ma Njiruungi (e ranotswe ke Wangui wa Goro go raya Matigare ka seesemane) e ne ya gatisiwa ka nako e. Ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le bone, e ne e le motlhatlhelela dithuto o o etileng kwa Bayreuth University, ngwaga o o latelang e ne ya nna mokwadi o o katisiwang kwa Borough of Islington kwa London. O ithutetse filimi kwa Dramatiska institute kwa Stockholm, Sweden (ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le borataro).

Dibuka tsa ga Ngugi tsa morago di akaretsa Detained, mekwalo ya gagwe ya letsatsi le letsatsi fa a le kwa kgolegelong (e gatisistswe ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le motso), Decolonising the Mind: The Politics of Lnaguage in African literature (e gatisistswe ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le borataro), mokwalo o o buang ka go kwala ka diteme tsa bone ga batho ba Aforika eseng ka diteme tsa Yuropa, gore ba latlhe dikamano tsa bone le bokolone le go aga dipadi tsa Aforika tsa boammaruri, le Matigari (e e ranotsweng ke Wangui wa Goro) (ya ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le bosupa), nngwe ya dipadi tsa gagwe tse di tumileng thata ke tlaopo ya leinane la Gikuyu. O itlhalosa e le mofaladi wa dibuka, o ne a supa gape gore: "ke ne ke tshwanelwa ke gore ke seka ka bua teme ya ga mme gore kgone go upolola teme ya ga mme."

Ngugi e ne e le motlhatlhelela dithuto o o etileng wa english le Comparative Literature kwa Yale University gareng ga dingwaga tsa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobdi le borobabongwe go tsena ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le bobedi. Ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le bobedi, e ne e le moeng kwa bokopanong jwa bakwadi ba Aforika Borwa a nna kwa motsaneng wa Zwide le Mzi Mahola, ngwaga o a nnileng motlhatlhelela dithuto kwa New york University, kwa a neng a tshwere setilo sa ga Erich Maria Remarque. O berekile e le motlhatlhelela dithuto wa tlhwatlhwa wa seesemane gape e le mookamedi wa ntlha wa lekgotla la International Center for Writing and Translation kwa University of California, kwa Irvine.

Lekgolo la dingwaga di le masome mabedi le motso

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Phatwe a le malatsi a robabobedi ngwaga wa dikete pedi le bone, Ngugi o ne a boela kwa Kenya e le bontlha jwa loeto lwa sebaka sa kgwedi kwa botlhaba jwa Aforika. Ka Phatwe a le lesome le motso, magodu a ne a thuba kwa ntlong ya gagwe e e nang le tshireletso e e kwa godimo: ba ne ba betsa Ngugi, ba dirisa mosadi wa gagwe botlhaswa gape ba utswa dilo dingwe tsa tlhwatlhwa e e kwa godimo. Fa Ngugi a boela kwa U.S kwa mafelong a loeto lwa kgwedi, banna ba le batlhano ba ne ba tshwarwa ka ba ne ba belaelwa e le bone ba dira molato, mongwe wa bone e le setlogolo sa gagwe. Ka ngwaga wa dikete pedi le borataro, bagatisi ba dibuka ba Amerika Random House ba ne ba gatisa padi ya gagwe e ntsha ya ntlha mo dingwageng di ka nna masome mabedi ya Wizard of the Crow, e e ranoletsweng mo seesemaneng go tswa puong ya Gikuyu ke mokwadi ka bo ene.

Ka Ngwanatsele a le lesome ngwaga wa dikete pedi le borataro, fa a le kwa San Francisco kwa Hotel Vitale kwa Embarcadero, Ngugi o ne a tshwenngwa a laolelwa go stwa kwa hoteleng ke mmereki. Tiragalo e ne ya baka mekubukubu mo setshabeng ya shakgatsa batho abnstho ba Amerika le ma Aforika a a nnang kwa Amerika, mo go neng ga baka go ikopa maitshwarelo ga hotele.

Dibuka tsa ga Ngugi tsa mo bosheng di akaretsa Globalectics: Theory and the politics of Knowing (e e gatisitsweng ka ngwaga wa dikte pedi lesome le bobedi), le Something Torn and New: An African Renaissance, kgobokanyo ya mekwalo e e gatisitsweng ka ngwaga wa dikete pedi le borobabongwe e e buang ka seabe sa diteme tsa Aforika mo go tsosoloseng tlhaloganyo ya Aforika, e Publishers Weekly e buileng jaana ka yone: puo ya ga Ngugi e ntsha; dipotso tse a di botsang di maleba, se a buang ka sone se a utlwala: go bolaya teme ke go bolaya go gakologelwa ga batho". Se se ne sa salwa morago ke dikwalo tse pedi tsa botshelo jwa gagwe tse di neng tsa amogelesega sentle tsa: Dreams in a Time of War: A childhood memoir (e e gatisitsweng ka ngwaga wa dikete pedi lesome) le ya In The House of the Interpreter: A Memoir (e e gatisitsweng ka ngwaga wa dikete pedi lesome le bobedi) e e neng e tlhalosiwa e kwadilwe sentle thata ebile e tlhokega ke Los Angeles Times, gareng ga dikakgolo tse dingwe.

Go ne go na le magatwe a a sa feleng a gore Ngugi o ka nna mongwe wa ba ba tlaa fenyang seetsele sa Nobel Prize ya padi, o ne a supilwe e le o o rategang thata ka ngwaga wa dikete pedi lesome. Le fa go ntse jalo, ngwaga o o e ne ya neelwa mokwadi wa lotso lwa Peru Mario Vargas Llosa, morago Ngugi o n a begiwa are ga a kgobega marapo thata jaaka bakapa dinepe ba ba neng ba kgobokane kwa ntle ga lolwapa lwa gagwe: "ke nna o ke neng ke ba gomotsa".

Polelo-khutswe ya ngwaga wa dikete pedi lesome le boraro ya ga Ngugi ya The upright Revolution: Or Why Humans Walk Upright e ne ya nna polelokhutswe e e ranotsweng gantsi go feta diwalo tsotlhe mo ditsong tsa dipadi tsa Aforika, e na le dithanolo di feta lekgolo. E kwadilwe pele ka temeya Gikuyu, ka thanolo ya seesemane ee dirilweng ke mokwadi ka sebele, ga mmogo le dithanolo tsa diteme tsa Aforika di le dintsi, e ntshitswe ke Jalada Africa Trust, kgobokanyo ya bakwadi ba Aforika, mo tsebeng ya bone ya Translation Issue, ba simolola porojeke e e neng e ikaelela go ranolela polelo nngwe le nngwe mo ditemeng tsa Aforika di le dikete pedi. Ka ngwaga wa dikete pedi lesome le borobabongwe, the Upright Evolution, Or Why Humans Walk Upright, e tshwantshitswe ke Sunandini Banerjee, e gatisitswe ke Seagull Books.

Buka ya ga Ngugi ya The Perfect Nine, e e kwadilweng ya bo ya gatisiwa ka teme ya Gikuyu ka setlhogo sa Kenda Muiyuru: Rugano Rwa Gikuyu na mumbi (ya ngwaga wa dikete pedi lesome le borobabongwe), e ne ya ranolelwa kwa seesemaneng ke Ngugi ka kgatiso ya yone ya ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi, ke maboko a polelo ya tlholego ya batho ba gagwe. E ne ya tlhalosiwa ke Los Angeles Times e le padi e e sekasekang mainane ka leitlho la Aforika o o kopaneng le balwela ditshwanelo ba bomme. Kakgelo mo World Literature Today e ne ya re:

"Ngugi o kwala go bolelwa sesha fa mainane le ditumelo tsa batho ba Gikuyu a a gatelelang bontle, go nna pelokgale, botlhokwa jwa go dumela mo mongweng, kopano, tshiamo mo ditumelong tsotlhe. Dilo tse tsotlhe di dira polelo ya the Perfect nine polelo ya dikgakagamatso le tswelelo pele; sesha le tumelo; dilo tsa tshimologo le phelelo; kgaologelo ya dilo tsa bogologolo."

Fiona Simpson mo The Guardian o ne a soboka ka gore The Perfect nine ke tiro e ntle thata e e sa tlhaoleng botaki jwa maemo le go bolela dipolelo ga ditso, mme e supa selo se le sengwe, gore botshelo bo na le mosola.

Ka Mopitlo ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso, the Perfect Nine e ne ya nna buka ya ntlha e kwadilwe ka teme ya Aforika go phadisanela seetsele sa International Booker Prize, Ngugi e le motho wa ntlha go tlhophiwa e le mokwadi le moranodi wa buka.

Fa a bodiwa ka ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le boraro gore a Kenyan English kgotsa Nigerian English ke diteme tsa kwa gae, Ngugi wa Thiongó o ne a fetola ka gore "go tshwana le batho ba ba dirilweng makgoba ba itumelela gore ga bone ke bokgoba jwa mo gae. English ga se teme ya Aforika. French ga se teme ya Aforika. Kenyan kgotsa Nigerian English ke matlakala. Se ke sekai sa go dumalana le dilo tse di sa tlwaelesegang. Ba ba gateletsweng ba leka go tsaya puo ya ba ba neng ba ba okametse ke sekai sa bokgoba." Ka ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le botlhano, o n a akgela are : "mo Kenya, le gompieno, re na le bana le batsadi ba bone ba ba sa kgoneng go bua teme ya bo mmaabo...ba a itumela fa ba bua English ba bo ba itumele thata fa bana ba bone ba sa itse teme ya bone. Ke sone se ke reng ke go gatelelwa tlhaloganyo". O ne a akgela gape gore ga a na bothata le go bua english, mme ga ke batle gore e nne yone teme ya me ya boremelelo...fa o itse diteme tsotlhe tsa lefatshe, o sa itse puo ya ga mmago, selo seo ke bokgoba, bokgoba kjwa tlhaloganyo. Mme fa o iste teme ya ga mmago, o bo o itse tse dingwe gape, seo ke go nonofa."

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Bana ba gagwe ba bane ke bakwadi ba ba gatisitseng dibuka: tee Ngugi, Mukoma wa Ngugi, Nducu wa Ngugi le Wanjiku wa Ngugi.

Bolwetse le loso

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le botlhano, Ngugi wa Thiong'o o ne a fitlhelwa a na le kankere a bolelelwa gore o na le dikgwedi di le tharo tsa botshelo; le fa go ntse jalo, o ne a fola. Ka ngwaga wa dikete pedi lesome le borobabongwe, o ne a diriwa loaro lwa pelo, ka nako eo o ne a simola go lwala diphilo. o tlhokafaletse kwa Buford, Georgia, kwa united States ka Motsheganong a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le botlhano a le dingwaga di le masome a robabobedi le bosupa. Fa a tlhokafala, Ngugi go bolelwa fa a ne a amogela kalafi ya diphilo, mme se se bakileng loso lwa gagwe ga sea itsisiwe.

Morago ga loso lwa ga Ngugi, metswedi ya dikgang ya kwa bophirima e ne ya tlotlomatsa maiteko a gagwe go lwantsha bokolone le tse dingwe tse a neng a di kgala. Mokwadi wa kwa nigeria Wole Soyinka, mokwadi wa kwa kenya david Gian Maillu, tautona wa lefatshe la Kenya William Ruto, le mapolotiki Stepheng Kalonzo Musyoka le Raila Odinga ba ne ba mo tswa matshidiso morago ga loso lwa gagwe.

Dietsele le ditlotla

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a marataro le borataro: seetsele sa UNESCO sa padi ya gagwe ya ntlha ya Weep Not Child, kwa moletlong wa ntlha wa mafatshe wa botaki kwa Dakar, Senegal.
  • Ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le boraro: The Lotus Prize ya padi kwa Alma Atta, Khazakhistan
  • Ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a mabedi le bobedi (Moranang a le malatsi a marataro): Seetsele sa Paul Robeson sa bokgeleke jwa botaki kwa Philadelphia U.S
  • Ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le boraro: Seetsele sa Zora Neale Hurston-Paul Robeson, se abilwe ke National Council for Black Studies, kwa Accra, Ghana
  1. ↑ "Ngugi wa Thiong'o". Encyclopaedia Britannica. 29 May 2025. Retrieved 8 October 2026
  2. ↑ Cowell, Alan (29 May 2025). "Ngugi wa Thiong'o, Writer Who Condemned Colonists and Elites, Dies at 87". The New York Times. ISSN 0362-4331. Retrieved 8 October 2026
  3. ↑ "Ngũgĩ wa Thiong'o - a giant of African literature - dies aged 87". www.bbc.com. 28 May 2025. Retrieved 8 October 2026
  4. ↑ Kilolo, Moses (2020). "The single most translated short story in the history of African writing: Ngũgĩ wa Thiong'o and the Jalada writers' collective". The Routledge Handbook of Translation and Activism. Routledge. doi:10.4324/9781315149660-21. ISBN 978-1-315-14966-0. S2CID 219925787. Retrieved 8 October 2026