Ngalo ditiro ya babereki ba dikonteraka ba Namibia go tswa ka 1971 go tsena 1972
Ngalo ditiro ya babereki ba dikonteraka ba Namibia go tswa ka 1971 go tsena ka 1972 e ne e le kgotlhang ya tsa pereko kwa Namibia gareng ga babereki ba dikonteraka ba bantsho(bogolo jang ba meepo)[1] le puso ya tlhaolele. Babereki ba ne ba batla go fedisa pereko ya konteraka, e bontsi bo neng bo e supa e tshwana le bokgoba.[2][3] Maikaelelo magolo e le go buelela boipuso mo bogoging jwa SWAPO.[3]
Ngalo ditiro e simologile ka Morule a le lesome le boraro ngwaga wa 1971 kwa Windhoek le ka lesome le bone kwa Walvis Bay pele ga e anamela kwa meepong ya America [4]ya Tsumeb le e mengwe. Babereki ba Ka nna dikete di le masome mabedi le botlhano ba ne ba tsaya karolo mo ngalong ditiro e, bogolo jang ba ba tswang kwa Ovamboland kwa kgaolong e e kwa bokone e e senang banni ba le bantsi.[5][6][3] Ngalo ditiro e ne ya tswelela mo ngwageng o o latelang, ya fela ka Mopitlo ngwaga wa 1972.
Tse di diragetseng pele
[fetola | Fetola Motswedi]Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Ka nako e, lefatshe la Namibia le ne le le ka fa tlase ga puso ya tlhaolele e le kolone ya Aforika Borwa.[5] Puso ya semmuso ya tlhaolele kwa Union of South Africa e simologile ka 1948,[7] ya anamela kwa South West Africa. Ka dingwaga tsa 1960 di le fa gare, masome a le mane go tsena a le matlhano mo lekgolong la babereki ba bantsho e ne e le batswakwa ba ba thapilweng ka dikonteraka go tswa kwa moleng o mohibidu kwa bokone.[5]
Tsamaiso ya konteraka e ne e laolwa ke SWANLA, lekgotla la puso. Motho montsho mongwe le mongwe o a neng a nna mo dikgaolong tseo o ne a sa letlelelwe kwa ntle ga dikgaolo ntle le ba beile monwana konteraka ya dikgwedi di le lesome le bobedi go tsena lesome le borobabobedi le SWANLA, ba ba neng ba na le dituelo tse di beilweng le melao ntle le tumalano le babereki. Babereki ba ne ba tshwanela go nna ba tshotse dibukana tsa mesepele, metsamao ya bone e laolwa ebile e tsentswe leitlho. Basadi ba ne ba sa letlelelwe go baya menwana dikonteraka, ebile ba sa letlelelwe go ya kwa ntle ga kgaolo.[5]
Babereki ba dikonteraka ba ne ba adimiwa dikgwebo tse dingwe ke SWANLA. Go tlola melao ya konteraka, jaaka go ithola marapo, go ne go tsisa makgamu a ditsuolodi le kotlhao e e tseneletseng e e neng e ka dirwa ke mohiri. Babereki ba konteraka ba ne ba nna mo metseng e e neng e laolwa ke bahiri ba bone ka SWANLA.[5] Ka diemo tse di sa iketlang tsa pereko, e ne e tshwantshanngwa ke ba le bantsi le bokgoba.[2][3]
- ↑ "South Africa Flies Extra Policemen to Area of Strike by 13,000 Black Miners". The New York Times. 13 January 1972.
- 1 2 "Ovambo migrant workers general strike for rights, Namibia, 1971–72". Global Nonviolent Action Database.
- 1 2 3 4 Rogers, Barbara (1972). "Namibia's General Strike". Africa Today. 19 (2): 3–8. ISSN 0001-9887. JSTOR 4185227.
- ↑ "ACOA fact sheets: STRIKE IN NAMIBIA" (PDF). AMERICAN COMMlTTEE ON AFRICA. January 7, 1972.
- 1 2 3 4 5 Moorsom, Richard (April 1979). "Labour Consciousness and the 1971–72 Contract Workers Strike in Namibia". Development and Change. 10 (2): 205–231. doi:10.1111/j.1467-7660.1979.tb00041.x.
- ↑ Jauch, Herbert (2018). "Namibia's Labour Movement: An Overview History, Challenges and Achievements" (PDF). Friedrich Ebert Foundation.
- ↑ Kenney, Henry (2016). Verwoerd: Architect of Apartheid. Jonathan Ball Publishers. ISBN 978-1-86842-716-1.