Jump to content

Ngwaga wa 2017 mo Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Ditiragalo tsa ngwaga wa dikete pedi lesome le bosupa mo Botswana.

Baeteledipele ba nako eo

[fetola | Fetola Motswedi]

Ditiragalo

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Moranang a le malatsi a mararo - thoromo ya lefatshe ya bokete jwa 6.5 e diragetse kwa kgaolong ya legare la Botswana[1]
  • Ka Lwetse ngwaga wa dikete pedi lesome le bosupa, kgotlatshekelo e kgolo ya Botswana e ne ya atlhola gore go gana go fetola bong jwa monna o o iphetotseng bong ga mokwadisi wa lefatshe go "gataka ditshwanelo tsa gagwe tsa molaomotheo tsa go nna le seriti, sephiri, kgololesego ya puo, tekatekano ya tshireletso ya molao, kgololesego mo go tlhaolweng le kgololesego mo go tshwarweng ka tsela e e seng ya setho".Balwela ditshwanelo tsa batho ba ba ratanang ka bong bo bo tshwanang ba ne ba ipelela katlholo e ba e tlhalosa e le phenyo e kgolo.[2][3] Pele, puso ya Botswana e ne ya itsise fa e tlaa ikuela ka katlholo e, mme morago ba e boela morago ka Morule, ba neela monna o o iphetotseng bong sesupo se sesha se se supang bong jwa gagwe.[4]

Tsheko e e tshwanang, e mosadi o o iphetotseng bong a neng a batla go fetola bong jwa gagwe go nna mosadi, e ne ya reediwa ka Morule ngwaga wa dikete pedi lesome le bosupa. Kgotlatshekelo kgolo e ne ya atlhola gore puso e tshwanetse go lemoga bong jwa gagwe.[5] O ne a re o tshwaela phenyo e motho mongwe le mongwe mo Botswana o o farologanang ka bong.

Quett Masire
  • Moranang a le masome mabedi le borobabobedi - Gofaone Tiro, motshameki wa kgwele ya dinao[6]
  • Moranang a le masome mabedi le borobabongwe - Herbert Nkabiti, motshameki wa mabole (o o tshotsweng ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le motso).[7]
  • seetebosigo a le masome mabedi le bobedi - Quett Masire, mopolotiki (o o tshostweng ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabaongwe masome a mabedi le botlhano)
  1. "Strong 6.5-magnitude quake strikes Botswana". News24. 3 April 2017. Archived from the original on 9 April 2017. Retrieved 29 July 2026
  2. "Botswana: Activists Celebrate Botswana's Transgender Court Victory". Archived from the original on 2019-06-21. Retrieved 29 july 2026
  3. "Press Release: Botswana High Court Rules in Landmark Gender Identity Case". Archived from the original on 2020-11-27. Retrieved 2026-07-29.
  4. “Sweet closure” as Botswana finally agrees to recognise trans man, Mambaonline
  5. "Botswana to recognise a transgender woman's identity for first time after historic High Court ruling". independent.co.uk. 18 December 2017. Archived from the original on 2022-05-01.
  6. "Township Rollers' Gofaone Tiro collapses and dies". 28 April 2017. Retrieved 29 July 2026
  7. "Botswana boxer Herbert Nkabiti has died". Kwese.espn.com. 30 April 2017. Retrieved 29 July 2026