Jump to content

Ngwaga wa 2022 mo Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Lefatshe la Botswana le ne ka tswelela ka go lwantsha segajaja sa COVID-19 ka ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le bobedi, go akaretsa go bonwa ga mofuta wa COVID-19 wa Omicron BA.4 le BA.5, ka dikiletso tsa COVID-19 di repisiwa ka Phalane. Dikgotlhang di ne tsa tswelela ka go nna teng mabapi le molelwane wa Botswana le Namibia, le ntswa go ne ga diriwa lenaneo la molelwane o o butsweng ka Lwetse. Kgotlhang gareng ga ga tautona Mokgweetsi Masisi le o a neng a mo tlhatlhama Ian Khama e ne ya ya magoletsa ka ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le bobedi, e gakadiwa ke katlholo ya ditlhobolo kgatlhanong le Khama le mokwalo wa go mo tshwara. Puso gape e ne ya itemogela dikganetsano ka go ema nokeng ga ditshutiso tse di tlaa e neelang maatla a mangwe a go nna le baela dilotlhoko ba sephiri le go laola babegadikgang.

Babusi ba nako eo

[fetola | Fetola Motswedi]

Tautona:Mokgweetsi Masisi

Mothusa tautona: Slumber Tsogwane

Motsamaisa dipuisano tsa palamente: Phandu Skelemani

Moatlhodimogolo: Terence Rannowane

Tse di tsweletseng

[fetola | Fetola Motswedi]

Ditiragalo

[fetola | Fetola Motswedi]

Firikgong

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Firikgong a le malatsi a mararo go tsena a le lesome le bobedi - tautona Masisi o tsena mo serubing morago ga go fitlhelwa a na le mogare wa COVID-19 mme a sa supe dikai dipe.[1]
  • Firikgong a le lesome le motso - seopedi sa Aforika Borwa Makhadzi o itsise fa a tlaa dira moletlo wa mosadi a le mongwe mo Botswana, dipoelo tsa one di tsewa ke lefatshe , mo go neng ga baka ngangisano kwa ga gabo kwa Limpopo.[2]
  • Firikgong a le lesome le bobedi - kompone ya Botswana Diamonds e bega fa kimberlite e e fitlhelwang mo porojekeng ya yone ya noka ya Aforika Borwa e e mitlwa e feta e e neng e solofetswe, e baka gore e ya kwa godimo ka 19%.[3]
  • Firikgong a le lesome le borobabobedi -  puso ya Botswana e simolola go phatlhalatsa mekento ya tlaleletso ya COVID-19.[4]
  • Firikgong a le masome mabedi - masole a Botswana a rolwa molato wa dipolao tsa batho ba Namibia mo molelwaneng wa Botswana-Namibia, go thatafatsa botsalano jwa mafatshe o o mabedi.[5]
  • Firikgong a le masome mabedi le bone
    • Tautona Masisi o kopana le baemedi ba lekgotla la batho ba ba ratanang ka bong bo le bongwe go bua ka maikaelelo a gagwe a go boela morago go dira go ratana ka bong bo bo tshwanang molato.[6]
    • Kgotlatshekelo kgolo ya Botswana e tshegetsa teseletso ya go lema motekwane, e re ga e a tsewa sentle.[7]
  • Tlhakole a rogwa
    • Palamente ya Botswana e dumalana le molao wa dithoto tse di mo maranyaneng go laola cryptocurrency [8]
    • Vast Resources e ikgogela kwa morago mo tumalanong ya go reka moepo wa diteemane wa Ghaghoo mo Gem Diamonds .[9]
  • Tlhakole a le malatsi a mane - puso e fetola molao wa go nna le baeladilotlhoko ba sephiri go iletsa go reediwa ga dipuisano tsa sephiri.[10]
  • Tlhakole a le lesome le bone - lefatshe la Botswana le simolola molao wa gore mongwe le mongwe o o tsayang loeto go ya Botswana a kentiwe. Molao o ne wa emisiwa kgwedi e e latelang.[11]
  • Tlhakole a le masome mabedi le boraro - go nna le go hulana ka ditlhobolo mo Gaborone fa sepodisi sa Botswana se lwantsha setlhopha sa dithukuthi tse di neng di tshotse ditlhobolo le koloi, ba bolaya ba robabongwe mo go ba le lesome le motso.[12]
  • Mopitlo a le masome a mabedi le motso - Tshekedi Khama II le Anthony Khama, bomotsalwa le Ian Khama, ba tshwarwa ke lekgotla la  DISS, ba atolosa kgotlhang gareng ga tautona wa pele Khama le wa nako eo Masisi.[13] Keabetswe Makgophe, mookamedi wa sepodisi sa Botswana le ene o a tshwarwa.[14]
  • Motsomi o bolaya nngwe ya ditlou tse ditona tsa Botswana.[15]
  • Kgotlatshekelo e gana kopo ya go letlelela monna o o tlhokafetseng go bolokelwa kwa Central Kalahari Game Reserve.[16] Mmele wa gagwe o tlaa bewa kwa setsidifatsing ka lobaka lo lo sa itsiweng fa go santse go goga goganwa.[17]
  • Moranang a le malatsi a mane - Botho Bayendi o thapiwa go nna mookamedi wa komiti ya lefatshe la Botswana ya metshameko ya di Olympic.[18]
  • Moranang a le lesome - Ntlhopheng wa Umbrella for Democratic Change Mankie Sekete o fenya ditlhopho tsa poeletso tsa kgotla ya Bophirima.[19]
  • Moranang a le lesome le motso - go lemogiwa mofuta wa COVID-19 wa Omicron BA.4 le BA.5 mo Botswana.[20]
  • Moranang a le lesome le borataro - motlae wa maranyane o dira gore go nne le tumelo e e seng boammaruri ya gore lefatshe la Botswana le wetswe ke kapoko e le lantlha[21]
  • Moranang a le masome mabedi - komiti ya kgololesego ya babegadikgang ba Botswana e a tlhamiwa[22]
  • Moranang a le masome mabedi le motso - tautona wa pele Khama o bilediwa fa pele ga kgotlatshekelo go bo a tshotse ditlhobolo tse di seng ka fa molaong.[23]

Motsheganong

[fetola | Fetola Motswedi]

Motsheganong a le lesome le borataro - kompone ya lookwane lwa lefatshe la Botswana e supa kgatlhego ya yone ya go aga sefetlha motlakase wa magala wa dibilone di le pedi le botlhano.[24]

Motsheganong a le masome a mabedi le motso - batho ba le babedi  ba bolawa mo kotsing kwa moepong wa selefera le kopore.[25]

Seetebosigo a rogwa - Andrew Motsomi o thapiwa e le mookamedi wa Debswana.[26]

Seetebosigo a le masome a mabedi le bone - komiti ya diolimpiki ya Botswana e simolola lenaneo la metshameko ya botshelo la banana.[27]

  • Phukwi
    • Moitseanape wa megare Madisa Mine o itsise fa lefatshe la Botswana le fitlheletse dikgele tse lenaneo le le kopanetsweng la United Nations la HIV/AIDS 95-95-95 kwa bokopanong jwa masome a mabedi le bone jwa mafatshefatshe jwa HIV/AIDS.[28]
    • Kompone ya Botswana Diamonds e simolola go epa kwa porojekeng ya noka ya Thorny.[29]
  • Phukwi a le lesome le bobedi - motabogi Nigel Amos o seegelwa kwa thoko mo mabelong a mafatshefatshe morago ga gore maduo a tlhatlhobo ya gagwe ya ditagi a boe a supa fa a na le ditagi.[30]
  • Phatwe
    • Setlhopha sa Caprivi se se tshwenyegileng se tsisa tautona Masisi le moeteledipele wa sesole Placid Segokgo kwa kgotlatshekelong ya mafatshefatshe mabapi le dipolao tsa banna ba kwa Namibia ba le bane kwa molelwaneng wa Botswana le Namibia.[31]
    • Lefatshe la Botswana le emisa thekiso ya nama ka ntlha ya go tlhagoga ga bolwetse jwa tlhako le molomo.[32]
  • Phatwe a le malatsi a mararo - lekgetho la Botswana la dithoto le fokodiwa go tswa kwa go 14% go ya kwa go 12% ka nakwana.[33]
  • Lwetse - palamente e tlhomamisa go tlhamiwa ga lekgotla la bobegadikgang go laola bobegadikgang.[34]
  • Lwetse a robabongwe - molelwane wa Botswana le Namibia e nna molelwane o o butsweng.[35]
  • Phalane - mafatshe a Botswana le Namibia a nna le tumalano ya go busiwa ga magolegwa[36]
  • Phalane a le lesome le borobabobedi - lefatshe la Botswana le tlosa dikiletso tsa mesepele tsa batho ba ba tsayang maeto go ya mafatsheng a sele[37]
  • Phalane a le masome mabedi le bone go tsena a le masome mabedi le borataro - bokopano jwa ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le bobedi jwa boeteledipele jwa bojanala mo Aforika bo tshwarelwa mo Gaborone.[38]
  • Phalane a le masome mararo le motso- Kompone ya Tsodilo Resources e sekisa lephata la ditswammung, phefo e e babalesegileng le tshireletso ya kgothetso mabapi le go ntshafadiwa ga diteseletso[39]

Ngwanatsele

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Ngwanatsele a le malatsi a mararo - sefetlha motlakase sa boremelelo sa koporase ya motlakase se senyegile, mo go bakang dikgago tsa motlakase mo lefatsheng ka bophara.[40]
  • Ngwanatsele a le malatsi. a mane - tautona Masisi o amogela mogakolodi wa kwa Saudi Arabia Ahmed bin Abdulaziz Qattan mo Gaborone[41]
  • Ngwanatsele a le lesome le motso - kompone ya Orange S.A e simolola mafaratlhatlha a 5G mo Botswana, e le a ntlha mo Aforika.[42]
  • Ngwanatsele a le masome mabedi le borobabongwe -  loso lwa ntlha lwa lesole la Botswana kwa Cabo Delgado.[43]
  • Morule - lokwalo lwa go tshwara Ian Khama le matona a mangwe a puso go bo a fitlhetswe ka ditlhobolo e se ka fa molaong lo a ntshiwa[44]
  • Firikgong a le lesome le borataro - Kathleen Nono Kgafela, a le dingwaga di le masome a supa le borobabongwe, mohumagadi wa Bakgatla[45]
  • Firikgong a le lesome le borobabongwe - Polino Baleja, motshameki wa meropa, go ema ga pelo[46]
  • Tlhakole - Kgosi Maburu, a le dingwaga di le masome a mararo le boraro, seopedi; go tlhokago tsamaya sentle ga loaro lwa boboko.[47]
  • Mopitlo a le malatsi a mane - Tumelo Mafoko, a le dingwaga di le masome a mane le bone, seopedi
  • Motsheganong - Jaqualine Tebogo Khama, a le dingwaga di le masome a supa le bobedi, morwadia tautona Seretse Khama gape e le kgaitsadie tautona Ian Khama[48]
  • Motsheganong a le malatsi a mabedi - Reuben Ketlhoilwe, a le dingwaga di le masome a marataro, mokhanselara wa kgaolo ya botlhophi ya Moselewapula, bolwetse[49]
  1. "Botswana's president ends isolation after asymptomatic COVID-19". Reuters. 2022-01-12. Retrieved 30 July 2026
  2. Gaanakgomo, Constance (2022-01-12). "Makhadzi responds to criticism over Botswana show instead of having one back home". TimesLIVE. Retrieved 30 July 2026
  3. "Botswana Diamonds shares shoot up on Thorny River potential". Mining.com. 2022-01-12. Retrieved 30 July 2026
  4. Ndebele, Lenin (2022-01-26). "Botswana has stockpile of 3 million Covid-19 vaccines, starts offering booster jabs". News24. Retrieved 30 July 2026
  5. Lute, Aubrey (2022-01-31). "Namibia mulling action against Botswana over BDF inquest ruling". Weekend Post. Retrieved 30 July 2026
  6. Riley, John (2022-01-25). "Botswana's president promises to implement court ruling decriminalizing homosexuality". Metro Weekly. Retrieved 30 July 2026
  7. Ndebele, Lenin (2022-01-24). "Botswana High Court upholds marijuana licence for single firm to produce cannabis for goods". News24. Retrieved 30 July 2026
  8. Mguni, Mbongeni (2022-02-02). "Botswana to Regulate Crypto That Was Feared Becoming 'Wild West'". Bloomberg.com. Retrieved 30 July 2026
  9. "Vast Resources pulls out of deal to buy Botswana's Ghaghoo diamond mine". Mining.com. 2022-02-01. Retrieved 30 July 2026
  10. Dube, Mqondisi (2022-02-04). "Botswana Government Waters Down Phone Tapping Bill After Public Outcry". VOA. Retrieved 30 July 2026
  11. Dube, Mqondisi (2022-03-20). "Botswana Drops Vaccine Mandate for Travelers". VOA. Retrieved 30 July 2026
  12. Ndebele, Lenin. "SA man among 9 killed in shootout with Botswana police, following cash-in-transit robbery". News24. Retrieved 30 July 2026
  13. Koboyatau, Tumelo (2022-03-22). "Khama brothers arrested". Weekend Post. Retrieved 30 July 2026
  14. "Makgophe's arrest an embarrassment". Mmegi Online. 2022-03-28. Retrieved 30 July 2026
  15. "Iconic Big Tusker Elephant Killed by Trophy Hunter in Botswana". SAPeople. 2022-04-22. Retrieved 30 July 2026
  16. Letswela, Kagiso (2022-02-28). "Gov't fears backlash from CKGR burial saga". Weekend Post. Retrieved 30 July 2026
  17. Basimanebotlhe, Tsaone (2023-01-24). "Gaoberekwe's body still in morgue". Mmegi Online. Retrieved 30 July 2026
  18. Bila, Leticia (2022-04-06). "Botswana National Olympic Committee appoints new chief executive". www.insidethegames.biz. Retrieved 30 July 2026
  19. Mosinyi, Thato (2022-04-10). "UDC wins Bophirima ward". Daily News Botswana. Retrieved 30 July 2026
  20. "New COVID-19 variant detected in Botswana, Namibia busy doing genomic surveillance". Namibia Economist. 2022-04-14. Retrieved 30 July 2026
  21. "New COVID-19 variant detected in Botswana, Namibia busy doing genomic surveillance". Namibia Economist. 2022-04-14. Retrieved 30 July 2026
  22. Mlilo, Portia (2022-04-21). "Botswana Media Freedom Committee launched". TheVoiceBW. Retrieved 30 July 2026
  23. "Former Botswana president faces criminal charges". Africanews. 2022-04-21. Retrieved 30 July 2026
  24. "Botswana plans $2.5 bln coal-to-liquids plant to cut fuel imports". Reuters. 2022-05-16. Retrieved 30 July 2026
  25. "Work suspended at Botswana's Khoemacau copper mine after accident kills two". Reuters. 2022-05-21. Retrieved 30 July 2026
  26. "Debswana hopes new, outsider MD will bring the shine back to its diamond business". Africa Intelligence. 2022-06-08. Retrieved 30 July 2026
  27. Iveson, Ali (2022-06-24). "Botswana NOC starts Sport for Life project with administrators' training course". www.insidethegames.biz. Retrieved 30 July 2026
  28. Haseltine, William A. "An End To HIV In Botswana, Why Can't We Accomplish The Same In The US?". Forbes. Retrieved 30 July 2026
  29. "Botswana Diamonds kicks off drilling at Thorny River's high-grade area". Mining.com. 2022-07-18. Retrieved 30 July 2026
  30. "Botswana's Amos suspended for doping ahead of World Championships". Reuters. 2022-07-13. Retrieved 30 July 2026
  31. Tjitemisa, Kuzeeko (2022-08-18). "Masisi reported to ICC over Nchindo killings". New Era Live. Retrieved 30 July 2026
  32. Mguni, Mbongeni (2022-10-17). "Botswana Resumes Beef Exports to EU After Foot-and-Mouth Ban". Bloomberg. Retrieved 30 July 2026
  33. "Of 14%, 12% & 0% VAT post 03.08.22". The Business Weekly & Review. 2022-08-09. Retrieved 30 July 2026
  34. Harber, Anton (2022-09-28). "Botswana Media Practitioner Act is a threat to freedom of the media". Daily Maverick. Retrieved 30 July 2026
  35. Williams, Chad. "Namibia and Botswana to abolish the use of passports between the two countries". www.iol.co.za. Retrieved 30 July 2026
  36. "Namibia and Botswana agree to exchange prisoners". The Namibian. 2022-10-28. Retrieved 30 July 2026
  37. "Botswana: Authorities remove COVID-19 entry restrictions as of Oct. 18". Crisis24. Retrieved 30 July 2026
  38. Obinna, Emelike (2022-11-06). "African tourism on spotlight at ATLF 2022". BusinessDay. Lagos, Nigeria. Retrieved 30 July 2026
  39. Bulbulia, Tasneem (2022-11-07). "Tsodilo initiates legal action against Botswana Ministry". Mining Weekly. Retrieved 30 July 2026
  40. Mguni, Mbongeni (2022-11-04). "Power Cuts Hit Botswana After Main Generation Plant Fails". Bloomberg.com. Retrieved 30 July 2026
  41. "Saudi minister meets with President of Botswana in Gaborone". Arab News. 2022-11-04. Retrieved 30 July 2026
  42. "Orange launches first African 5G network in Botswana". Reuters. 2022-11-11. Retrieved 30 July 2026
  43. Bothoko, Pini (2022-12-02). "Botswana records first combat death". Mmegi Online. Retrieved 30 July 2026
  44. "Ian Khama: Botswana issues arrest warrant for former president". BBC News. 2022-12-30. Retrieved 30 July 2026
  45. Selatlhwa, Innocent (2022-01-18). "Bakgatla queen mother passes on At 79". Mmegi Online. Retrieved 30 July 2026
  46. Kaelo, Goitsemodimo (2022-01-23). "Showbiz industry pays tribute to late Polino". Mmegi Online. Retrieved 30 July 2026
  47. Kaelo, Goitsemodimo (2022-03-06). "Remembering the iconic late Mafoko". Mmegi Online. Retrieved 30 July 2026
  48. Tlhankane, Mompati (2022-05-24). "Khama family mourns eldest kin". Mmegi Online. Retrieved 30 July 2026
  49. Mkhutshwa, Lesedi (2022-05-09). "Tributes pour in for Ketlhoilwe". Mmegi Online. Retrieved 30 July 2026