Jump to content

Ngwaga wa 2025 mo Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Ditiragalo tsa ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le botlhano mo Botswana.

Babusi ba nako eo

[fetola | Fetola Motswedi]

Ditiragalo

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Tlhakole a le masome mabedi le bone - merwalela ya ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le botlhano:batho ba robabongwe ba begiwa ba bolailwe ke merwalela e e neng e apesitse lefatshe ka bophara mo bekeng e e fetileng.[1]
  • Tlhakole a le masome mabedi le botlhano - puso e baya monwana tumalano e ntsha le De Beers e oketsa seabe sa yone mo dithekisong tsa diteemane mo femeng e e kopanetsweng ya Debswana.[2]

Motsheganong

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Motsheganong a le masome mabedi le borobabobedi - Global Venture Partners (GVP) le Botswana Investment and Trade Centre (BITC) di itsise ka go tlhamiwa ga diofisikgolo tsa GPV tsa Aforika mo Botswana.[3]
  • Phukwi a le malatsi a mane - Lenaneo la baithuti ba ba pasitseng go gaisa la bana ba sekolo se segolwane le a emisiwa ka ntlha ya tlhaelo ya madi.[4]
  • Lwetse a le lesome le borobabobedi - Busang Kebinatshipi o fenya seetsele sa gouta kwa dikgaisanyong tsa mabelo tsa mafatshefatshe kwa Japan, Tokyo mo lobelong lwa dimithara di le makgolo a mane, a fetsa ka metsotswana e le 43.53. O mongwe wa setlhopha sa gagwe Bayapo Ndori o fenya boronse mo lebelong leo. Botlhe ba fenya dietsele tsa Botswana tsa ntlha, mo go gwetlhang tautona Boko go dira letsatsi la Lwetse a le masome mabedi le borobabongwe letsatsi la boitapoloso.[6]
  • Phalane a rogwa - phetolo mo molaong wa meepo le ditswammung e e tlhokang gore dikompone tsa meepo di rekise 24% wa seabe sa tsone ba rekisetsa babeeletsi ba mo gae fa puso e tlhopha go sa reke, o a dirisiwa.[7]

Malatsi a boitapoloso

[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi:[8][9]

  • Firikgong a rogwa - letsatsi la ngwaga o mosha
  • Moranang a le lesome le borobabobedi - Labotlhano o o molemo (papolo ya Morena)
  • Motsheganong a rogwa - letsatsi la babereki
  • Motsheganong a le masome mabedi le borobabongwe - letsatsi la tlhatlogo ya ga Keresete
  • Phukwi a rogwa - Matsalo a ga Seretse Khama
  • Phukwi a le masome mabedi le motso - letsatsi la ga tautona
  • Lwetse a le masome mabedi le borobabongwe - letsatsi la go ipelela phenyo ya batabogi ba ba fentseng[10]
  • Lwetse a le masome mararo - boipuso
  • Morule a le masome mabedi le botlhano - letsatsi la matsalo a ga Keresete
  • Morule a le masome mabedi le borataro - Letsatsi la go ntsha dimpho mo mabokosong
  • Firikgong a le masome mabedi le borataro - Gaositwe Chiepe, dingwaga di le lekgolo le motso, tona wa merero ya mafatshe a sele (go tswa ka ngwaga wa sekete makgolo a robabaongwe masome a robabobedi le bone go stena ngwaga wa sekete, makgolo a robabaongwe masome a robabaongwe le bone).[11]
  1. "At least nine dead in Botswana floods following record rainfall". Africanews. 26 February 2025.
  2. "Botswana, the country with the biggest diamonds, gets an improved 10-year deal with miner De Beers". AP News. 26 February 2025.
  3. "Global venture partners joins forces with Botswana to drive economic growth and media expansion". IOL. 2025-05-27. Retrieved 2025-05-29.
  4. "Top Achievers Toppled". PressReader. Retrieved 30 July 2026
  5. "Botswana declares public health emergency over medicine shortage". Al Jazeera. 2025-08-26. Retrieved 30 July 2026
  6. "Botswana declares public holiday after 'historic' athletics gold medal". BBC. 22 September 2025. Retrieved 30 July 2026
  7. "Botswana: New rule to promote local ownership of mines". Africanews. 12 October 2025. Retrieved 30 July 2026
  8. "Botswana Public Holidays 2025". Public Holidays Global. Retrieved 30 July 2026
  9. "Holidays and Observances in Botswana in 2025". www.timeanddate.com. Retrieved 30 July 2026
  10. Toby (2025-09-23). "Botswana Declares a Public Holiday for Athletics Gold". Public Holidays News. Retrieved 30 July 2026
  11. Mathala, Sharon (28 January 2025). "Dr Chiepe died peacefully at her home – Family". Mmegi. Retrieved 30 July 2026