Ngwaga wa go boela gae , Ghana 2019
Ngwaga wa go boela gae, Ghana 2019 ke kakanyo ya puso ya kwa Ghana le setlhopha sa kwa United States sa Adinkra e e ikaelelang go rotloetsa batho ba mafatshe a a mabapi go tla Aforika (bogolo jang Ghana) go itshetlela le go beeletsa mo Aforika, bontlha jwa letsholo la Blaxit. E tlhamilwe semmuso ke tautona Nana Akufo- Addo[1] ka Lwetse ngwaga wa 2018 kwa Washington D.C e le lenaneo la ma Aforika a a mafatsheng a sele go agisana le ma Aforika. Ngwaga wa 2019 o na le bokao ka ke ngwaga wa makgolo a mane[2] fa e sale makgoba a ntlha a Aforika a goroga kwa Hampton, kwa koloneng ya Virginia kwa America.[3] Lenaneo le le lemoga gape dikatlego le bootshoko ka nako ya tiragalo eo.[4][5] Go simolola fa tautona Barack Obama a ne a tsaya loeto go ya Cape Coast ka 2009, bontsi jwa batho bantsho ba America ba ba rategang, ba itsege ebile ba tlotliwa ba etetse lefatshe la Ghana go ithuta ngwao ya bone.[6] Lekgotla la Ghana la bojanala le lephata la bojanala,botaki le ngwao le rulagantse mananeo a go ipelela boitshoko jwa mowa wa se Aforika.[7][8] Bontsi jwa batho bantsho ba kwa America ba amogane dipolelo mabapi le maiphitlhelo a bone kwa Ghana ka ngwaga ya go boela gae.[9][10]
Maikaelelo
[fetola | Fetola Motswedi]- Go dira lefatshe la Ghana boremelelo jwa bojanala jwa batho bantsho ba America le kgaolo ya Aforika ka bophara.
- Go tsosolosa ditso tse di latlhegileng tsa dingwaga tse di makgolo mane.
- Go rotloetsa dipeeletso mo Ghana le go aga botsalano le batho bantsho ba America le Aforika ka bophara.
Baeng
[fetola | Fetola Motswedi]Sheila Jackson Lee o amantse lenaneo le le dingwaga tse di makgolo mane tsa molao wa ditso tsa batho bantsho ba Aforika o o neng o fetisitswe ka bokopanong jwa ngwaga wa 2017.[3] Modiragatsi wa kwa America ebile e le mokaedi Michael Jai White o etetse Ghana mafelo a ngwaga wa 2018. Batho ba ba nnang kwa mafatsheng a sele ba Aforika ba ka nna masome a mane ba ne ba tsaya karolo moletlong o o neng o ikaelela go ngoka baeng mo lefatsheng leo. Baeng bao ba akaretsa mme ga ba felele mo go ba ba latelang:
- Idris Elba
- Boris Kodjoe
- Naomi Campbell
- Anthony Anderson
- Kofi Kingston[11][12]
- Adrienne Joi Johnson
- Steve Harvey[13]
- Cardi B[14][15]
- T.I[16]
- Ludacris[17]
- Rick Ross[18]
- Akon[19]
- Rosario Dawson
- Diggy Simmons
- Jidenna
- Michael Jai White
- Nicole Ari Parker[20]
- Conan O'Brien[21]
- Koffee[22]
- Sam Richardson[23]
Kgosikgolo wa morafe wa Akwamu Odeneho Kwafo Akoto wa boraro o ne a tlhoma Michael Jai White go nna kgosi ka nako ya loeto lwa gagwe. Maemo a ga Kgosi White araya "setlhare se se medi e e nonofileng, se se sa tshabeng makubukubu."[24]
Dipoelo
[fetola | Fetola Motswedi]Bajanala ba ka nna sedikadike se le sengwe le dikete di le tlhano ba akaretsa batho ba ba itsegeng thata, mapolotiki le baeteledipele ba mafatshe, ba solofetswe mo lefatsheng fa ngwaga o fela ka 1.9 billion a solofetswe go kokoanngwa ele dipoelo tsa ditiragalo tsa ngwaga wa go boela ga. Mohama wa bojanala o itemogetse koketsego ya lesome le borobabobedi mo lekgolong mo go gorogeng ga batho go tswa kwa mafatsheng a America, Britain, Caribbean le a mangwe fa dikgorogo tsa kwa maemelong a difofane di oketsegile ka masome a mane le botlhano mo lekgolong mo ngwageng oo.
Go akanyediwa gore tiriso ya madi ya bajanala e oketsegile ka sekete, makgolo a robabobedi, masome a marataro le bobedi jwa di dolara tsa America ka ngwaga wa 2017 go ya kwa go dikete tse pedi, makgolo a matlhano, masome a robabobedi le borobabongwe mojanala mongwe le mongwe, ka seemo sa bojanala mo itsholelong se akanyediwa go nna bilione e le nngwe le dikete tse di robang bongwe. [25]
Maduo
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2024, batho ba kwa Ghana ba begile fa go boa ka dipalo tse di kwa godimo ga batho go bakile itsholelo e e ikaegileng ka dikgatlhego tsa bone mo go seegelang kwa thoko beng gae. Akufo-Addo o kgaletswe go tlhoka go baakanyetsa maduo a itsholelo a ngwaga wa go boela gae.[26]
Ditiragalo
[fetola | Fetola Motswedi]- Moletlo wa mmino wa Aforika wa Afrochella
- Bontsho ke bontsho
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Inside Afrochella, Ghana's answer to Coachella". www.ghanaweb.com. 27 April 2019. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ "Ghana draws African-American tourists with 'Year of Return'". news.yahoo.com. Retrieved 03 July 2025.
- 1 2 "2019: Year of return for African Diaspora | Africa Renewal". www.un.org. 7 December 2018. Retrieved 03 July 2025
- ↑ Regitz, G.; Ohad, I. (1976-01-10). "Trypsin-sensitive photosynthetic activities in chloroplast membranes from Chlamydomonas reinhardi, y-1". The Journal of Biological Chemistry. 251 (1): 247–252. doi:10.1016/S0021-9258(17)33952-2. ISSN 0021-9258. PMID 400.
- ↑ Jordan, Adrienne. "The American Entrepreneur Leading The Back To Africa Travel Movement". Forbes. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ "Ghana: Year of return for African diaspora | West Africa Gateway | Portail de l'Afrique de l'Ouest". www.west-africa-brief.org. Archived from the original on October 31, 2019. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ "Year of Return goes beyond tourism – Rosa Whitaker". www.ghanaweb.com. Retrieved 03 July 2025
- ↑ "Akufo-Addo declares 2019 as 'year of return for Diasporans'". www.myjoyonline.com. Retrieved 03 July 2025
- ↑ "How 'Year of Return' has marketed Ghana to African Americans - Rashad McCrorey gives details". www.ghanaweb.com. 29 January 2020. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ "How Ghana's Year Of Return Campaign Put Black Destinations In The Spotlight – Free Press of Jacksonville". jacksonvillefreepress.com. 28 April 2020. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ "Kofi Kingston plans historic homecoming to Ghana". WWE. Retrieved 03 July 2025
- ↑ "WWE star Kofi Kingston returns home to Ghana after 26 years [Photos]". Face2Face Africa. 2019-05-30. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ "Videos/Photos: Steve Harvey visits Cape Coast Castle, gets emotional". www.myjoyonline.com. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ Aisha Salaudeen (5 December 2019). "Cardi B is set to perform for the first time in Nigeria and Ghana". CNN. Retrieved 03 July 2025
- ↑ "Cardi B sells Ghana's Year of Return with the perfect outfit". Entertainment. 2019-12-09. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ "Rapper T.I., wife arrive in Ghana". www.myjoyonline.com. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ "Fast and Furious star Ludacris in Ghana". www.myjoyonline.com. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ "Rick Ross, Koffee to join King Promise, KiDi, others for Detty Rave concert in Ghana". www.myjoyonline.com. Retrieved 03 July 2025
- ↑ "Sarkodie is the only Ghanaian artiste to reach the top – Akon". www.myjoyonline.com. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ "Check out how Boris Kodjoe, Idris Elba among other top Hollywood stars celebrated their Christmas in Ghana". Entertainment. 2019-01-02. Retrieved 03 July 2025
- ↑ "American comedian Conan O'Brien joins 'Year of Return' campaign with emotional video". www.ghanaweb.com. 15 November 2019. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ "Rick Ross, Koffee to join King Promise, KiDi, others for Detty Rave concert in Ghana". www.myjoyonline.com. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ Sedode, Pilot. "Here's What American Comedian Conan O'Brien And Sam Richardson Have Been Up To On Their Trip To Ghana - Kuulpeeps - Ghana Campus News and Lifestyle Site by Students". Retrieved 03 July 2025.
- ↑ Engmann, Rachel Ama Asaa (2019-08-23). "Ghana's Year of Return 2019 - Traveler, Tourist or Pilgrim?". allAfrica.com. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ "Deputy Tourism Minister clarifies controversial $1.9bn Year of Return revenue claim". www.ghanaweb.com. Retrieved 03 July 2025.
- ↑ Egbejule, Eromo (December 14, 2024). "Ghana's 'Year of Return' delivers a bittersweet buzz as tourists push up prices". TheGuardian.com. Retrieved July, 3 2025.