Ngwaga wa mafatshefatshe wa batho ba ditso tsa Aforika
Lekgotla la United Nations General Assembly le tlhomile ngwaga wa 2011 go nna ngwaga wa mafatshefatshe wa batho ba ditso tsa Aforika (mo molaong wa United Nations wa A/RES/64/169).[1] Ngwaga e o e ne e tshwaya gape ngwaga wa lesome wa bokopano jwa mafatshe kgatlhanong le kgethololo ya lotso le mmala (e e itsegeng gape jaaka Bokopano jwa Durban)[2], bo bo neng jwa amogela molao o o neng o supa gore bokgoba ga mmogo le go tsaya taolo ya mafatshe mo go neng go bo tshegeditse, e ne ele melato kgatlhanong le setho.[3]
Ditiragalo tse di tlhophilweng tse di tsamaelanang
[fetola | Fetola Motswedi]Lekgotla la ditshwanelo tsa setho la United Nations le ne la rulaganya ditiragalo tsa ngwaga, la rotloetsa ba bangwe, makgotla a UN otlhe ka bobedi le mafatshe a e leng maloko, go dira ditiragalo tse di tshwanang.[4][2] Di ne di akaretsa:[5]
- Tlhakole: ditlhaketlhake jaaka makgabaganyo: go tshegetsa pharologanyo ya ngwao mo ditlhaketlhakeng tse dipotlana tse di santseng di tlhabologa.[6]
- Tlhakole 4 - 24: Ditshupo tsa botaki le poko ka motaki Hilda Zagaglia, Alta Garcia, kwa Argentina
- Tlhakole 28 go tsena Mopitlo 3: Bokopano jwa komiti ya tsa maranyane ya porojeke ya ditsela tsa bokgoba ya UNESCO
- Motsheganong 4 -11: Mokete wa ditshwantsho tsa batho bantsho, kwa Berlin Germany
- Phatwe 23: Letsatsi la mafatshefatshe la segopotso sa kgwebo ya makgoba le kemiso ya jone.
- Angola: Bokopano jwa makgoba a Angola kwa Netherlands, bo rulagantswe ke lekgotla la Eduardo dos Santos kwa Luanda
- Democratic Republic of the Congo: Bokopano jwa katlego ya porojeke ya ditsela tsa bokgoba kwa DRC ka pego ya kgwebo ya makgoba, bokgoba le kgokgontsho kwa Democratic Republic of Congo (e e gatisitsweng ka ngwaga wa 2010)
- Ghana: Bokopano jwa kgwebo ya makgoba jwa barutuntshi go tswa dikgaolong ste tharo tsa lefatshe, kwa Accra.[7]
- Madagascar: Go bontshiwa ga setshwantsho sa motshikhinyego sa Ditsela tsa bokgoba: ponelopele ya mafatshe kwa sekolong se segolwane sa Antananarivo
- Senegal: Dipuisano, ditshupo tsa botaki le disthwantsho, ditiragalo tsa ngwao le botaki kwa Gorée.
- Brazil-Africa: thulaganyo ya ditso tsa mafatshe kwa bokopanong jwa masome a mararo le borataro jwa UNESCO.
- Ngwanatsele a le malatsi a mabedi go tsena Seetebosigo a le malatsi a masome mabedi le bone ngwaga wa 2012 : Ditshupo tsa dinepe: "basadi mo Aforika - ga go na mmala, mmala o mongwe, kwa Nairobi, Kenya le mafelo a mangwe.[8]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ 2011 International Year for People of African Descent", UNCHR,
- 1 2 "History in dialogue on memories of the slave trade and slavery", UNESCO, August 22, 2011.
- ↑ Gina Thésée and Paul R. Carr, "The 2011 International Year for People of African Descent (IYPAD): The paradox of colonized invisibility within the promise of mainstream visibility", Decolonization: Indigeneity, Education & Society, Vol. 1, No. 1, 2012, pp. 158–180.
- ↑ "Culture: 2011, International Year for People of African Descent", UNESCO.
- ↑ "Calendar of events", 2011 International Year for People of African Descent, United Nations Human Rights.
- ↑ "Small Island Developing States: Just published: Islands as Crossroads - Sustaining Cultural Diversity in Small Island Developing States", UNESCO.
- ↑ "23 August: Teachers from three regions learn lessons about the slave trade", UNESCO.
- ↑ International Itinerant Photographic Exhibition “WoMen in Africa – NO COLOR ONE COLOR” by Ludovico Maria Gilberti, Fuoriserrone.