Ngwao ya Botswana



Kwa ntle ga go supa teme ya ditlhopha tsa batho tse di remeletseng mo Botswana, Setswana ke letlhaodi le le dirisiwang go tlhalosa khumo ya ditso tsa ngwao ya Batswana - le fa e ka tswa e le maloko a merafe ya Setswana kgotsa ya baagi fela botlhe ba lefatshe la Botswana. batswana ba dumela ngwaong e nonofileng ya Botho-Ubuntu, ''Batho ga ba ikemela ka bonosi, ba tshela ka go ipelega, mme ele karolo ya sechaba, ba tshela mmogo ebile ba belegana.[1] Batswana ba dumela mo go dirisaneng mmogo le go bopagana mmogo.
Leina Batswana le dirisiwa go kaya batho ba lefatshe la Botswana le morafe wa batho ba ba dirang ngwao e tshwanang le go bua puo e tshwanang mo lefatsheng le le mabapi la Aforika Borwa. Botswana ke legae la merafe e e farologaneng, go akaretsa Batswana (jaaka Barolong, Bakwena, Bangwato, Batlokwa, Bakgatla, Baphuthing, Bataung, Bangwaketse, Batawana, Bahurutshe, Balete); BaKalanga (BaLilima, Baperi, BaWumbe, BaNambya); Ovaherero (Baherero, Ovambanderu); Wayei, Bambukushu; Veekuhane (Basubiya in Setswana); Ditlhopha tsa Khoe le San; le Batswapong le Batshweneng.[2] Nngwe le nngwe ya ditlhopha tse di na le ka fa di tsamaisang ngwao tsa tsone ka teng,le fa go ntse jalo,ka ntlha ya go nna mmogo le go nyalana dingwaga di feta lekgolo, di simolotse go tshwana,O ka kgona go bona se mo tseleng e dipuo le ditso di fetogang ka yone. Dipuo di ka farologana thata go ikaegile ka kgaolo kgotsa puo ya letso, fela tsotlhe di tsewa e le dipuo tsa Botswana. Bangwe ba Batswana le bone ba nna kwa Porofenseng ya Bokone-Bophirima jwa Aforika Borwa, gammogo le mo Botswana.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Turaki, Y.: 2006, Foundations of African Traditional Religion and Worldview (Word Alive Publishers, Nairobi).
- ↑ "Culture & History | Embassy of Botswana, Japan". www.botswanaembassy.or.jp. Retrieved 2021-05-23.