Ngwedi

Batswana (letshwao:
) ba re ngwedi o dirilwe ke Modimo go nna lesedi la bosigo, gore batho le diphologolo ba bone fa ba tsamaya mo lefifing. ke letsatsi le le nnye, mme gantsi go bolelwa fa e le mosadi. Fa ngwedi e le moswaana e galotse, go supa lorato le boitumelo, mme fa e roga (e simologa e le legaronyana le lesesane), go a bo go simologa kgwedi e ntsha.[1]
Tumelo ya Setswana e ama mebala le maemo a ngwedi le dirigalo tsa botshelo; sekai, fa ngwedi o le mohibidu kgotsa o fifetse, go ka supa gore pula e gaufi kgotsa go na le kutlobotlhoko e e tlang. Batho ba rata go tshameka kwa ntle bosigo fa go na le lesedi la ngwedi.Ngwedi ke lesedi la botshelo Le Le sa feleng Le Ramasedi a re tshegofaditsheng ka lona gore re se timele mo lififng gore re kgone tee dingwe segolo segolo bosigo Le go dira Tse dintsi re sa boifi sepe.
Diane tsa Setswana ka ga ngwedi
[fetola | Fetola Motswedi]- A ngwedi wa tla a tshege letsatsi, are o mosweu[2]
- Moleta ngwedi ke moleta lefifi