Nia Künzer
Nia Tsholofelo Künzer (o tshotswe ka kgwedi ya Firikgong e tlhola malatsi a le lesome le boferabobedi ka ngwaga1980) ke motshameki wa kgwele ya dinao wa basadi wa German yo o tlogetseng go e tshameka.[1]
BOTSHELO JWA PELE
[fetola | Fetola Motswedi]O tsholetswe mo Mochudi, Botswana, e le Nia Tsholofelo Künzer (leina la gagwe la ntlha e le la Swahili le le rayang “sepheo” kgotsa “maikaelelo”, mme leina la bobedi e le la Tswana le le rayang “tsholofelo”), ka nako e batsadi ba gagwe ba ne ba le mo leetong la dingwaga tse pedi ba bereka le mokgatlho wa thuso ya ditlhabololo. [2]O godisitswe kwa Albert-Schweitzer-Kinderdorf (motse wa bana) kwa Wetzlar-Garbenheim, mmogo le kgaitsadie le bana ba ba tlhokomelwang ba le supa. Morago ga go fetsa Abitur, o ile a dira ngwaga o le mongwe a ithutela tiro ya loago mo kindergarten ya bana-le bogole. Ka 2008, o feditse dithuto tsa gagwe tsa science(German title Diplompädagogin) kwa Justus Liebig University Giessen.[3]
TIRO
[fetola | Fetola Motswedi]A na le botshelo jwa bogologolo e le high jumper, mme morago a nna leloko la football clubs Eintracht Wetzlar le VfB Gießen, o na le 1. FFC Frankfurt (Kgwebo ya Bomme ya Kgwele ya Dinao ya Ntlha ya Frankfurt) go simolola ka 1997. O ne a tshameka e le mofemedi kgotsa motsameki yo o tshamekang fa gare. Künzer o tlogetse kgwele ya dinao e e ko godimo ka Phukwi 2008 morago ga kotsi.
TIRO YA KWA NTLE GA LEFATSHE
[fetola | Fetola Motswedi]Künzer e ne e le karolo ya German women's national football team mo 2003 World Cup. “golden goal” ya gagwe mo papading ya bofelo kgatlhanong le Sweden e dirile gore Germany e fenye dinno ka 2–1. [4]Kgang e ne e le go nna ya mosadi wa ntlha mo hisitoring ya kgwele ya dinao ya Germany go bidiwa "Goal of the Year" .Ka 2004, International Football Association Board (IFAB) e ne ya tlhopha go ntsha molao wa “golden goal” (o neng wa simolola go dirisiwa ka 1 Phukwi 2004), mme kwa morago ba tlhomamisa mokgwa wa go rarabolola papadi ka go tshameka dikgaolo tse pedi tsa 15 metsotso e e oketsegileng pele papadi e ka gwetlhiwa ka di penalty. Kgang ya ga Künzer e santse e le yone fela “golden goal” e e kileng ya fenya papadi ya bofelo ya Women’s World Cup.
O tsweletse ka go rotloetsa kgopolo ya kgwele ya dinao ya basadi mme o thusa le go kgobokanya banana ba bannye ba ba nang le kgatlhego.
Mo marigeng a 2003/2004 o ne a tsaya phomolo ya dibeke di le mmalwa ka ntlha ya kotsi e nngwe ya cruciate ligament, mme seo sa dira gore a se ka a amogelesega mo Olympic Games tsa 2004 kwa Athens, Greece. Kotsi ya bone ya cruciate ligament e ile ya mo pateletsa go tlogela sehlopha sa lefatshe ka 2006.
METSWEDI
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Nia Künzer privat: Vom Fußballplatz in die Politik! Das macht die Ex-Nationalspielerin heute". News.de. 6 July 2022.
- ↑ "Nia Künzer". Justus-Liebig-Universität Gießen.
- ↑ https://www.uni-giessen.de/de/fbz/zentren/zfbk/alumni/karrierewege/kulturundsport/kuenzer[dead link] [bare URL]
- ↑ "Women's National Team :: National Teams :: DFB - Deutscher Fußball-Bund e.V." www.dfb.de. Retrieved 2 August 2023.