Jump to content

Nice Githinji

Go tswa ko Wikipedia

Nice Githinji (o tshotswe ka di 25 Phatwe 1985) ke modiragatsi wa difilimi wa mo Kenya, motlhami, o tshwara maitiso a kopelo, seopedi le mogasi wa thelebišene. O itsege thata ka go tshameka dikarolo tse di farologaneng mo mananeong a thelebišene.

Kitso ka gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Githinji o ne a itsege thata fa a sena go tlhophiwa mo kgaisanong ya Kalasha Awards ya 2009 jaaka Motshameki yo o gaisang mo filiming ya All Girls Together. Ka 2011, o ne a gapa sekgele sa Best lead actress ka ntlha ya seabe sa gagwe mo seraleng sa thelebišene sa terama, Changing Times.[ 3][4]

Nice gape ke CEO wa Nicebird Production Company e e itsegeng ka go dira difilimi [5] le go nna le seabe mo ditirong tsa theatrical. Go ya ka polelo ya gagwe ya nako le nako, dipina tse ke tsone tse di botlhokwa mo go ene.[ 5]

Nice o ne a dira le batshameki ba ba tumileng mo intasetering ya difilimi jaaka Et Cetera Productions (2007- 2008: kwa a neng a tshameka mo difiliming di le pedi; Benta and All Girls Together, Sisimka Productions, Phoenix Players - le Planet's Theater.[ 5]

Ka ngwaga wa 2023, Nice Githinji o ne a tlhagelela mo go Big Mouth Season 7 Episode 6 ya Netflix mo a neng a dira lentswe la Hormone Monstress. O ne a tlhagisiwa mmogo le Lupita Ny'ongo le Nyokabi Macharia.[ 6][[7][8][9]

Ka ngwaga wa 2024, Nice o ne a tshameka mo motseletseleng wa ntlha wa diponatshegelo tsa mahlale wa kwa Kenya wa Subterranea mo go Showmax e le motho yo o bidiwang Grey. [10][11]

Dithutego le botshelo jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Nice o tshotswe ka ngwaga wa 1985 kwa Mombasa a golela kwa Makongeni.O ne a tsena kwa sekolong se se golwane sa Chief Koinange High School go tswa ka 1999 go ema la 2002.[12] Mmaagwe o tlhokafetsefa fa a fetsa kwa sekolong se segolwane.[13][14] O simolotse go nna motshameki wa difilimi kwa Kenya National theatre.[15]

Tiro ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Go simololwa ga tiro ya gagwe mo kgwebong ya televishine

Nice Githinji o simolotse tiro ya gagwe ya go tshameka jaaka motshameki wa mo seraleng kwa Phoenix Players Richard Stockwell's Bad Blood, e leng tiro e e neng ya dira gore a simolole tiro ya gagwe ya go tshameka. O tlhageletse mo dithulaganyong di le mmalwa tsa thelebišene le tsa difilimi. [16]

2007–2009

Magareng ga 2007 le 2010, O ne a tlhagelela mo difiliming di le mmalwa jaaka, Benta, All Girls Together, Formula X le Pieces of Peace. [17] O ne gape a tshameka mo thelebišeneng; Guy Centre le Changing Times moo a neng a tshameka Candy le Rosa ka go latelana.

[1] "Nice' body measurements". StarNow. Retrieved 7 January 2016.

[2] "Previous winners". Kalasha Awards. Archived from the original on 17 July 2013. Retrieved 7 January 2016.

[3] "2011 Kalasha awards winners". Actors.co.ke. Retrieved 7 January 2016.

[4] Capital Lifestyle (11 September 2011). "Vote for your 3rd edition Kalasha Awards winners". Capital FM. Retrieved 7 January 2016.

[5] "Nice Githinji-LinkedIn". LinkedIn. Retrieved 7 January 2016.

[6] "Actresses Nyokabi Macharia and Nice Githinji featured in new Netflix show as Kenyans rant about 'Kenyanese'". Citizen Digital. 2023-10-24. Retrieved 2024-11-20.

[7] "Nyokabi Macharia, Nice Githinji shine in Netflix's 'Big Mouth'". Nairobi News. 2023-10-31. Retrieved 2025-09-13.

[8] "Actresses Nyokabi Macharia, Nice Githinji Featured In The Latest Season Of Netflix's "Big Mouth" | Uzalendo News". uzalendonews.co.ke. Retrieved 2025-09-13.

[9] username. "Nice Githinji, Nyokabi Macharia featured in season 7 of Netflix's animation 'Big Mouth'". K24 Digital. Retrieved 2025-09-13.

[10] "Subterranea Season 1: Ambitious sci-fi drama features Kenyan talent - Business Daily". www.businessdailyafrica.com. Retrieved 2025-09-13.

[11] Writer, Staff (2024-09-25). "Kenya's First-Ever Sci-fi Series 'Subterranea' to Premiere on Showmax". Sinema Focus. Retrieved 2025-09-13.

[12] "Nice Githinji-Linked In". LinkedIn. Retrieved 7 January 2016.

[13] David Koech (29 September 2014). "10 Things You Did Not Know About Nice Githinji". Nairobi Wire. Archived from the original on 21 September 2020. Retrieved 7 January 2016.

[14] Chacha, Gardy. "Nice Githinji: I'm nice if you get to know me". Evewoman Magazine. Retrieved 2025-09-13.

[15] "Nice Githinji Biography: Age, Birthday, Parents, Siblings, Husband, Children, Nationality, Career, Movies, Net Worth". 2025-06-27. Retrieved 2025-09-13.

[16] "Members-Nice Githinji". Actors Guild. Retrieved 7 January 2016.[dead link]

[17] "Nice Githinji: Wasanii". Wasanii. Archived from the original on 4 March 2016. Retrieved 7 January 2016