Nickey Iyambo
| Motlotlegi Nickey Iyambo | |
|---|---|
| Mothusa tautona wa ntlha | |
| In office Mopitlo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2015 – Tlhakole a robabobedi ngwaga wa 2018 | |
| President | Hage Geingob |
| Morago Ga Gagwe | Nangolo Mbumba |
| Tona wa bagodi | |
| In office Mopitlo 2010 – Mopitlo 2015 | |
| President | Hifikepunye Pohamba |
| Pele Ga Gagwe | Ngarikutuke Tjiriange |
| Tona wa tshireletso | |
| In office Moranang a robabobedi 2008 – Mopitlo 2010 | |
| President | Hifikepunye Pohamba |
| Pele Ga Gagwe | Peter Tsheehama |
| Morago Ga Gagwe | Nangolo Mbumba |
| Tona wa meepo le kgothetso | |
| In office Mopitlo a le masome mararo ngwaga wa 2005 – Moranang a le malatsi a robabobedi ngwaga wa 2008 | |
| President | Sam Nujoma |
| Pele Ga Gagwe | Helmut Angula |
| Morago Ga Gagwe | John Mutorwa |
| In office Phatwe a le masome mararo le motso ngwaga wa 2002 – Mopitlo a le masome mararo ngwaga wa 2005 | |
| Pele Ga Gagwe | Jesaya Nyamu |
| Morago Ga Gagwe | Erkki Nghimtina |
| Tona wa botsogo le selegae | |
| In office Phatwe 1996 – Phatwe a le masome mararo le motso ngwaga wa 2002 | |
| President | Sam Nujoma |
| Pele Ga Gagwe | Libertina Amathila |
| Morago Ga Gagwe | Joel Kaapanda |
| In office Mopitlo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 1990 – Phatwe 1996 | |
| President | Sam Nujoma |
| Morago Ga Gagwe | Libertina Amathila |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Moranang a le masome mabedi ngwaga wa 1936 Onayena, ovamboland |
| O Tlhokafetse | Moranang a le lesome le borobabongwe 2019 Windhoek, Namibia |
| Mosetshaba wa | Namibian |
| Mokgatlho | SWAPO |
| Bana | Ba le bane |
| Tiro | Mopolotiki |
| Tiro | Ngaka |
Nickey Iyambo (o o tshotsweng ka Motsheganong a le masome mabedi ngwaga wa 1936 a tlhokafala ka Motsheganong a le lesome le borobabongwe ngwaga wa 2019) e ne e le mopolotiki wa kwa Namibia le ngaka, o o berekileng e le mothusa tautona wa ntlha wa Namibia.
E le leloko la SWAPO, Iyambo e ne e le leloko la palamente ya Namibia fa e sale ka boipuso ka Mopitlo 1990. E ne e le tona wa botsogo le selegae go tswa ka 1990 go tsena 1996, tona wa dikgaolo le puso ya mo gae le matlo go tswa ka 1996 go tsena 2002,tona wa meepo le kgothetso go tswa ka 2002 go tsena 2005,tona wa temothuo,metsi le dikgwa go tswa ka 2005 go tsena 2008,tona wa tshireletsi go tswa ka 2008 go tsena 2010. O ne a nna mo maemong a nna maemong a masha a mothusa tautona ka 2015 a bereka mo go one go fitlhelela ka 2018,fa a ne a ithola marapo ka ntlha ya botsogo. O ne a tswelela go etelela pele lephata la bagodi go fitlhelela a tlhokafala.
Botshelo jwa a a le mmotlana
[fetola | Fetola Motswedi]Iyambo o tsholetswe kwa Onayena,Ovamboland kwa bokone jwa Namibia. O ne a tsena sekolo se se neng se tlhamilwe ke barongwa ba kwa Finland gaufi le lolwapa lwa gagwe, morago ga go fetsa sekolo, o ne a fiwa tiro e le mookamedi wa poso o montsho wa ntlha ka 1972 go tsena 1963.Le fa go ntse jalo, ka a nnile leloko la SWAPO ka 1960,o ne a tshaba kwa Namibia le SWAPO ka 1964, a tsamaya ka dinao go ya Angola, a ya Zambia le Tanzania.[1] Ke mongwe wa maloko a pele a SWAPO go tshaba, ba thusa go tlhama botsala jwa SWAPO le Tanzania wa ga Julius Nyerere.[1][2]
Ka nako eo,Ylioppilaiden kansainvalinen apu(YKA) e ne e batla diporojeke tse e ka di thusang ka madj, mookamedi wa yone Marrti Ahtisaari o ne a bolelelwa go tswa ka Iyambo go tswa Tanzania,YKA ya mo fa thuso ya madi. Ka 1965 a ya bokhutlong, Iyambo o ne a goroga kwa Finland, a bona boroko kwa Domus Academia, boroko jwa baithuti kwa University of Helsinki, kwa a neng a tlhakanela kamore le mopolotiki wa kamoso le molaodi wa banka ya Finland Erkki Liikanen. Iyambo o ne a simolola dithuto tsa gagwe ka teme ya Finnish, ka nako eo o ne a tsaya karolo mo botshelong jwa itloso bodutu jwa baithuti, a nna tsala le batho ba Finland, a ba ruta ka tsa Aforika, selo se se neng sa simolola go itumedisa batho ba Finland ka dingwaga tsa 1969. Iyambo o ne a simolola go itse ka botshelo jwa batho ba Finland le gore polotiki e bereka jang mo pusong ya batho ka batho.
Iyambo o ne a ithuta sepolotiki pele kwa Helsinki, a tswa ka degree tsa polotiki, le masters ka 1970,morago a ithutela bongaka ka 1980, a lekana go bereka e le ngaka.[3] Ka nako ya fa a tsena sekolo kwa University of Helsinki Iyambo e ne e le leloko la lekgotla la baithuti, ka 1966 go tsena 1971,Iyambo o ne a emetse SWAPO kwa Finland le mafatshe a Nordic.[1]
Tsa pereko
[fetola | Fetola Motswedi]Morago ga Iyambo a sena go fetsa dithuto tsa gagwe tsa bongaka, o ne a fudugela kwa Angola a nna tlhogo ya tsa botsogo kwa Kwanza Sul kwa kampeng ya batshabi. Ka nako ya boipuso jwa Namibia, Iyambo o ne a le gareng ga batho ba ntlha ba SWAPO go boela Namibia go baakanyetsa lefatshe ditlhopho le go amogela batho ba lefatshe ba ba neng ba tshabile. Se se neng se le botlhokwa e ne e le gore tsamaiso ya go ya boipusong e ne e eteletswe pele ke mmereki ka ene wa pele Marrt Ahtisaari.[1]
Ka boipuso ka Mopitlo ngwaga wa 1990, Iyambo o ne a nna tona wa botsogo le selegae, a bereka mo mameong ao go fitlhelela ka 1996. Morago o ne a nna tona wa selega le matlo go tswa ka 1996 go tsena 2002, tona wa meepo le kgothetso go tswa ka 2002 go tsena 2005, tona wa temothuo, metsi le naga go tswa ka 2005 go tsena 2008. O ne a fudusediwa kwa maemong a tona wa tshireletso ka Moranang a le malatsi a robabobedi ngwaga wa 2008.[4] Dingwaga di le pedi mo maemong ao, o ne thapiwa e le tona wa bagaka ba pele ke tautona Hifikepunye Pohamba, mo palamenteng ya gagwe ya bobedi, a bereka mo maemong ao go tswa ka 2010 go tsena 2015. E ne e le ene a motona wa SWAPO mo palamenteng ka 2014.[5]
Iyambo o ne a tlhomamisiwa gammogo le tautona Hage Geingob, e le mothusa tona wa Namibia ka Mopitlo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2015, a nna motho wa ntlha go nna mo maemong ao.[6] Jaaka mothusa tautona, o ne a tswelela ka go etelela pele lephata la bagaka ba pele a na le bathusi ba le babedi: Alexia Manombe-Ncube le Royal IUiloloo.[7]
Fa ba bua ka Moranang 2016, Geingob le Iyambo ba ne ba latofatsa dikgakololo tsa gore Iyambo o neetswe maemo a a kwa godimo ago nna fela. Iyambo o ne a tlhalosa gore o na le lenaneo le le tletseng la tiro e a nnang a tshwere ka thata go fitlhelela bosigo gare letsatsi le letsatsi.[8]
Ka Tlhakole 2018, Hage Geingob o ne a mo ntsha mo maemong a mothusa tautona ka ntlha ya go tlhoka go tsoga sentle, a thapa Nangolo Mbumba go mo tlhatlhama. Iyambo o ne a nna mo mameong a tona wa bagodi le batho ba ba tseelwang kwa tlase, a tswelela gape a le mo setilong sa gagwe sa mopalamente.[9]
Mo mosong wa Motsheganong a le lesome le borobabongwe ngwaga wa 2019, tautona wa Namibia Hage Geingob o ne a itsise ka go tlhokafala ga ga Iyambo o o tlhokafetseng kwa lolwapeng lwa gagwe kwa Windhoek morago ga go lwala ka lobaka, letsatsi pele ga letsatsi la matsalo a gagwe a masome a robabobedi le boraro.[10] Iyambo o ne a bolokwa ke puso kwa Namibia, e le tsela ya go akgola le go lemoga mameo le dikatlego tsa gagwe.[1]
Dietsele le ditlotla
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 5 Kalliokoski, Seppo (2019-06-08). "Nickey Iyambo 1936–2019" [‘’]. Helsingin Sanomat (in Finnish). Helsinki: Sanoma. p. C 22. Retrieved 2025-10-21
- ↑ "Nickey Iyambo toi Afrikan vapautusliikkeet suomalaisten asialistalle". Ulkoasiainministeriö. Retrieved 2025-10-21
- ↑ Suomen Lääkärit 1992, Suomen Lääkäriliitto, Helsinki, Finland
- ↑ Christof Maletsky, "Pohamba reshuffles Cabinet", The Namibian, 9 April 2008.
- ↑ Shinovene Immanuel, "A country for old men" Archived 2019-06-03 at the Wayback Machine, The Namibian, 7 March 2014.
- ↑ Shinovene Immanuel and Theresia Tjihenuna, "Emotional transition", The Namibian, 23 March 2015.
- ↑ "The Vice President". MOVA.gov.na. Archived from the original on 28 September 2017. Retrieved 21 October 2025.
- ↑ Elvis Muraranganda, "Geingob defends vice-president's role" Archived 2017-03-12 at the Wayback Machine, New Era, 19 April 2016.
- ↑ Matthys, Donald (8 February 2018). "President reshuffles Cabinet—Vice President relieved of duties". Namibia Economist.
- ↑ https://twitter.com/hagegeingob/status/1130009322564587521 | Hage G. Geingob on Twitter: "I announce with sadness the passing of my comrade, former Vice President, Cde Nickey Iyambo. He leaves behind a rich legacy of loyal service to the Namibian people. The nation has lost a freedom fighter and a leader with deep humane values. Condolences to his wife and family ." / Twitter
- ↑ "Ministeri Nickey Iyambolle myönnettiin Suomen Leijonan ritarikunnan 1. luokan komentajamerkki". Embassy of Finland in Windhoek. 13 April 2011.
- ↑ "Namibians honoured by President". New Era. 28 August 2014. Archived from the original on 29 June 2018. Retrieved 21 October 2025