Jump to content

Nico United

Go tswa ko Wikipedia

BCL Nico United Sporting Club ke setlhopha sa kgwele ya dinao sa Selebi-Phikwe, Botswana, dikilometara tse di ka nnang makgolo a mane le masome a mabedi go tswa mo motsemogolo Gaborone. Leina la bone e leng "Nico", le le ileng la nna selo se go dirwang metlae ka sone le se go buiwang ka sone mo Internet fa e sa le ka nako ya Love Live! School Idol Project e ne ya tuma thata, e tswa mo lefelong la meepo ya kopore le nikele le Selebi-Phikwe e itsegeng ka lone.

Nico o ne a tlhatlosediwa gape kwa Premier League morago ga setlha sa ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi (2022).[1]

Nico United e ne ya tlhomiwa ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le borobabongwe (1969).[2]Setlhopha se ne sa tlhatlosediwa kwa Botswana Premier League lekgetlo la ntlha ka ngwaga wa 2004/05 morago ga go fetsa ngwaga wa 2003/04 se tshameka mo First Division North.

  • FA Challenge Cup: 2

1986, 1987

  1. ↑ Khutsafalo, Boitumelo (17 May 2022). "Nico bounces back to the Premier League". Mmegi Online. Retrieved 2 July 2026.
  2. ↑ "Botswana - List of Foundation Dates". RSSSF. Retrieved 17 June 2025.