Niko Bessinger
| Motlotlegi Niko Bessinger | |
|---|---|
| Tona wa tsa makgabisanaga, le bojanala | |
| In office Mopitlo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 1990 – Mopitlo a le masome mabedi ngwaga wa 1995 | |
| Morago Ga Gagwe | Gert Hanekom |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Seetebosigo a le lesome le bobedi ngwaga wa 1948 Walvis Bay |
| O Tlhokafetse | Mopitlo a le masome mabedi le botlhano ngwaga wa 2008 Khomasdal Windhoek |
| Mosetshaba wa | Namibian |
| Mokgatlho | SWAPO |
| Mo/Bakapelo | Hermine Bessinger |
| Bana | Dietrich Bessinger, Anthony Bessinger, Hatani Bertolini, Kakuna Calista Karuaihe, Xavier Karuaihe |
| Tiro | Motshwantsha mealo ya dikago |
Nikolaus Onverwag 'Niko' Bessinger (o o tshotsweng ka Seetebosigo a le lesome le bobedi ngwaga wa 1948, a tlhokafala ka Mopitlo a le masome mabedi le botlhano ngwaga wa 2008) e ne e le mopolotiki wa Namibia gape e le molwaela boipuso.
Bessinger o tshotswe ka Seetebosigo a le lesome le bobedi ngwaga wa 1948 kwa Walvis Bay, South West Africa. A tsholelwa mo setlhopheng sa morafe wa Goreseb se se amanang thata le ntlo ya bogosi ya Goreseb. O tsene sekolo se sebotlana kwa St. Bonifacious kwa Windhoek, sekolo se segolwane sa Augustineum kwa Okahandja, a ya go tsweledisa kwa Athlone High School kwa Kapa ka ngwaga wa 1966. O ne a ya go ithutela go tshwantsha mealo ya dikago kwa University of Cape Town go tswa ka 1969 go tsena 1972 pele ga a amogela dithuso tsa madi tsa Fullbright go ya go ithuta kwa University of Detroit kwa United States. O ne a amogela seetsele sa moetelela lephata pele ka ngwaga wa 1979 le 1980. Bessinger o alogile ka BSc Architecture ka 1980 le B.Arch ka 1981 pele ga a ikwadisa go nna motshwantsha mealo ya dikago kwa Namibia ka 1983 (leloko la Namibia Institute of Architects le Namibia Council of Architects and Quantity Surveyors). Kwa Namibia o ne a nna mopati wa ga Kerry McNamara le ba bangwe, selo se se neng sa baka go latlhegelwa ke bareki ba puso le ba ba ikemetseng ga ga Kerry McNamara, motho mosweu wa Namibia.[1][2]
Bessinger o nne a nna leloko la SWAPO ka 1972 a nna motshwara madi wa ofisi ya Windhoek ka 1976. O ne a nna motshwara madi wa lefatshe morago ga ngwaga. E ne e le mokwaledi wa lephata la tsa mafatshe a sele mo Namibia go tswa ka 1981 go tsena 1989. O berekile gape e le o o amanyang lefatshe le UNTAG go fitlhelela mong wa ofis a boa ka 1989. Ka nako e, o isitswe kgolegelong makgetho a le mmalwa ke baeteledipele ba Aforika Borwa. Ka Ngwanatsele a lesome le motso ngwaga wa 1987, moatlhodi J Bethune o ne a laola go bulelwa ga balweladitshwanelo ba SWAPO ba le mmalwa (Hendrik Witbooi, Danny Tjongarero, Niko Bessinger, Anton Lubowski, John Pandeni le Ben Ulenga) ba ba neng ba tshwerwe ke baeteledipele ba Aforika Borwa ka ntlha ya molao wa go thankgola puso wa 1967.
Ka boipuso ngwaga wa 1990, o ne a tlhophiwa go nna mopalamente, ka Mopitlo a le malatsi a le masome mabedi le motso ngwaga wa 1990 a tlhomiwa go nna tona ya ntlha ya makgabisanaga, tshireletso le bojanala ke tautona Sam Nujoma, maemo a a neng a nna mo go one go fitlhelela Mopitlo a le masome mabedi ngwaga wa 1995. O ne a tlhophiwa gape kwa palamenteng ka 1994 pele ga a ithola marapo ka 1996, fa a emelwa ke Marlene Mungunda. O ne a tswelela a nna leloko la komiti ya legare ya SWAPO go fitlhelela ka 2007.
Bessinger o tlhokafetse ka ntlha ya go ema pelo ka Mopitlo a le masome mabedi le botlhano ngwaga wa 2008 kwa lolwapeng lwa gagwe kwa Khomasdal kwa Windhoek. Ka nako ya loso lwa gagwe, o ne a bolawa ke sukiri gape a na le kankere.[1] Tautona Hifikepunye Pohamba ka Mopitlo a le masome a mararo ngwaga wa 2008 o ne a mo neela tlotla.[3] O boloketswe gaufi le mmaagwe ebong Calista Bessinger kwa mabitleng a Khomasdal kwa Windhoek. Niko Bessinger o ne a nyetse Hermine Bessinger, o a neng a fana ka Bertolini pele, o tlogetse bana, Dietrich Bessinger, Anthony Bessinger, Hatani Bertolini, Kakuna Calista Karuaihe, Xavier Bessinger le bana ba bana ba le batlhano.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Christof Maletzky (26 March 2008): Niko Bessinger passes away Archived 2019-03-07 at the Wayback Machine The Namibian
- ↑ Smuts, Dave (19 January 2017). "Tribute to Kerry McNamara". The Namibian. p. 7.
- ↑ NamLex Index to the Laws of Namibia" (PDF). Legal Assistance Centre. 2010. p. 122. Archived from the original (PDF) on 29 March 2017. Retrieved 07 October 2025.