Jump to content

Nkosazana Daughter

Go tswa ko Wikipedia

Nkosazana Nolwazi Kimberly Nzama (o belegwe ka kgwedi ya PPhalane e le borataro ngwaga wa 2000) yo o itsegeng ka leina la Nkosazana Daughter, ke moopedi le mokwadi wa dipina wa Aforika Borwa. Nzama o ne a itsege thata fa a sena go golola alebamo ya gagwe ya ntlha e e nang le dipina di le lesome le bone e e neng e na le baopedi ba ba itsegeng jaaka DJ Maphorisa, Makhadzi, Master KG, Kabza de Small, Tyler ICU, Major League DJz, Young Jonn, le Chronical Deep, le ba bangwe.[ O ne a dira mmogo le Master KG le Lowsheen mo "Sofa Silahlane", e e neng ya gololwa ka Motsheganong a le malatsi a le lesome le bobedi ka 2022. Pina e ne ya nna ya ntlha mo Apple's Local iTunes Charts.[ Ka Moranang 2022, pina ya ditshwantsho ya mmino wa 'Dali Nguwe' e e nang le Master KG e fitlhile go dimilione tse 3 tsa batho mo dibekeng tse tharo. Ka kgwedi ya Seetebosigo 2023, alebamo ya gagwe ya ntlha ya setheo e ne ya gololwa[9][10][11][12] mme ya fitlha mo maemong a bo masome a mararo le bone mo Spotify Top albums,[13] mme ya fitlha mo maemong a boraro mo Afrika Borwa. O ne a tshameka kwa Malawi,[14] Zimbabwe,[15] Mozambique, United States le dinaga tse dingwe di le mmalwa.

Se se diragetseng

[fetola | Fetola Motswedi]

Botshelo jwa gagwe jwa pele

Nzama o belegwe kgwedi ya Diphalane a le malatsi a le borataro ngwaga wa 2000 kwa Kwa-Zulu Natal, Afrika Borwa. 16] Nzama o ne a itsege morago ga go ntsha dipina tse di reng "Izitha", "Umama Akekho", "Sbindi Uyabulala" le tse dingwe tse dintsi.[ O tlhageletse mo dipineng tse di tumileng jaaka "Dali Nguwe", le "Ebusuku". O ne a dira mmogo le bataki ba le mmalwa ba Amapiano[3] go akaretsa Mpura, Kabza De Small, Heavy K,[19] Master KG le DJ Maphorisa.[ 5][6][11][20][21][3][15]

Nzama o simolotse kopedi a le mmotlana o tseneletse lephata ya dikopelo fa a simolola go bereka le Dj Prince Kaybee le Goldmax go tswa Destruction boyz musical duo