Nobuhle Mahlasela
Nobuhle Mimi Mahlasela (o tshotswe ka kgwedi ya Moranang ale lesome (10) ka ngwaga 1982) ke motshameki wa mo Afrika Borwa le mmotlelara.[1] O itsege thata ka go tshameka karolo ya Aggie Ngwenya-Meintjies mo thelebišeneng ya 7de Laan. [2]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Mahlasela o belegwe ka kgwedi ya Moranang ale lesome (10) ka ngwaga wa 1982 kwa Bookelong jwa Baragwanath kwa Soweto, Afrika Borwa. Ka ngwaga wa 1999, o ne a ikwadisa kwa Waverley Girls High School kwa Johannesburg. Morago o ne a ithuta drama kwa Pretoria Technikon, e ga jaana e itsegeng jaaka Tshwane University of Technology (TUT).[3]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Pele ga a tsena mo thelebišeneng, o ne a tshameka motlhankedi wa phasalatso ya ka fa teng ya ABSA.[4] Ka ngwaga wa 2012, o ne a dira filimi ya gagwe ya ntlha ka Mad Buddies mme a tshameka karolo e nnye ya sepodisi sa sephethephethe sa mosadi. Ka ngwaga wa 2016, o ne a tshameka karolo ya ga Nthati mo filiming ya My Father's War.
O tshamekile karolo ya Aggie Ngwenya-Meintjies mo thelebišeneng e e tumileng ya 7de Laan go tloga ka ngwaga 2005.[5]Moanelwa o ne a tuma thata, mme ka ntlha ya seo, o ne a lalediwa go tshameka karolo eo ka lobaka lwa dipaka di le mmalwa mo badiragatsi ba ba tlwaelegileng.[6]
Tsa Bodiragatsi
[fetola | Fetola Motswedi]| Year | Film | Role | Genre | Ref. |
|---|---|---|---|---|
| 2005–2023 | 7de Laan | Aggie Ngwenya-Meintjies | TV series | |
| 2012 | Mad Buddies | Female traffic cop | Film | |
| 2016 | My Father's War | Nthati | Film |
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "'I felt I made bad choices in my life'- 7de Laan's Aggie on overcoming doubt". Times Live. Retrieved 28 November 2020
- ↑ "Nobuhle Mahlasela: 'Size does not determine who you are'". Times Live. Retrieved 28 November 2020.
- ↑ "Nobuhle Mimi Mahlasela interview". Afternoon Express. Retrieved 28 November 2020
- ↑ "7de Laan Nobuhle's headache: Why am I attracting all these young guys?". Times Live. Retrieved 28 November 2020
- ↑ https://www.news24.com/drum/celebs/actress-nobuhle-mimi-mahlasela-has-had-enough-of-cyberbullies-if-you-dont-like-what-i-post-just-unfollow-20200422
- ↑ "Actress Nobuhle Mimi Mahlasela has had enough of cyberbullies: 'If you don't like what I post, just unfollow'". news24. Retrieved 28 November 2020