Nobuhle Nkabane
Nobuhle Pamela Nkabane MP (o tshotswe ka kgwedi ya Phatwe e thola bongwe (1) ka ngwaga wa 1979) e ne e le Tona ya Thuto e e kwa Godimo mo khabineteng ya Aforika Borwa, o ne a ikana ka kgwedi ya Phukwi e thola boraro (3) ka ngwaga wa 2024 mme a direla go fitlha ka kgwedi ya Phukwi ale masome a mabedi le bongwe (21) ka ngwaga wa 2025.[1] O kile a dira jaaka Motlatsa Tona ya Dithoto tsa Diminerale le Maatla go tloga ka ngwaga wa 2021 go fitlha ka ngwaga wa 2024.
Nkabane ke leloko la Kokoano Bosetšhaba ya Aforika Borwa ya African National Congress. O ne a tlhophiwa go nna Mopalamente mo ditlhophong tsa kakaretso tsa ngwaga wa 2019. Nkabane o ne a kile a dira jaaka morutabana kwa Yunibesithing ya Aforika Borwa fa a ntse a direla jaaka MP.[2]
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Nkabane o ne a amogela dipoloma ya bosetšhaba ya tsamaiso ya kgwebo, tsamaiso ya kgwebo le tsamaiso go tswa kwa Yunibesithing ya Thekenoloji ya Durban ka ngwaga wa 2001. O ne a bona dipoloma ya tlhabololo ya baša, tirelo ya baša/tsamaiso go tswa kwa Yunibesithing ya Aforika Borwa ka 2009. Ka ngwaga wa 2011, o ne a aloga kwa UNISA ka dikirii ya bachelor's mo humanities. [3]
O ne a bona dikerii ya Bachelor of Administration Honours degree in Public Administration, Master of Administration in Public Administration, le Doctorate of Administration kwa Yunibesithing ya KwaZulu-Natal ka ngwaga wa 2019.[4]Ka 2016/17 o ne a tlatsa lenaneo la taolo ya go ikobela molao kwa Yunibesithing ya Cape Town. [3]
Ka ngwaga wa 2017, o ne a bona lekwalo la NQF la Level 7 mo go tlhabololeng batsamaisi go tswa kwa Yunibesithing ya Stellenbosch Business School mme e ne e le motsayakarolo wa AAE Summer School kwa Nancy, France. [3]Ka ngwaga wa 2020, o ne a fitlhelela dipoloma ya morago ga dithuto tsa gagwe mo molaong wa badiri go tswa kwa Yunibesithing ya Kapa Bophirima. Gone jaanong o [when?] Ke ithutela go nna le dikirii ya Master of Science mo International Business Administration ka SOAS University of London.[3]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Nkabane o ne a dira jaaka mothusi wa sebele kwa Mmasepaleng wa Selegae wa Umzimkhulu magareng ga kgwedi ya Mopitlwe ka ngwaga wa 2005 le kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga wa 2006 le jaaka mogokaganyi wa baša kwa Mmasepaleng wa Kgaolo ya Sisonke go tloga ka kgwedi ya Sedimonthole ka ngwaga wa 2006 go fitlha ka kgwedi ya Mopitlwe ngwaga wa 2012.[3]
E ne e le mookamedi wa tlhokomelo ya badirisi go tloga ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2012 go fitlha ka Sedimonthole 2017 le mokaedi wa tsamaiso ya metsi le tlhokomelo ya badirisi go tloga ka kgwedi ya Ferikgong ngwaga wa 2018 go fitlha ka kgwedi ya Motsheganong ka ngwaga wa 2019 wa Masepala wa Kgaolo ya Harry Gwala. Go tloga ka kgwedi ya Tlhakole ka ngwaga wa 2019, Nkabane o ntse a thapilwe jaaka motlhatlheledi kwa UNISA.[3]
Tiro mo Palamenteng
[fetola | Fetola Motswedi]Nkabane o ne a ema jaaka mokgethisi wa palamente mo ditlhophong tsa bosetšhaba le tsa diporofense tsa May 8, 2019 tsa African National Congress. [5] O ne a tlhophiwa go nna leloko la Ntlokokoano Bosetšhaba go tswa mo lenaaneng la KwaZulu-Natal mme a ikana ka kgwedi ya Motsheganong ele masome a mabedi le bobedi (22) ka ngwaga wa 2019.[6]
Ka kgwedi ya Seetebosigo ale masome a mabedi le bosupa(27) ka ngwaga wa 2019, Nkabane o ne a tlhophiwa go nna leloko la Komiti ya Porofešene ya Dikago tsa Batho, Metsi le Kgeleloleswe le Komiti ya thutego ya Tiro le Badiri. [7]O tlogetse Komiti ya Portfolio ya Human Settlements, Water and Sanitation ka kgwedi ya Phukwi ele lesome le boferabongwe(19) ka ngwaga wa 2019.[8]
Nkabane o ne a tlhophiwa go nna leloko la Komiti ya Porofešene ya Metshameko, Botsweretshi le Setso ka kgwedi ya Lwetse e thola botlhano(5) ka ngwaga wa 2019.[9]O ne a tlogela komiti eo ka kgwedi ya Phalane ale boferabobedi (8) ka ngwaga wa 2020.[10]
Ka kgwedi ya Seetebosigo ale masome a mabedi le bongwe (21) ka ngwaga wa 2021, Nkabane o ne a tlhophiwa go nna leloko la Komiti ya Dipatlisiso ya Karolo ya 194 . Komiti e tla tlhomamisa gore a Mosireletsi wa Setšhaba Busisiwe Mkhwebane o siametse go tshwara ofisi.[11]
Khuduthamaga ya bosetšhaba
[fetola | Fetola Motswedi]Ka kgwedi ya Phatwe e thola botlhano (5) ka ngwaga wa 2021, Tautona Cyril Ramaphosa o ne a thapa Nkabane jaaka Motlatsa Tona ya Dithoto tsa Diminerale le Maatla. O ne a ikana ka kgwedi ya Phatwe ele borataro (6) ka ngwaga wa 2021.[12][13]
Ka kgwedi ya 16 Mopitlwe ale lesome la botlhano (5) ka ngwaga wa 2022, Nkabane o rile Afrika Borwa e tshwanetse go beeletsa mo maatleng a nyutlelia, fa a ne a bua kwa Nuclear Technology Imbizo ka setlhogo se se reng "Go rotloetsa botsalano jwa lefatshe lotlhe go tshegetsa lenaneo la go aga nyutlelia le lesha la Afrika Borwa". O ne gape a re go itshupile boditšhabatšhaba gore maatla a nuklea a tlamela ka "motswedi wa motlakase o o botlhokwa thata". [14]
Ka kgwedi ya Phukwi e thora boraro(3)ka ngwaga wa 2024, Nkabane o ne a ikana jaaka Tona ya Thuto e e kwa Godimo ya Aforika [15][16] Ka kgwedi ya Phukwi ale masome a mabedi le bongwe (21) ngwaga wa 2025 Nobuhle Nkabane o ne a kobiwa ke Cyril Ramaphosa jaaka Tona ya Thuto e e kwa Godimo. Nkabane a re ga a gakgamalela go lelekwa ga gagwe.[17]
Dikganetsano
[fetola | Fetola Motswedi]Ka kgwedi ya Motsheganong wa 2025, go ne ga fitlhelwa, ka go dutla ga tshedimosetso, gore go ne go na le ditshiamololo tse di mabapi le go tlhomiwa ga badulasetulo ba le masome a mabedi le bobedi (22) ba lekgotla la taolo ke Nkabane kwa Setheong sa Thuto le Katiso (SETA). E nngwe ya dikgetho tseo e ne e le Buyambo Mantashe, morwa wa mopolotiki wa Aforika Borwa, le Tona ya Dithoto tsa Diminerale, Gwede Mantashe, mme batho ba le mmalwa ba ba neng ba tlhophilwe e ne e le maloko a ANC. [18]
SETA ke mekgatlho ya katiso ya bokgoni jwa ditiro e e rweleng maikarabelo a go rotloetsa le go tlhofofatsa thuto le katiso mo dikarolong tse di rileng tsa ikonomi mo Aforika Borwa. Ba na le seabe se se botlhokwa mo go diragatseng Leano la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Bokgoni jwa naga, le go oketsa bokgoni jwa batho mo dikarolong tsa bona. [18]
Nkabane o ne a tlhagelela fa pele ga Komiti ya Portfolio mo Palamenteng ka kgwedi Motsheganong ale masome a mararo (30) ka ngwaga wa 2025,[19]go araba dipotso tse di amanang le go tlhophiwa ga SETA. Go bolelwa gore ka nako ya fa a ne a le mo tshekong, o ne a sa kgatlhege e bile a sa bontshe tlotlo. Nkabane le ene o ne a gana go araba dipotso, mme ka nako nngwe o ne a bolelela maloko a porofense gore a ye go batla dikarabo kwa Google.[18]
Nkabane gape o ne a gana go senola maina a setlhopha se se ikemetseng se se neng se okametse thulaganyo ya go thapiwa, mme a bolela gore thulaganyo eo e ne e le e e sa siamang.[19]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Historic day for SA as government of national unity ministers take oath of office". Daily Maverick. 3 July 2024. Archived from the original on 3 July 2024. Retrieved 3 July 2024.
- ↑ Maqhina, Mayibongwe (2 June 2021). "Alcohol, cellphones, shoes and portraits... these are just a few of the things MPs received as gifts". Independent Online. Cape Town. Retrieved 30 July 2021.
- 1 2 3 4 5 6 "Dr Nobuhle Pamela Nkabane". LinkedIn. Retrieved 30 July 2021.
- ↑ "Member of Parliament Graduates with a Doctorate in Administration". University of KwaZulu-Natal. 13 September 2019. Retrieved 30 July 2021
- ↑ "ANC national and provincial lists for 2019 elections". Politicsweb. 17 March 2019. Archived from the original on 30 July 2021. Retrieved 30 July 2021
- ↑ "SEE: These are the people who will represent you in Parliament, provincial legislatures". News24. 15 May 2019. Archived from the original on 30 July 2021. Retrieved 30 July 2021.
- ↑ "Announcements, tablings and committee reports" (PDF). Parliament of South Africa. 27 June 2019. Retrieved 30 July 2021.
- ↑ "Announcements, tablings and committee reports" (PDF). Parliament of South Africa. 19 July 2019. Retrieved 30 July 2021
- ↑ "Announcements, tablings and committee reports" (PDF). Parliament of South Africa. 5 September 2019. Retrieved 30 July 2021
- ↑ "Announcements, tablings and committee reports" (PDF). Parliament of South Africa. 9 October 2020.
- ↑ "Announcements, tablings and committee reports" (PDF). Parliament of South Africa. 21 June 2021. Retrieved 30 July 2021.
- ↑ "Ramaphosa's big cabinet reshuffle: here are all the changes – including a new finance minister". BusinessTECH. 5 August 2021. Retrieved 6 August 2021.
- ↑ Khoza, Amanda (6 August 2021). "Newly appointed ministers sworn in after Ramaphosa's cabinet reshuffle". TimesLIVE. Retrieved 6 August 2021
- ↑ "Minister calls for end to 'silence' around need for nuclear power". www.iol.co.za. Retrieved 16 March 2022
- ↑ Press, Town (21 July 2025). "Ramaphosa Fires Higher Education Minister Nobuhle Nkabane | Townpress Newspaper". Retrieved 21 July 2025.
- ↑ Masuabi, Queenin (21 July 2025). "Cyril Ramaphosa sends higher education minister Nobuhle Nkabane packing". Sunday World. Retrieved 21 July 2025.
- ↑ [./Https://www.sowetan.co.za/news/2025-07-23-watch-all-signs-were-there-nkabane-not-shocked-about-dismissal/ https://www.sowetanlive.co.za/news/2025-07-23-watch-all-signs-were-there-nkabane-not-shocked-about-dismissal/]
- 1 2 3 Kgothatso Madisa (5 June 2025). "Ramaphosa tells 'gum-chewing' Nkabane to explain her behaviour in parliamentary committee". Times Live. Retrieved 7 June 2025
- 1 2 Victoria O’Regan (5 June 2025). "Ramaphosa demands answers from Minister Nkabane over Seta appointments and conduct in Parliament". Daily Maverick. Retrieved 7 June 2025.