Noka ya Ankobra
Noka ya Ankobra e kwa borwabophirima jwa lefatshe la Ghana. Noka e tswa kwa bokone-botlhaba jwa Wiawso kwa Western North Region ya Ghana. E elela dikilometara tse di ka nnang 190 (120 mi) kwa borwa go ya kwa Kgogometsong ya Guinea, mme e tsena mo lewatleng dikilometara tse di ka nnang 60 kwa bophirima jwa toropo ya Takoradi.[1]Gaufi le molomo wa yone go na le masalela a Fort Elize Carthago, lefelo la kgwebo la Ba-Dutch le le neng la latlhwa ka ngwaga wa seketse ,makgalo a supa le lesome le bongwe (1711).
Noka ya Ankobra e nosediwa ke Noka ya Nini. Dikepe tse dinnye di kgona go tsamaya dikilometara di le masome a robabobedi (40 nmi; 50 mi) go ya kwa tengteng ga lefatshe, fa karolo e e kwa godimo ya lewatle e na le makhubu. Dikema di le mmalwa tsa motlakase wa metsi di ile tsa akantshiwa mo mafelong a a kwa godimo.[1]Ke lengwe la mafelo a metsi a magolo thata kwa Ghana.
Ka ngwaga wa dikete tse pedi le boraro (2003), mercury le arsenic di ne tsa begwa mo kgaolong ya meepo ya gauta ya Ankobra River Basin.[2][3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Rivers and Lakes
- ↑ Bannerman, W.; Potin-Gautier, M.; Amoureux, D.; Tellier, S.; Rambaud, A.; Babut, M.; Adimado, A.; Beinhoff, C. (2003). "Mercury and arsenic in the gold mining regions of the Ankobra River basin in Ghana". Journal de Physique IV (Proceedings). 107: 107–110. doi:10.1051/jp4:20030255.
- ↑ Asare-Donkor, Noah Kyame; Adimado, Anthony Apeke (2016). "Influence of mining related activities on levels of mercury in water, sediment and fish from the Ankobra and Tano River basins in South Western Ghana". Environmental Systems Research. 5. doi:10.1186/s40068-016-0055-4.