Noka ya Bandama
Ponalo
Noka ya Bandama ke yone noka e telele go di gaisa tsotlhe kwa lefatsheng la Ivory Coast ka boleele jwa dikilometara di le makgolo a robabobedi . Noka e e elelang kwa borwa e fepiwa ke dinoka tsa Marahoué, Solomougou, Kan le Nzi mme e elela kwa Tagba Lagoon le Gulf of Guinea.[1]
Noka ya Bandama e elela go ralala Letsha la Kossou, e leng letsha le legolo le le itiretsweng le le dirilweng ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a supa le boraro (1973) ka go agiwa ga Letamo la Kossou kwa Kossou.
Yamoussoukro, e leng motsemogolo wa Ivory Coast, e gaufi le Noka ya Bandama.
Rallye ya Côte d'Ivoire gantsi e tshwarelwa gaufi le Bandama.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Gulf of Guinea | Africa, Map, Location, & Facts | Britannica". www.britannica.com. Retrieved 2024-03-13.