Noka ya Benue

Noka ya Benue (French: la Bénoué), e e neng e itsege jaaka Noka ya Chadda kgotsa Tchadda, ke noka e kgolo ya Noka ya Niger gape ke noka ya bobedi e telele go gaisa kwa Nigeria. [1]Bogolo jwa kgaolo ya yone ya metsi ke 319,000 km2. [2][3] Mo e ka nnang boleele jwa yone jotlhe jwa dikilometara di le sekete le makgolo a mane (870 mi) e kgona go tsamaisiwa ka dikepe mo dikgweding tsa selemo.[4]Ka ntlha ya se, ke tsela e e botlhokwa ya dipalangwa mo dikgaolong tse e elelang ka tsone.[5] Leina la Benue le tswa mo go bernor, le le rayang 'noka kgotsa letsha la dinonyane tsa noka' mo Tiv.[6]
Dipopego tsa lefatshe
[fetola | Fetola Motswedi]Noka ya Benue e tswa kwa Plateau ya Adamawa kwa bokone jwa Cameroon, e elela kwa bophirima, e ralala toropo ya Garoua le Lagdo Reservoir, e tsena kwa Nigeria kwa borwa jwa dithaba tsa Mandara, e ralala Jimeta, Ibi le Makurdi pele e kopana le Noka ya Niger kwa Lokoja. [7]
Dinoka tse dikgolo tse di e tsenang ke Faro, Gongola le Mayo Kébbi, tse di e golaganyang le Logone (karolo ya letsha la Chad) ka nako ya merwalela. Dinoka tse dingwe di akaretsa Taraba, Donga le Katsina Ala. [8]
Fa noka eno e kopana le noka ya Benue, metsi a yone a feta a noka ya Niger. Bogare jwa metsi pele ga sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro e ne e le 3,400 m3/s (120,000 cu ft/s) ya Benue le 3,000 m3/s (110,000 cu ft/s) ya Niger. [9]
Maemo a Bosa
[fetola | Fetola Motswedi]Naga ya Benue e na le tlelaemete ya kwa dithabeng tsa boboatsatsi. E bothitho kgwedi nngwe le nngwe ya ngwaga ka dipaka tse di bothito le tse di omileng. Themphoritšhara ya ngwaga le ngwaga ke 34 °C mme go na le pula e e ka nnang di inches tse makgolo a mabedi le le masome a mane le bone inches ka ngwaga. [10]Mmuso o na le bongola jwa palogare ya 61%, ntlha ya monyo ya 25 °C, UV-index ya bosupa mme e omme thata ka malatsi a le lekgolo le masome a marataro le borobabongwe ka ngwaga. [11]
Merwalela e megolo
[fetola | Fetola Motswedi]National Emergency Management Agency (NEMA) ya kwa Nigeria, e ne ya dira "tlhotlhomiso ya go laola dikotsi tsa masetlapelo" mme ya gakolola Ditona, Mafapha le Mekgatlho (MDAs) go tsaya dikgato tse di ka fokotsang ditlamorago tsa go fetoga ga tlelaemete. Setheo seno se ne sa gakolola gore metsi a a mo dikgaolong dingwe a tshwanetse go ntshiwa letswai le go epelwa ka metlha gore go nne le metsi a a ka dirisediwang dilo tse di farologaneng. Setheo se ne sa rotloetsa ditheo tse di maleba go dira tshekatsheko ya tlwaelo ya matamo le mebele ya metsi go netefatsa gore molawana wa bone wa tiragatso wa matamo o a obamelwa. [12]
Morwalela wa 2022
[fetola | Fetola Motswedi]Ka kgwedi ya Phatwe ele masome a mabedi le boraro,ngwaga wa diketet tse pedi le masome a mabedi le bobedi, merwalela e amile dipuso tsa selegae tsa noka ya Benue, go ya ka Mokhomišenara wa Naga wa Metswedi ya Metsi le Tikologo, Godwin Oyiwona. [13]Merwalela e amile Makurdi, Agatu, Logo, Guma, Buruku, Otukpo, le Gwer-West. Puso e ne ya dira go fokotsa ditlamorago tsa merwalela mme ya ntsha madi a go phepafatsa Idye Basin. [14]
Ka kgwedi ya Phalane ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi, balemirui kwa Adamawa State ba ne ba kgaratlhela go tlosa masalela a dijalo tse di sentsweng ke merwalela. Matlhotlhapelo a ne a kgoreletsa metse e le mentsi go ralala diporofense di le masome a mararao le borataro tsa Nigeria, mme metse e le makgolokgolo le ditoropo di ne di khurumeditswe ke metsi. Masetlapelo ano a ne a tshwenya batho ba ba fetang dimilione di le 2,4 mme go ne ga swa batho ba ba fetang makgolo a marataro. Mo godimo ga moo, "diheketara di le dintsi tsa masimo a temothuo mo dinageng tse di amilweng di ne tsa senngwa". [15]
Batho ba ba amilweng thata ke masetlapelo ano ke ba ba nnang mo metseng e e bapileng le dinoka tse ditona mo mafelong a le supa mo go a le masome a mabedi le bongwe a puso ya selegae mo nageng eno. Mo dikgweding di le tharo fela, Mebuso e e Laolang ya Selegae e le lesome le bobedi (LGAs) e ne ya nwela, mme ya ama baagi ba le 82 730, malapa a le dikete tse lesome le boraro le makgolo a supa le masome a robabobedi le borobabobedi batho ba le masome a matlhano le bongwe ba ne ba gobala mme ga swa ba le masome a mabedi le bosupa . Masimo a boleng jwa dibilione tsa di-naira a ne a senngwa. [16]
- ↑ "Benue River | Nigeria, Cameroon, Chad | Britannica".
- ↑ "3. The hydrological cycle and its components".
- ↑ [1](PDF; 845,82 KB)
- ↑ Babangida, Abdulkareem Mojeed, Mohammed (December 16, 2022). "SPECIAL REPORT: How poor infrastructure worsened flood disasters in states across Nigeria". Premium Times. Retrieved July 4, 2023.
- ↑ "Benue River". WorldAtlas. April 5, 2023. Retrieved July 3, 2023.
- ↑ Benue Wikipedia, Martin Zachary (1969). THE RISE AND FALL OF FULANI RULE IN ADAMAWA 1809 - 1901 (PDF). University of London. p. 13.
- ↑ "Benue River | Nigeria, Cameroon, Chad | Britannica".
- ↑ "Katsina Ala River | river, western Africa | Britannica". www.britannica.com. Retrieved July 3, 2023.
- ↑ [ https://documents1.worldbank.org/curated/en/187941468097179065/pdf/345180PAPER0NR1Basin01OFFICIAL0USE1.pdf](PDF; 5,39 MB)
- ↑ "Benue weather and climate ☀️ Best time to visit 🌡️ Temperature". www.besttravelmonths.com. Retrieved September 20, 2023.
- ↑ "Weather for Makurdi, Benue, Nigeria". www.timeanddate.com. Retrieved September 20, 2023.
- ↑ Nseyen, Nsikak (September 19, 2022). "Flooding: NEMA issues warning to Adamawa, Taraba, Benue, others". Daily Post. Lagos, Nigeria. Retrieved July 4, 2023.
- ↑ Simire, Michael (September 23, 2022). "Flooding hits riverine areas in Benue". EnviroNews Nigeria. Retrieved July 4, 2023.
- ↑ "Flooding hits riverine areas in Benue". September 23, 2022.
- ↑ Babangida, Abdulkareem Mojeed, Mohammed (December 16, 2022). "SPECIAL REPORT: How poor infrastructure worsened flood disasters in states across Nigeria". Premium Times. Retrieved July 4, 2023.
- ↑ "SPECIAL REPORT: Women, Children Suffer As Floods Submerge Adamawa Communities". thecjid.org. Retrieved 29-05-2026