Jump to content

Noka ya Bloukrans (KwaZulu-Natal)

Go tswa ko Wikipedia

Noka ya Bloukrans (KwaZulu-Natal) e simolola kwa dithabeng tsa Emangosini kwa Njesuthi Drankensberg, kwa kgaolong ya KwaZulu-Natal kwa Aforika Borwa. E tswelela kwa bokone botlhaba, e feta motse wa Frere, go fitlhela e kopana le noka ya Tugela. Noka le le tse di e tshelang bontsi ga di na matamo, le ntswa go nosetsa le fa e se ga sepe go le teng go tswa kwa godimo. Leina la yone la pele la puo ya Dutch Blaauwekrans le ne le raya go nna le mmala o motala jwa loapi kwa kgaolong eo.[1]

Noka e e tshelang thata kwa Bloukrans ke noka ya Nyandu e yone e tshelwang ke Sterkspruit. Dinoka tse dingwe tse di tshelang mo yo yone ke ya Ududuma, Umsobotshe le Ubhubhu. Masimo a tekeletso a De Hoek a kwa godimo ga Klein-Blukrans. Noka ya Bloukrans e dikaganyeditswe ke noka ya Little Tugela kwa bophirima le noka ya Bushman kwa borwa, tsotlhe di tshela kwa nokeng ya Tugela.

  1. ↑ du Plessis, E.J. (1973). Suid-Afrikaanse berg- en riviername. Tafelberg-uitgewers, Cape Town. pp. 204–205, 281, 307. ISBN 0-624-00273-X.