Noka ya Blyde
| Noka ya Motlatse | |
|---|---|
Noka ya Motlatse e feta ka mokgatsha wa sandstone kwa tlase ga bokopano jwa Treur | |
Bokopano jwa Blyde le Olifants | |
| Mouth | Noka ya Olifants |
| Basin countries | Aforika Borwa |
| Location | Mpumalanga le Limpopo |
| Source elevation | 2,000 m |
Noka ya Motlatse[1] (noka ya sennela ruri), Noka ya Blyde (ka teme ya Afrikaans: Blyderivier) kgotsa noka ya Umdhlazi[2] ke noka e e kwa Mpuamalanga le kgaolo ya Limpopo kwa Aforika Borwa. Motsamao wa yone ke go ya kwa bokone mo mekgatsheng ya Drankensberg kwa Mpumalanga, pele ga e tsena kgaolo e e kwa tlase ya Limpopo. E simolola di mithara di le dikete pedi kwa Hartebeeslvlakte, go ya bokone jwa Long Tom Pass. E elela go kgabaganya kanono ya noka ya Blyde.
Leina
[fetola | Fetola Motswedi]Lefoko Blyde, le le rayang go itumela, go nna le boipelo kgotsa go ipela[3] ka puo ya Dutch, e filwe leina ka nako loeto lwa voortrekker. Se se diragetse ka 1844 fa Hendrik Potgieter le ba bangwe ba boa ka pabalesego go tswa kwa Delagoa Bay go ya kwa go ba bangwe ba bone ba ba neng ba akanya fa ba tlhokafetse. Fa ba le mo loetong lo, ba ne ba file noka e e gaufi le kwa ba thibeletseng teng leina la Treurrivier kgotsa noka e e mo kutlobotlhokong. Leina Motlatse go bolelwa fa le tsile pele ga la Blyde, le raya noka e e nnang fela e tletse ka Sepulane.[4][5]
Lefelo
[fetola | Fetola Motswedi]Lefelo la yone la dikhilomithara di le dikete pedi, makgolo a robabobedi, masome a mane le bobedi, dikhilomithara di le makgolo a mabedi le masome a mabedi ke temo ya thekiso, sekete, makgolo a mararo, masome a robabongwe le borobabongwe ke sekgwa.[6] Ditlhare tsa maungo le dimela di jwetswe mo lotshitshing lwa Blyde kwa tlase ka sedikadike sa dingwaga di le masome mabedi, ka diheketara di le dikete di le masome mabedi le boraro, makgolo a matlhano, masome a mabedi le motso e le la nosetso ka 1995.[6] Lefelo la Mount Sheba Nature Reserve, Blyde River Canyon Nature Reserve le Blyde-Olifants di sireletsa dikgaolo ste di farologaneng tsa lone.
Tse di tshelang mo go yone
[fetola | Fetola Motswedi]Kwa Blyde River Canyon Nature Reserve e kopantshiwa ke dinoka di le mmalwa kgotsa melatswana. Noka ya Treur e kopana le Blyde kwa Bourke's Luck Potholes, kwa godimo ga noka. Kwa tlase e kopantshiwa ke Blevdere le Ga-nogakgolo.
Pitsa e e fetlhang motlakase e e sa tlholeng e bereka ya Belvedere e kwa bokopanong jwa Blyde le Belvedere. Go tswa ka 1911[7] go tsena 1992 e ne e isa motlakase wa metsi kwa Pilgrim's Rest le metsana e e mabapi.[8] Tsela ya go tsamaya ka dinao ya dikhilomithara di le lesome e letla moeng go tsamaya mo lefelong leo.[7][9]
Noka ya Ohrigstad e kopana le noka ya Blyde kwa letamong la Blyderivierpoort. Noka e e fapoga ka mesele e e farologanneg fa e tsena kwa tlase. Noka ya Sandspruit ke yone fela e e botlhokwa ee tshelag kwa tlase, e se kgakala le bokopano jwa noka ya Olifants.
Motsamao wa yone kwa tlase le seabe
[fetola | Fetola Motswedi]Dinoka tsa Klein olifants, Steelpoort le Blyde ke dinoka tse di tshelang mo nokeng ya Olifants kwa borwa, e tsena kwa Kruger National Park le mafelo a a mabapi, e kgabaganye molelwane wa Mozambique, kwa e elelelang mo letamong la Massingir. Seabe sa Blyde sa ngwaga le ngwaga kwa Olifants ke didikadike tsa dimithara di le makgolo a mane, masome a mararo le borataro jwa metsi,[6][10] e le selekanyo se se bonalang ka ntlha ya pula e ntsi le go tsewa ke phefo mo go seng kalo mo lefelong leo.[6]
Mefuta ya ditlhapi
[fetola | Fetola Motswedi]
Ditlhapi tsa mafatshe a sele di sthwana le Smallmouth bass, largemouth bass, brown trout le rainbow trout di teng mo nokeng e, di fokoditse bontsi jwa tlhapi ya noka ya Treur go di isa kwa godimo ga mafaratlhatlha a noka ya Blyde.[11] Morago ga gore e busediwe fa e sena go bonwa ka dingwaga tsa 1970, jaanong di dintsi mo nokeng eo.[12] Tlhapi ya Natal mountain catfish e teng e ikgapetse kwa thoko kwa Limpopo, mokgatsha wa Blevedere ke one fela o tlhapi ya Rosefin Barb e fitlhelwang teng mo mafaratlhatlheng a Limpopo.[12] Tlhapi ya Smallscale yellowfish le largescale yellowfish di filthelwa gape kwa tlase ga noka.[13][14]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Olifants River now called Lepelle
- ↑ Bulpin, T.V. (2012). Lost Trails of the Lowveld. Pretoria: Protea. p. 42. ISBN 978-1-86919-555-7.
- ↑ "Dictionary of Southern African Place Names" by RE Raper - HSRC
- ↑ AENS (1 June 2005), "Blyde Canyon gets new name", Daily Sun, p. 8, archived from the original on 25 April 2012
- ↑ Jenkins, Elwyn (2007), Falling into place: the story of modern South African place names, David Philip Publishers, p. 75
- 1 2 3 4 International Water Management Institute (IWMI) (September 2008), Olifants River Basin in South Africa (PDF), waternetonline, p. 37, archived from the original (PDF) on 2012-04-03
- 1 2 "The Belvedere Day Walk". Trails and walks. Mpumalanga Parks Board. Retrieved 16 June 2026
- ↑ Viljoen, Buks (17 March 2011). "'Sakesektor moet help met krag'". Beeld. Archived from the original on 24 December 2013. Retrieved 24 December 2013.
- ↑ "Belvedere Day Hike". Blyde River Canyon: Sights & Activities. modernoverland.com. Archived from the original on 24 December 2013. Retrieved 16 June 2026
- ↑ WSAM database - Schultz and Watson, 2002
- ↑ Roux, F.; Hoffman, A. (2017). "Enteromius treurensis". IUCN Red List of Threatened Species. 2017 e.T2572A100159826. doi:10.2305/IUCN.UK.2017-3.RLTS.T2572A100159826.en. Retrieved 16 June 2026
- 1 2 "The Olifants River System, Ecoregions 4.03 & 4.05". State of the Rivers Report, South African River Health Programme. Water Affairs. Archived from the original on 9 March 2016. Retrieved 16 June 2026
- ↑ Maimela, Lerato T; Chimimba, Christian T; Zengeya, Tsungai A (2 January 2022). "The effect of rainbow trout ( Oncorhynchus mykiss ) invasions on native fish communities in the subtropical Blyde River, Mpumalanga province, South Africa". African Journal of Aquatic Science. 47 (1): 78–87. doi:10.2989/16085914.2021.1949260.
- ↑ Roux, Francois (2006). Reproduction strategy of the smallscale yellowfish (Labeobarbus polylepis) and breeding behaviour in the Blyde and Spekboom Rivers (PhD thesis). University of Johannesburg