Jump to content

Noka ya Bonwapitse

Go tswa ko Wikipedia

Bonwapitse ke noka e e fitlhelwang mo kgaolong ya Bogare ya Botswana. [1] [2] Noka e e lekanyediwe gore e dimithara di le makgolo a le boferabobedi le masome a le boferabobedi le borataro (2,907ft) kwa godimo ga boalogodimo jwa lewatle, [3] mme ka botona e tsere kgaolo ya diheketara di le sedikadike le dikete di le makgolo a mabedi le bobedi le makgolo a le boferabongwe le masome a le boferabobedi le botlhano Leina la noka e le teng ka mefuta e le mmalwa: Noka ya Bonapitse, Bonapitsi, Bonwapitse. Gompieno noka e elela mo lefatsheng le le sephaphathi, le omeletseng go le sekae e bile le na le naga ya bojang, ditlhatshana le ditlhare. Noka e e elela nako le nako mo pakeng ya dipula, e e simololang ka Ngwanatseele go fitlha ka Moranang, mme mo nakong e e setseng ya ngwaga e a bo e omeletse. E elela fa tlase ga lefelo le e kopanang teng le Noka ya Serorome .

  1. "Drought impact mitigation and prevention in the Limpopo River Basin". www.fao.org. Retrieved 2025-06-23.
  2. "Evolution of the Limpopo River Basin in Botswana based on morphometric and morphotectonic features from selected rivers using GIS techniques".
  3. "Bonwapitse stream, Central, Botswana". bw.geoview.info. Retrieved 2025-06-23.