Jump to content

Noka ya Cacheu

Go tswa ko Wikipedia

Noka ya Cacheu (Portuguese) ke noka ya kwa lefatshe la Guinea-Bissau e e itsegeng gape jaaka Noka ya Farim go ralala karolo ya yone e e kwa godimo. Boleele jwa yone jotlhe ke dikilometara di le makgolo a mabedi le masome matlhanp le bosupa . Noka ya Canjambari ke nngwe ya melatswana ya yone e megolo.

Motswedi wa yone o gaufi le molelwane o o kwa bokone wa naga, kwa bokone jwa Contuboel le gaufi le lekhubu la Noka ya Geba. E elela go ya kwa bophirima, gaufi le toropo ya Farim le Bigenè, e bo e atologa go nna noka e mo lotshitshing lwa yone lwa borwa go ka fitlhelwang toropo ya Cacheu. Setlhaketlhake sa Elia ke setlhaketlhake se segolo thata se se leng mo lotshitshing lo lo kafa mojeng lwa noka gaufi le molomo wa yone. Bokone jwa setlhaketlhake bo kwa botlhaba jwa motswedi wa Noka ya Elia le Setlhaketlhake sa Ongueringao mo lotshitshing lo longwe.[1]

Noka ya Cacheu e kgona go tsamaiwa ke dikepe tse dikgolo (tsa ditone di le dikete tse pedi (2000) mo sekgaleng sa dikilometara di ka nna masome a robabongwe le bosupa , mme dikepe tse dinnye tsone di kgona go tsamaiwa mo sekgaleng se seleele go feta seo; e kile ya bo e le tsela e e botlhokwa ya kgwebo.

Ka nako ya Ntwa ya Bokoloniale ya Portugal, Ntwa ya Guinea-Bissau ya Kgololesego, noka e ne ya thusa mo ditirong di le mmalwa tsa sesole.[2]

Ka kgwedi ya Sedimonthole wa ngwaga wa dikete tse pedi (2000), karolo e kgolo ya noka e ne ya tlhophiwa jaaka karolo ya Cacheu River Natural Park.[3]68% ya phaka e na le ditlhare tsa mango, tse di bopang karolo ya setlhare se segolo sa ditlhare mo Afrika Bophirima.

  1. Ilha de Elia - Mapcarta
  2. "Grants on the History of the Colonial War: Cacheu". Archived from the original on 2010-06-22. Retrieved 2018-05-12.
  3. Faculty of Law of Bissau, References on Legal Diploma on the Creation of Cacheu River Mangrove Natural Park[permanent dead link]