Jump to content

Noka ya Casamance

Go tswa ko Wikipedia
Noka ya Casamance

Noka ya Casamance (French: Fleuve Casamance) e e kwa Senegal e elela go ya kwa bophirima mme bontsi jwa yone e tsena mo Lewatleng la Atlantic ka tsela e e ka nnang boleele jwa dikilometara di le makgolo a mararo le masome a mabedi . Le fa go ntse jalo, ke dikilometara di le lekgolo le masome a mararo fela tsa yone tse di kgonang go tsamaya ka sekepe. Noka ya Casamance ke noka e kgolo ya Kolda, Sédhiou, le Ziguinchor kwa karolong e e kwa borwa ya lefatshe la Senegal. E fa gare ga Noka ya Gambia kwa bokone le dinoka tsa Cacheu le Geba kwa borwa.

Go na le borogo kwa Ziguinchor, e leng nngwe ya ditoropo tse di botlhokwa thata mo nokeng eno, e e golaganyang le Bignona e e mo lobopong lo lo kwa bokone. Metse e mengwe e e botlhokwa e e mo dintshing tsa yone e akaretsa Goudomp, Sedhiou, Diattakounda, Tanaff le Kolda.

Noka eno e reeletswe ka Kgosi Kasa Mansa, kgotsa kgosi ya bogosi jwa pele ga bokoloniale jwa Kasa.[1]

  1. Lobban, Richard Andrew Jr.; Mendy, Peter Karibe (2013). Historical Dictionary of the Republic of Guinea-Bissau (4th ed.). Lanham: Scarecrow Press. p. 244. ISBN 978-0-8108-5310-2.