Jump to content

Noka ya Chambeshi

Go tswa ko Wikipedia

Noka ya Chambeshi (kgotsa Chambezi) e e kwa bokonebotlhaba jwa Zambia ke yone e e kwa kgakala thata e e fa godimo ga noka ya Congo (ka boleele) mme ka jalo e tsewa e le motswedi wa noka ya Congo. (Le fa go ntse jalo, Noka ya Lualaba ke yone e e nayang Congo metsi a mantsi.

Noka ya Chambeshi e tswa mo dithabeng tsa kwa bokonebotlhaba jwa Zambia gaufi le Letsha la Tanganyika kwa bogodimong jwa dimetara di le sekete,makgolo a supa le masome a marataro (dimetara di le 5 770). E elela bokgakala jwa dikilometara di le makgolo a mane le masome a robabobedi go ya kwa Bangweulu Wetlands, e e leng karolo ya Letsha la Bangweulu. Kwa bokhutlong jwa paka ya dipula ka Motsheganong, noka eno e nna le merwalela e e dirang gore mafelo a a bongola a tlale gape e bo e khurumetsa naga e e nang le bojang ya Zambezia kwa borwabotlhaba. Metsi a tswa mo mafelong a a bongola jaaka Noka ya Luapula. [1]

Mo sekgaleng sa dikilometara tse di fetang lekgolo tsa boleele jwa yone fa e ntse e elela go ya kwa botlhaba jwa Kasama, noka eno e na le melatswana e le mentsi mo mafelong a a nang le metsi a a bophara jwa dikilometara di ka nna pedi, mo lefelong le le nang le merwalela le le bophara jwa dikilometara di le masome a mabedi le botlhano. Kwa tlase ga noka, fa e kgoreletswang ke tsela ya Kasama-Mpika le Seporo sa Tazara, mosele o mogolo wa leruri o bophara jwa dimetara di le lekgolo100 , le go fitlha go di le makgolo a mane ka nako ya merwalela.[2]

Noka ya Chambeshi ke yone e e kafa botlhaba thata e e bontshitsweng ka bohibidu.
  1. Brian Leith (Director):"Congo", Television Documentary broadcast by British Broadcasting Corporation, London, 2001.
  2. Google Earth accessed 4 February 2007