Jump to content

Noka ya Congo

Go tswa ko Wikipedia
Noka ya Congo go bapa le Kisangani

Noka ya Congo,[1] e e neng e itsege gape jaaka Noka ya Zaire, ke noka ya bobedi e telele mo Afrika, e khutshwane fela go na le Noka ya Nile, gape ke noka ya boraro e tona mo lefatsheng ka bontsi jwa metsi, morago ga dinoka tsa Amazon le Ganges-Brahmaputra. Ke noka e e boteng go gaisa tsotlhe mo lefatsheng, e na le boteng jwa dimetara di le makgolo a mabedi le masome a mabedi. [2]Noka ya Congo - Lualaba -Luvua- Luapula -Chambeshi e boleele jwa dikhilometara tse dikete tse nne le makgolo a supa(2,900 mi), e e dirang gore e nne noka ya borobongwe e telele mo lefatsheng. Noka ya Chambeshi ke nngwe ya dinoka tse di tsenang mo nokeng ya Lualaba, mme Lualaba ke leina la noka ya Congo e e elelang go tswa kwa Diphororo tsa Boyoma , e e nang le boleele jwa dikilometara di le sekete le makgolo a robabobedi.

Fa noka ya Congo e lekanngwa le noka ya Lualaba, e leng yone e e elelang go e feta, e boleele jwa dikilometara di le dikete tse nne,makgolo a mararo le masome a supa. Ke yone fela noka e tona e e kgabaganyang ekhweitha gabedi.[3] Molapo wa Congo o boleele jwa dikilometara tse di ka nnang 4 000 000 (1,500 000 mi2), kgotsa 13% ya lefatshe lotlhe la Afrika.

Leina Congo/Kongo le tswa mo Bogosing jwa Kongo jo bo kileng jwa bo bo le mo lotshitshing lo lo kwa borwa jwa noka eno. Bogosi jono bo ne jwa tewa leina ka ntlha ya batho ba ba tlholegileng koo ba Ba-Bantu Kongo, ba ba neng ba itsege mo lekgolong la bo lesome le bosupa la dingwaga e le "Esikongo". [4] Borwa jwa Bogosi jwa Kongo bo ne bo na le bogosi jwa Kakongo jo bo neng bo bidiwa ka leina le le tshwanang, jo bo umakilweng ka ngwaga wa sekete,makgolo a matlhano le masome a mararo le botlhano. Abraham Ortelius o ne a kwala "Manicongo" jaaka toropo mo molomong wa noka mo mmapeng wa gagwe wa lefatshe wa ngwaga wa sekete,makgolo a matlhano le masome a marataro le bone.[5] Maina a merafe kwa Kongo a ka tswa a tswa mo lefokong le le rayang kopano ya setšhaba kgotsa kopano ya morafe. Leina la segompieno la batho ba Kongo kgotsa Bakongo le ne la tlhagisiwa kwa tshimologong ya ngwagakgolo wa bo maosme a mabedi.

Leina la Zaire le tswa mo puong ya Sepotokisi ya lefoko la Sekikongo, nzere ("noka"), e leng go khutshwafadiwa ga nzadi o nzere ("noka e e kometsang dinoka").[6] Noka e ne e itsege jaaka Zaire ka nako ya ngwagakgolo wa bo lesome le borataro le wa bo lesome le bosupa; go lebega Congo e emisitse Zaire ka bonya ka bonya mo tirisong ya Sekgowa ka nako ya ngwagakgolo wa bo lesome le borobabobedi, mme Congo ke leina la Sekgowa le le rategang mo dibukeng tsa ngwagakgolo wa bo lesome le borobabongwe, le fa go buiwa ka Zahir kgotsa Zaire jaaka leina le le dirisiwang ke banni ba ne ba ntse ba tlwaelegile. [7] Democratic Republic of the Congo le Republic of the Congo di reeletswe ka yone, jaaka e ne e le Rephaboliki ya pele ya Congo e e neng ya bona boipuso ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro go tswa kwa Belgian Congo. Rephaboliki ya Zaire ka ngwaga wa 1971-1997 le yone e ne ya bidiwa ka leina la noka ka Sefora le Sepotokisi.

  1. Kongo: Nzâdi Kôngo, Swahili: Mto Kongo, French: Fleuve Congo, Portuguese: Rio Congo
  2. Oberg, Kevin (July 2008). "Discharge and Other Hydraulic Measurements for Characterizing the Hydraulics of Lower Congo River, July 2008" (PDF). U.S. Geological Survey. Archived (PDF) from the original on 15 October 2011. Retrieved 14 March 2012.
  3. Forbath 1979, p. 6. "Not until it crosses the Equator will it at last turn away from this misleading course and, describing a remarkable counter-clockwise arc first to the west and then to the southwest, flow back across the Equator and on down to the Atlantic. In this the Congo is exceptional. No other major river in the world crosses the Equator even once, let alone twice."
  4. Anderson, David (2000). Africa's Urban Past. James Currey Publishers. p. 79. ISBN 978-0-85255-761-7. Archived from the original on 22 December 2017. Retrieved 4 May 2017.
  5. Manikongo was properly the title of the kings of Kongo; their capital was at the site of modern M'banza-Kongo, capital of Angola's northwestern Zaire Province. Ortelius had no knowledge of the orography of Africa and drew fictitious courses for its rivers; his Congo upstream of its estuary turns sharply south, flowing through what would correspond to Angola and Botswana.
  6. Forbath 1979, p. 19.
  7. • •